Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nkgo e e Kwadilweng Leina la mo Baebeleng

Nkgo e e Kwadilweng Leina la mo Baebeleng

Ka 2012 baithutamarope ba ne ba itumelela go ribololwa ga nkgo e e thubegileng e e nang le dingwaga di le 3 000. Ke eng se se neng se kgatlha ka nkgo eno? E ne e se nkgo eno ka boyone mme e ne e le se se neng se kwadilwe mo go yone.

Fa baithutamarope ba sena go kopanya dikgapetla tsa nkgo eno, ba ne ba kgona go lemoga mokwalo wa bogologolo wa kwa Kanana o o neng o kwadilwe mo go yone. O ne o re: “Eshba’al Ben [morwa] Beda’.” Leno ke lekgetlo la ntlha baithutamarope ba fitlhela leina leno mo selong sa bogologolo se se ribolotsweng.

Tota e bile, Baebele e bua ka mongwe yo o neng a bidiwa Eshebaale. E ne e le mongwe wa bomorwa Kgosi Saulo. (1 Ditir. 8:33; 9:39) Porofesa Yosef Garfinkel yo e leng mongwe wa batho ba ba ribolotseng nkgo eo, a re: “Go a kgatlha gore leina Eshebaale le tlhaga mo Baebeleng fela ka nako ya puso ya ga Kgosi Dafide mme gone jaanong le tlhaga gape mo dipegong tsa baithutamarope.” Bangwe ba akanya gore leina leno le ne le dirisiwa fela ka nako eo. Go ribololwa ga nkgo eno ke sekai se sengwe se se bontshang gore Baebele e dumalana le bosupi jo baithutamarope ba bo ribolotseng.

Mo Baebeleng leina Eshebaale gape le bidiwa Isheboshethe, mme go dirisitswe “boshethe” mo boemong jwa “baale.” (2 Sam. 2:10) Ka ntlha yang? Babatlisisi ba a re: “Mo bukeng ya Samuele wa bobedi, ga go bonale mokwadi a ne a batla go dirisa leina Eshebaale ka gonne le ne le tshwana le la modimo wa kwa Kanana wa pula e bong Baale, mme leina la ntlhantlha . . . le teng mo Bukeng ya Ditiragalo.”