Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Batla go Itse Nnete?

A o Batla go Itse Nnete?

Go itse nnete go botlhokwa e bile go ka boloka botshelo jwa gago. Ka sekai, akanya ka fa go re thusitseng ka gone go Itse kafa malwetse a a kotsi a tshelanwang ka gone.

Go fetile dingwagangwaga batho ba sa itse gore malwetse a bakwa ke eng kgotsa a tshelanwa jang. Mme ka ntlha ya seo, go ile ga swa batho ba le bantsi. Mme fa nako e ntse e ya, baitsesaense ba ile ba bona gore ke eng se se bakang malwetse. Ba ile ba lemoga gore malwetse a le mantsi a bakiwa ke megare kgotsa dibaketeria le dibaerase. Go itse gore malwetse a bakiwa ke eng go ile ga thusa batho go bona kalafi le go itse gore ba ka itshireletsa jang gore ba se ka ba tsenwa ke malwetse mme seo se ile sa ba thusa gore ba itumelele botshelo le go nna le botsogo jo bo siameng.

Mme gone, go itse dikarabo tsa dipotso tseno go ka go thusa jang?

  • Modimo ke mang?

  • Jesu Keresete ke mang?

  • Bogosi Jwa Modimo ke eng?

  • Botshelo bo tla nna jang mo nakong e e tlang?

Batho ba le bantsi ba ile ba bona dikarabo tsa dipotso tseno mme ba ile ba tokafatsa tsela e ba tshelang ka yone. Le wena, go itse dikarabo tsa dipotso tseno go ka go thusa.

A O KA KGONA GO ITSE NNETE?

O ka tswa o ipotsa gore, ‘A go a kgonega go itse nnete ka dipotso tse ke nang le tsone?’ Goreng go le thata go itse nnete ka dipotso dingwe tse o nang le tsone?

Batho ba le bantsi ga ba dumele gore dipuso, dikgwebo kgotsa babegadikgang ba ka ba bolelela nnete. Batho ga ba kgone go farologanya nnete le maaka mo dilong tse ba di utlwang kgotsa tse ba di bonang mo metsweding ya tshedimosetso. E re ka batho ba sa tshepane e bile tshedimosetso ya maaka e tletse gongwe le gongwe, batho ga ba tlhole ba itse gore ke eng se se boammaaruri le se se seng boammaaruri le gore tshedimosetso eo e ba ama jang.

Le fa gone re lebana le dikgwetlho tseno, re sa ntse re ka bona dikarabo tse di boammaaruri ka botshelo. Re ka di bona jang? Ka go dirisa mekgwa e re e dirisang letsatsi le letsatsi fa re batla go itse tsedimosetso nngwe.

BATLA BOAMMAARURI

Le fa o ka tswa o sa lemoge, letsatsi le letsatsi o nna o batla go itse boammaaruri ka kgang nngwe. Ela tlhoko sekai seno sa ga Jessica. Jessica a re: “Fa ngwanake a ja matonkomane o lwala thata jaana mo e leng gore a ka swa le fa a ka a ja go le gonnye fela.” Jessica o dira sotlhe se a ka se kgonang gore a reke dijo tse di siamentseng ngwana wa gagwe. A re: “Selo sa ntlha se ke se dirang ke go bala ka kelotlhoko se se kwadilweng mo sengweng se ke se rekang go bona gore go ile ga tsenngwa eng fa se ne se diriwa. Go tswa foo, ke dira dipatlisiso tse di tselenetseng ke bo ke founela khamphani e e dirileng selo seo go tlhomamisa gore sejo seo ga se a kopana gope le matonkomane. Gape ke dira dipatiliso mo metsweding e e tshepagalang go bona gore a nka ikanya khamphani eo.”

O ka tswa o sa tlhoke go dira dipatliso tse di tseneletseng jaaka Jessica mme gone, fela jaaka Jessica le wena o ka dirisa dintlha tse latelalang go bona dikarabo tsa dipotso tsa gago:

  • Batla dintlha.

  • Dira dipatlisiso tse di oketsegileng.

  • Tlhomamisa gore metswedi e o dirileng dipatlisiso mo go yone e ikanyega.

Dintlha tseno di ka go thusa go bona dikarabo tse di botlhokwa ka botshelo. Jang?

BUKA E E SA TSHWANENG LE EPE

Fa Jessica a ne a batla go ithuta boammaaruri jo bo mo Baebeleng, o ile a dirisa mokgwa o a o dirisang fa a batla go itse gore dijo tse a di rekang di siametse ngwana wa gagwe. Jessica a re: “Go bala Baebele le go dira dipatlisiso tse di tseneletseng, go nthusitse go itse se Baebele e se rutang.” Jaaka Jessica, batho ba le bantsi ba ile ba bona dikarabo tsa dipotso tseno mo Baebeleng:

  • Goreng re tshela?

  • Go diragalang ka rona fa re swa?

  • Goreng re boga?

  • Modimo o dira eng go fedisa mathata a re lebanang le one?

  • Re ka dira eng gore go nne le boitumelo mo lapeng?

O ka bona dikarabo tsa dipotso tseno le tse dingwe ka go bala Baebele le go dira dipatlisiso mo www.ps8318.com/tn.