Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Josefa wa Arimathea—O Tsaya Kgato

Josefa wa Arimathea—O Tsaya Kgato

JOSEFA WA ARIMATHEA o ne a sa dumele gore a ka nna le bopelokgale jwa go bua le mmusi wa Roma. Ponto Pilato o ne a itsege e le motho yo o tlhogoethata. Le fa go ntse jalo, gore Jesu a tle a fitlhwe ka seriti, go ne go tlhokega mongwe yo o ka kopang mmele wa ga Jesu mo go Pilato. Fa Josefa a ne a kopana le Pilato, ga go a ka ga nna thata jaaka a ne a akantse. Fa Pilato a sena go tlhomamisa gore Jesu o sule, o ne a naya Josefa tetla ya go tsaya mmele wa ga Jesu. Ka jalo, le fa gone Josefa a ne a sa ntse a hutsafetse, o ne a itlhaganelela kwa Jesu a bolaetsweng teng.—Mar. 15:42-45.

  • Josefa wa Arimathea e ne e le mang?

  • O ne a amana jang le Jesu?

  • Ke eng fa o tshwanetse go kgatlhegela go itse ka pego ya gagwe?

LELOKO LA SANEHEDERINE

Efangele e e tlhotlheleditsweng ya ga Mareko ya re Josefa e ne e le “leloko le le tseelwang kwa godimo la Lekgotla.” Mo kgannyeng eno, Lekgotla leo e ne e le la Sanehederine e leng kgotlatshekelo e e kgolo ya Bajuda le setlhopha sa yone se se laolang. (Mar. 15:1, 43) Ka jalo, Josefa e ne e le mongwe wa baeteledipele ba motse, ke gone ka moo a ileng a kgona go kopana le mmusi wa Roma. Ga go pelaelo gore Josefa le ene o ne a humile.—Math. 27:57.

A o na le bopelokgale jwa go bolelela batho gore Jesu ke Kgosi ya gago?

Maloko a Sanehederine a ne a tlhoile Jesu. Maloko ano a ne a loga leano la go mmolaya. Le fa go ntse jalo, Josefa o bidiwa “monna yo o molemo le yo o siameng.” (Luke 23:50) Go farologana le tsela e bontsi jwa maloko a Sanehederine a neng a itshwara ka yone, Josefa ene o ne a ikanyega, a na le boitsholo jo bo siameng e bile o ne a dira sotlhe se a ka se kgonang go ikobela ditaelo tsa Modimo. Gape o ne a “letetse bogosi jwa Modimo” mme seo e ka tswa e le lebaka la go bo a ile a nna morutwa wa ga Jesu. (Mar. 15:43; Math. 27:57) A ka tswa a ne a rata molaetsa wa ga Jesu ka gonne go bua boammaaruri le go dira tshiamo go ne go le botlhokwa mo go ene.

MORUTWA WA GA JESU WA MO SEPHIRING

Johane 19:38 ya re Josefa e ne “e le morutwa wa ga Jesu mme a loba seno ka ntlha ya go bo a boifa Bajuda.” Josefa o ne a tshaba eng? O ne a itse gore Bajuda ba ne ba tlhoile Jesu le gore ba ne ba ikemiseditse gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go Jesu, ba mo leleke mo sinagogeng. (Joh. 7:45-49; 9:22) Fa motho a ne a lelekwa mo sinagogeng, o ne a sotliwa ka mafoko, a itlhokomolosiwa e bile Bajuda ba bangwe ba ne ba sa mo tshware sentle. Ke ka moo, Josefa a neng a okaoka go ba bolelela gore o dumela mo go Jesu. Fa a ne a ka ba bolelela, o ne a ka latlhegelwa ke maemo a gagwe le tiro.

Josefa e ne e se ene fela yo o neng a le mo seemong seo se se thata. Go ya ka Johane 12:42, “ba le bantsi le babusi tota, ba ne ba dumela mo go ene, mme ka ntlha ya Bafarasai, ba ne ba sa bolele fa ba dumela mo go ene, gore ba se ka ba lelekwa mo sinagogeng.” Motho yo mongwe yo o ne neng a le mo seemong se se tshwanang le sa ga Josefa, e ne e le Nikodemo yo le ene e neng e le leloko la Sanehederine.—Joh. 3:1-10; 7:50-52.

Le fa gone Josefa e ne e le morutwa, o ne a sa kgone go bolelela batho gore ke morutwa wa ga Jesu. Seo e ne e le bothata jo bogolo ka gonne Jesu o ne a re: “Mongwe le mongwe . . . yo o ipolelang gore o seoposengwe le nna fa pele ga batho, ruri le nna ke tla ipolela ke le seoposengwe le ene fa pele ga ga Rre yo o kwa magodimong; mme le fa e le mang yo o intatolang fa pele ga batho, ruri le nna ke tla mo itatola fa pele ga ga Rre yo o kwa magodimong.” (Math. 10:32, 33) Tota Josefa ga a ka a itatola Jesu mme gone, o ne a sena bopelokgale jwa go bolelela batho gore ke morutwa wa ga Jesu. A wena o na le jone?

Josefa o ne a dira sengwe se se molemo, Baebele e tlhalosa gore ga a ka a ema nokeng maloko a Sanehederine a a neng a le kgatlhanong le Jesu. (Luke 23:51) Go ya ka se batho ba bangwe ba se buang, gongwe Josefa o ne a seyo fa Jesu a ne a sekisiwa. Le fa mabaka e ka tswa e le afe, Josefa o tshwanetse a bo a ne a utlwisitswe botlhoko ke tshiamololo e Jesu a e diretsweng e bile go ne go se na sepe se a neng a ka se dira.

JOSEFA O TLOGELA GO OKAOKA

Ka nako ya fa Jesu a ne a bolawa, go lebega Josefa a ne a sa tlhole a boifa batho mme o ne a dira tshwetso ya go ema nokeng barutwa ba ga Jesu. Tshwetso eo e bonala sentle mo mafokong a a mo go Mareko 15:43 a a reng: “A nna pelokgale go tsena a ya fa pele ga ga Pilato mme a mo kopa mmele wa ga Jesu.”

Go bonala Josefa a ne a le teng fa Jesu a ne a bolawa. Pele Pilato a itse gore Jesu o sule, Josefa ene o ne a setse a itse. Ka jalo, fa Josefa a ne a kopa Pilato gore a mo neye mmele wa ga Jesu, Pilato “o ne a ipotsa gore a [Jesu] o ne a setse a sule.” (Mar. 15:44) Fa e le gore Josefa o bone Jesu a swa setlhogo mo koteng ya tlhokofatso, a tiragalo eo e e botlhoko e ne ya mo tlhotlheletsa gore a bolelele batho gore ke morutwa wa ga Jesu? Go ka direga. Kwa bofelong, Josefa o ne a tsaya kgato. Ga a ka a tlhola a loba gore ke morutwa wa ga Jesu.

JOSEFA O FITLHA JESU

Go ya ka molao wa Bajuda, batho ba ba neng ba atlholetswe loso ba ne ba tshwanetse go fitlhwa pele letsatsi le dikela. (Dute. 21:22, 23) Mme Baroma bone ba ne ba dumela gore batho ba ba atlholetsweng loso ba tshwanetse go tlogelwa mo koteng go fitlha ba bola kgotsa ga ba a tshwanela go fitlhwa ka tsela e e tlotlegang. Mme Josefa o ne a sa batle gore Jesu a fitlhwe ka tsela eo. Josefa o ne a na le lebitla le le gabilweng mo lefikeng gaufi le kwa Jesu a bolaetsweng teng. E re ka lebitla leno le ne le ise le ko le dirisiwe, seo se ka raya gore Josefa o ne a sa tswa go fudugela kwa Jerusalema a tswa Arimathea * le gore o ne a ikaeletse go fitlha ba lelapa la gagwe mo go lone. (Luke 23:53; Joh. 19:41) Josefa o ne a bontsha bopelonomi ka go fitlha Jesu mo lebitleng la gagwe mme gape o ne a diragatsa boporofeti jo bo reng Mesia o ne a tla fitlhwa le “bahumi.”—Isa. 53:5, 8, 9.

A go na le sengwe se o se tseelang kwa godimo thata go feta kamano ya gago le Jehofa?

Diefangele tsotlhe tse nnê di tlhalosa gore mmele wa ga Jesu o ne wa ntshiwa mo koteng mme Josefa o ne a o phuthela ka leloba le le boleta a bo a o baya mo lebitleng la gagwe. (Math. 27:59-61; Mar. 15:46, 47; Luke 23:53, 55; Joh. 19:38-40) Motho yo o umakiwang gore o ne a thusa Josefa, ke Nikodemo yo o neng a tlisa ditswaiso tsa phitlho. E re ka banna bano ba ne ba tseelwa kwa godimo, ga go bonale fa e ne e le bone ba neng ba phuthela mmele wa ga Jesu ba bo ba o isa kwa lebitleng. Go bonala ba ile ba dirisa batlhanka go dira tiro eo. Le fa gone ba ile ba dirisa batlhanka, tiro e banna bano ba babedi ba neng ba e dira e ne e se tiro e e potlana. Motho ope fela yo o neng a tshwara setopo, o ne a itshekologa malatsi a le supa e bile sengwe le sengwe se a neng a se tshwara le sone se ne se tsewa se itshekologile. (Dipa. 19:11; Hag. 2:13) Go itshekologa go ne go tla dira gore ba se ka ba letlelelwa go kopana le batho ba bangwe ka beke ya moletlo wa Tlolaganyo le go e keteka. (Dipa. 9:6) Fa Josefa a ne a rulaganya phitlho ya ga Jesu, seo se ne se tla dira gore a tlhoiwe ke maloko a mangwe a Sanehederine. Le fa go ntse jalo, o ne a iketleeleditse go emelana le ditlamorago tsa go fitlha Jesu ka seriti le go ipolela fa e le morutwa wa ga Keresete.

GO ILE GA FELELA JANG KA JOSEFA?

Morago ga loso lwa ga Jesu, Baebele ga e bue sepe ka Josefa wa Arimathea. Go ne ga felela jang ka ene? Tota ga re itse. Le fa go ntse jalo, go ya ka se re sa tswang go tlotla ka sone, go bonala a ka tswa a ile a bolelela batho gore ke Mokeresete. Tota e bile, ka nako eo e e thata o ile a bontsha gore o pelokgale le gore tumelo ya gagwe e nonofile. Seo e ne e le sesupo se se molemo sa gore o ne a sa tlhole a tshaba batho.

Pego eno e tsosa potso e rotlhe re tshwanetseng go ipotsa yone: A go na le sengwe se re se tseelang kwa godimo thata go feta kamano ya rona le Jehofa e ka tswa e le maemo, tiro, dithoto, ba malapa a rona kgotsa kgololesego ya rona?

^ ser. 18 Arimathea e ka tswa e le motse wa Rama o gompieno o bidiwang Rentis (Rantis). Motse ono e ne e le kwa moporofeti Samuele a neng a nna teng mme o ne o le dikilometara di ka nna 35 go tswa Jerusalema.—1 Sam. 1:19, 20.