Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mosadi yo o botlhale o reetsa segakolodi sa gagwe

BAEBELE YA RENG?

Go Senya Mpa

Go Senya Mpa

Ngwaga le ngwaga bana ba le dimilione di le masome ba ba iseng ba tsholwe ba bolawa ka boomo. Palo eo e feta ya banni ba dinaga di le dintsi.

A eno ke tshwetso ya motho kgotsa ke selo se se sa siamang?

SE BANGWE BA SE BUANG

Basadi ba ba senyang mpa ba dira jalo ka ntlha ya mabaka a a farologaneng a a jaaka mathata a ikonomi, go sa utlwane le rraagwe ngwana, go batla go tsweletsa dithuto, mmereko kgotsa go sa batle go godisa ngwana a le esi. Ba bangwe bone ba tsaya go senya mpa e le selo se se sa siamang.

SE BAEBELE E SE BUANG

Modimo o tsaya botshelo bo le boitshepo. (Genesise 9:6; Pesalema 36:9) Seno se akaretsa le botshelo jwa lesea le le sa ntseng le le mo popelong ya mmaalone. Mokwadi mongwe wa Baebele o ne a opela jaana a baka Modimo: “O ne wa mpoloka ke bipilwe mo sebopelong sa ga mmè.” Gape o ne a re: “Matlho a gago a ne a mpona ke le losea lo lo mo popelong, mme dikarolo tsotlhe tsa lone di ne di kwadilwe mo bukeng ya gago, malebana le malatsi a di bopilweng ka one.”—Pesalema 139:13, 16.

Molao o Modimo a neng a o naya setšhaba sa Iseraele o re bontsha tsela e Modimo a lebang lesea le le iseng le tsholwe ka teng. Molao wa Modimo o ne o laela gore motho yo o gobatsang mosadi yo o imileng mme ngwana wa mosadi yoo a bo a swa, o ne a tshwanetse go bolawa. (Ekesodo 21:22, 23) Mme gone baatlhodi ba ne ba tshwanetse go sekaseka tiragalo eo go bona gore a motho yoo o dirile ka boomo kgotsa e ne e le phoso fela.—Dipalo 35:22-24, 31.

Modimo o re bopile re na le digakolodi. Fa mosadi a reetsa segakolodi sa gagwe a bo a sa bolaye ngwana ka go senya mpa, segakolodi sa gagwe ga se kitla se mo tshwenya. * Fa a dira dilo tse di kgatlhanong le segakolodi sa gagwe, se ka mo tshwenya. (Baroma 2:14, 15) Tota e bile, dipatlisiso di bontsha gore basadi ba ba senyang mpa ba nna le mathata a go tshwenyega thata le go gatelelwa mo maikutlong.

Mme motho o tshwanetse go dirang fa a bona e kete go tlile go nna thata go godisa ngwana segolobogolo fa a imile a ne a sa ikaelela? Baebele e bua jaana malebana le se Modimo a se solofetsang batho ba ba tshelang go ya ka melao ya gagwe: “O tla dira ka boikanyegi le motho yo o ikanyegang; o tla dirisana le motho yo o se nang molato, yo o nonofileng ka go tlhoka molato.” (Pesalema 18:25) Gape Baebele ya re: “Jehofa ke morati wa tshiamiso, mme ga a na go tlogela batho ba gagwe ba ba ikanyegang.”—Pesalema 37:28.

“Segakolodi sa bone se naya bosupi kaga bone e bile, mo gare ga dikakanyo tsa bone, ba a latofadiwa kgotsa ga ba bonwe molato.”Baroma 2:15.

Go tweng fa o setse o kile wa senya mpa?

SE BANGWE BA SE BUANG

Ruth yo o godisang bana a le nosi a re: “Ke setse ke na le bana ba bararo mme ke ne ke se kitla ke kgona go tlhokomela wa bonê. Mme fa ke sena go senya mpa, ke ile ka ikutlwa ke le molato tota.” * A Ruth o ne a dirile selo se Modimo a se kitlang a mo itshwarela sone?

SE BAEBELE E SE BUANG

Jesu Keresete o ne a tlhalosa tsela e Modimo a ikutlwang ka yone fa a ne a re: “Ke tlile go biletsa, e seng batho ba ba siameng, mme baleofi kwa boikwatlhaong.” (Luke 5:32) Fa re ikwatlhaela boleo jo re bo dirileng, re bo re kopa Modimo gore a re itshwarele, o tla dira jalo le fa maleo a rona a le masisi. (Isaia 1:18) Pesalema 51:17 ya re: “Pelo e e phatlogileng le e e gateletsweng, wena Modimo, ga o kitla o e nyatsa.”

Fa motho a ikwatlhaya a bo a rapela, Modimo o kgona go mo thusa gore a nne le segakolodi se se siameng le go dira gore a se ka a tshwenyega thata mo maikutlong. Bafilipi 4:6, 7 ya re: “Ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo.” * Ruth o ne a ikutlwa jalo fa a sena go ithuta Baebele le go rapela Modimo ka pelo yotlhe. O ile a ithuta gore ruri Modimo o kgona go itshwarela motho.—Pesalema 130:4.

[Modimo] ga a re direla kafa maleong a rona; le gone ga a re tlisetsa se se re tshwanelang kafa ditlolong tsa rona.”Pesalema 103:10.

^ ser. 8 Mosadi ga a tshwanela go senya mpa fela ka gonne a akanya gore botshelo jwa gagwe kgotsa jwa ngwana yo a iseng a tsholwe bo ka tswa bo le mo kotsing. Ka nako ya fa mosadi a belega mme dingaka di bo di re ngwana kgotsa mmaagwe o tlile go tlhokafala, banyalani ke bone ba dirang tshwetso ya gore a ke go swe ngwana kgotsa mmaagwe. Mme boemo jo bo ntseng jalo bo direga sewelo ka ntlha ya diphetogo tse di nnileng gone mo go tsa kalafi.

^ ser. 12 Leina le fetotswe.

^ ser. 14 Tsholofelo ya gore baswi ba tla tsosiwa e ka thusa motho gore a se ka a tshwenyega thata. Bona setlhogo se se reng “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa April 15, 2009 se se buang ka melaometheo ya Baebele malebana le gore a losea le le tlhokafalang le ise le tsholwe le tla tsosiwa mo baswing.