Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

GO THUSA LELAPA | BASHA

Fa o Tlhokafaletswe ke Motsadi

Fa o Tlhokafaletswe ke Motsadi

KGWETLHO

Fa Dami a le dingwaga di le thataro, rraagwe o ne a bolawa ke bolwetse jwa go ruruga ditshika tsa boboko. Derrick o ne a na le dingwaga di le robongwe fa rraagwe a bolawa ke bolwetse jwa pelo. Fa Jeannie a na le dingwaga di le supa, mmaagwe o ne a bolawa ke bolwetse jwa kankere ya popelo jo go fetileng ngwaga bo mo tshwere. *

Basha bano ba bararo ba ne ba tlhokafalelwa ke mongwe yo ba mo ratang ba sa ntse ba le bannye. A o kile wa diragalelwa ke se se tshwanang? Fa e le gore go ntse jalo, setlhogo seno se ka go gomotsa. * Le fa go ntse jalo, a re sekaseke dintlha di le mmalwa tse di buang ka go utlwa botlhoko thata.

SE O TSHWANETSENG GO SE ITSE

Batho ba utlwa botlhoko ka ditsela tse di farologaneng. Seno se raya gore tsela e o bontshang gore o utlwile botlhoko ka yone, e ka farologana le ya batho ba bangwe. Buka ya Helping Teens Cope With Death ya re: “Ga go na melao e e beilweng kgotsa tsela e motho a tshwanetseng go itshwara ka yone fa a tlhokafaletswe.” Sa botlhokwa ke gore o se ka wa fitlha tsela e o ikutlwang ka yone. Goreng? Ka gonne . . .

Go fitlha tsela e o ikutlwang ka yone go kotsi. Jeannie yo go builweng ka ene kwa tshimologong a re: “Ke ne ke tsaya gore ke tshwanetse go gomotsa nnake wa mosetsana, ka jalo, ke ne ke sa batle a bona gore ke utlwile botlhoko. Tota le gompieno fa ke utlwile botlhoko, ga ke batle gore batho ba lemoge, mme seo se ka koafatsa botsogo jwa me.”

Baitseanape ba dumalana le seo. Buka ya The Grieving Teen ya re: “O ka se fitlhe tsela e o ikutlwang ka yone go ya go ile. Ditlamorago tsa go sa bontshe gore o utlwile botlhoko di tla bonala moragonyana o sa solofela. O ka feleletsa o gateletswe thata mo maikutlong kgotsa o lwala thata.” Go fitlha tsela e o ikutlwang ka yone go ka dira gore o nwe bojalwa ka tsela e e feteletseng kgotsa o dirise diritibatsi ka tsela e e sa siamang fela ka gonne o batla go fokotsa kutlobotlhoko.

Go tlhakatlhakana maikutlo go ka go hutsafatsa thata. Ka sekai, batho ba bangwe ba galefela motho yo o tlhokafetseng ka gonne ba tsaya gore o ba “latlhile.” Ba bangwe ba latofatsa Modimo gore ga a ka a thibela loso. Ba bangwe ba ipona molato ka gonne ba dirile kgotsa ba reile motho yo o tlhokafetseng dilo tse di sa siamang mme ga ba tlhole ba kgona go baakanya dilo tseo.

Ruri go hutsafala go ka go tlhakanya tlhogo. O ka gomodiwa le go thusiwa ke eng gore o tswelele ka botshelo?

SE O KA SE DIRANG

Bolelela mongwe. Fa o lebane le seemo seno se se thata, o ka nna wa batla go itlhaola. Mme fa o bolelela mongwe wa lelapa kgotsa tsala ka tsela e o ikutlwang ka yone, seno se ka go thusa gore o se ka wa tlhakatlhakana maikutlo le gore o seka wa fekeediwa ke khutsafalo.—Molaomotheo wa Baebele: Diane 18:24.

Kwala mo bukeng. Kwala ka motsadi yo o tlhokafetseng. Ka sekai, ke eng se o se ratang thata se o se gopolang ka ene? Kwala mekgwa ya gagwe e e rategang. O ka rata go nna le mekgwa efe e e tshwanang le ya gagwe?

Fa o tlhakatlhakana maikutlo kgotsa fa o nna le dikakanyo tse di sa siamang, kwala gore o ikutlwa jang le gore goreng o ikutlwa jalo. Ka sekai, fa e le gore o nna o akanya ka mafoko a a sa siamang a o a reileng motsadi pele a tlhokafala, o ka kwala jaana: “Ke ikutlwa molato ka gonne ke ile ka ngangisana le motsadi wa me pele a tlhokafala.”

Go tswa foo, sekaseka gore a go siame go ikutlwa molato jalo. Buka ya The Grieving Teen ya re: “O ka se nnele go ipona molato o ntse o itse gore ga o kitla o bona tshono ya go kopa maitshwarelo. Ga go utlwale go solofela gore motho a se ka a bua kgotsa a dira sepe se se ka dirang gore a kope maitshwarelo.”—Molaomotheo wa Baebele: Jobe 10:1.

Itlhokomele. Ikhutse mo go lekaneng, o ikatise o bo o je dijo tse di nang le dikotla. Fa o se na keletso ya dijo, ja sengwe se se motlhoswana nako le nako, mme se na le dikotla go fitlha o kgona go ja dijo tse di siameng. O se ka wa ikgomotsa ka dijo tse di se nang dikotla kgotsa bojalwa ka gonne di tla dira gore maemo a nne maswe le go feta.

Rapela. Baebele ya re: “Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa, mme ene o tla go tshegetsa.” (Pesalema 55:22) Thapelo ga se selo fela se se ka dirang gore o ikutlwe botoka. Ke puisano ya mmatota le Modimo “yo o re gomotsang mo pitlaganong yotlhe ya rona.”—2 Bakorintha 1:3, 4.

Modimo o dirisa Baebele go gomotsa batho ba ba hutsafetseng. Goreng o sa sekaseke gore Baebele ya reng ka batho ba ba tlhokafetseng le ka tsholofelo ya gore ba tla tsosiwa? *Molaomotheo wa Baebele: Pesalema 94:19.

^ ser. 4 O ka bala mo go oketsegileng ka se se diragaletseng Dami, Derrick, le Jeannie mo setlhogong se se latelang.

^ ser. 5 Le fa setlhogo seno se bua ka go tlhokafalelwa ke motsadi, dintlha tsa sone di ka go thusa fa o tlhokafaletswe ke monnao, mogoloo kgotsa tsala.