Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsamaya mo ‘Tselaneng ya Thokgamo’

Tsamaya mo ‘Tselaneng ya Thokgamo’

Tsamaya mo ‘Tselaneng ya Thokgamo’

MOPOROFETI ISAIA o ne a re: “Go tla nna molemo ka mosiami, gonne ba tla ja maungo a ditiro tsa bone.” Gape Isaia o ne a re: “Tselana ya mosiami ke thokgamo.” (Isaia 3:10; 26:7) Go bonala sentle gore fa re batla ditiro tsa rona di nna le maungo a a molemo, re tshwanetse ra dira se se siameng mo matlhong a Modimo.

Le fa go ntse jalo, re ka tsamaya jang mo tselaneng ya thokgamo? Re ka lebelela go bona melemo efe fa re dira jalo? Mme ba bangwe ba ka solegelwa molemo jang fa re tshela tumalanong le ditekanyetso tsa Modimo tsa tshiamo? Mo go kgaolo 10 ya buka ya Baebele ya Diane, Kgosi Solomone wa Iseraele ya bogologolo o naya dikarabo tsa dipotso tseno fa a bontsha pharologanyo fa gare ga basiami le baikepi. Fa a dira jalo, o dirisa polelwana “mosiami [basiami]” makgetlho a le 13. Makgetlho a le robongwe mo go ano a fitlhelwa mo karolong e e simololang ka temana 15 go ya go 32. Ka jalo re tla kgothadiwa ke go tlhatlhoba Diane 10:15-32. *

Tshwarelela mo Kotlhaong

Solomone o bontsha botlhokwa jwa tshiamo. A re: “Dilo tse di tlhwatlhwakgolo tsa monna wa mohumi ke motse wa gagwe o o nonofileng. Tshenyego ya ba maemo a a kwa tlase ke lehuma la bone. Tiro ya mosiami e felela ka botshelo; maungo a moikepi a felela ka boleo.”Diane 10:15, 16.

Dikhumo di ka sireletsa motho mo maemong mangwe a a sa iketlang a botshelo, fela jaaka motse o o nonofileng o sireletsa ba ba nnang mo go one ka selekanyo se se rileng. Mme lehuma le ka baka tshenyo fa go nna le ditiragalo dingwe tse di sa lebelelwang. (Moreri 7:12) Le fa go ntse jalo, kgosi eno e e botlhale e ka tswa gape e bua ka kotsi e e amang khumo le lehuma. Monna wa mohumi a ka nna a ikanya khumo ya gagwe ka pelo yotlhe, a akanya gore dithoto tsa gagwe tse di tlhwatlhwakgolo di tshwana le “lobota lo lo sireletsang.” (Diane 18:11) Mme motho yo o humanegileng a ka tsaya ka phoso gore ka ntlha ya lehuma la gagwe ga a na isagwe. Ka jalo, ka bobedi jwa bone ga ba itirele leina le lentle le Modimo.

Kafa letlhakoreng le lengwe, le fa motho yo o siameng a ka tswa a na le dithoto di le dintsi kgotsa di se kae, tiro ya gagwe ya tshiamo e mo naya botshelo. Jang? Ebu, o kgotsofalela se a nang naso. Ga a letle seemo sa gagwe sa itsholelo se kgoreletsa boemo jwa gagwe jo bo siameng le Modimo. Le fa motho yo o siameng a ka tswa a humile kgotsa a humanegile, tsela ya gagwe ya botshelo e mo tlisetsa boitumelo gone jaanong le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo isagweng. (Jobe 42:10-13) Moikepi ga a solegelwe molemo le fa a ka huma. Mo boemong jwa gore a anaanele molemo wa khumo eo wa go sireletsa a bo a tshela tumalanong le thato ya Modimo, o dirisa dikhumo tsa gagwe go tshela botshelo jwa boleo.

Kgosi ya Iseraele e tswelela jaana: “Yo o tshwarelelang mo kotlhaong ke tsela ya botshelo, mme yo o tlogelang kgalemelo o baka go kgarakgatshega.” (Diane 10:17) Mokanoki mongwe wa Baebele o akantsha gore temana eno e ka tlhaloganngwa ka ditsela tse pedi. Tsela e nngwe ke gore motho yo o ineelang mo kotlhaong a bo a latelela tshiamo o mo tseleng ya botshelo, mme yo o tlogelang kgalemo o tswa mo tseleng eo. Temana eno gape e ka raya gore “yo o reetsang kotlhao o bontsha [ba bangwe] tsela ya botshelo [ka gonne sekao sa gagwe se se molemo se ba solegela molemo], mme le fa e le mang yo o tlhokomologang kgalemo o dira gore ba bangwe ba kgarakgatshege.” (Diane 10:17, New International Version) Le fa e ka tswa e kaya eng, a bo go le botlhokwa jang gore re tshwarelele kotlhao mme re se ka ra tlogela kgalemo!

Emisetsa Letlhoo ka Lorato

Go tswa foo Solomone o bolela seane se se dikarolo pedi se se nang le mogopolo o o tshwanang, karolo ya bobedi e gatelela ya ntlha. A re: “Kwa go nang le yo o bipang letlhoo go na le dipounama tsa maaka.” Fa motho a tlhoile yo mongwe mo pelong ya gagwe mme a fitlha letlhoo leno ka mafoko a a monatenyana kgotsa a go fora, o a tsietsa—o na le “dipounama tsa maaka.” Kgosi e e botlhale e oketsa jaana: “Yo o tlisang pego e e bosula o sematla.” (Diane 10:18) Mo boemong jwa go fitlha letlhoo la bone, batho ba bangwe ba dira ditatofatso tsa maaka ka motho yo ba mo tlhoileng kgotsa ba anamisa mafoko a a mo kgobotlang. Seno ke boeleele ka gonne pego e e senyang leina tota ga e fetole se motho yoo a leng sone. Mme moreetsi yo o botlhale o tla lemoga gore tota motho yono yo o senyang yo mongwe leina o pelompe a bo a sa tlhole a mo tlotla. Ka jalo yo o anamisang pego e e bosula o ikutlwisa botlhoko ene.

Tsela e e siameng ga se go tsietsa le fa e le go senya leina. Modimo o ne a raya Baiseraele a re: “O se ka wa tlhoa morwarrago mo pelong ya gago.” (Lefitiko 19:17) Mme Jesu o ne a gakolola bareetsi ba gagwe jaana: “Tswelelang lo rate [le] baba ba lona lo bo lo rapelele ba ba lo bogisang; gore lo tle lo itshupe lo le bana ba ga Rraalona yo o kwa magodimong.” (Mathaio 5:44, 45) A bo go le botoka jang ne go tlatsa pelo ya rona ka lorato e seng ka letlhoo!

‘Thiba Dipounama’

Kgosi e e botlhale e gatelela botlhale jwa go laola loleme ka go bolela jaana: “Ga go nke go tlhokega tlolo mo mafokong a mantsi, mme yo o thibang dipounama tsa gagwe o dira ka botlhale.”Diane 10:19.

“Seeleele se bua mafoko a mantsi.” (Moreri 10:14) Mo molomong wa sone “go tswa boeleele.” (Diane 15:2) Seno ga se reye gore mongwe le mongwe yo o buang thata ke seeleele. Mme a bo go le motlhofo jang ne gore motho yo o buang thata a anamise ditshebo kgotsa magatwe a a kotsi! Go senngwa leina, go utlwa botlhoko, go se utlwane le batho, tota le go gobala mo mmeleng gantsi go bakwa ke puo ya boeleele. “Fa mafoko a le mantsi, boleo ga bo ke bo tlhokega.” (Diane 10:19, An American Translation) Mo godimo ga moo, go a tena go nna gaufi le motho yo o sa nkeng a tlhoka se a ka se buang mo kgannyeng le fa e ka nna efe. A re se ka ra nna mafoko mantsi.

Yo o thibang dipounama tsa gagwe ga a iphape mo go bueng maaka fela, mme gape o dira ka botlhale. O akanya pele ga a bua. E re ka a rotloediwa ke go rata ditsela tsa ga Jehofa le keletso ya mmatota ya go thusa mongwe ka ene, o ela tlhoko kafa mafoko a gagwe a tla amang batho ba bangwe ka teng. Mafoko a gagwe a lorato e bile a pelonomi. O tlhatlhanya kafa a ka dirang ka teng gore mafoko a gagwe a itumedise a bo a nne le mosola. Mafoko a gagwe a ntse jaaka “diapole tsa gouta mo dilong tse di setilweng tsa selefera”—ka dinako tsotlhe a buiwa ka botswerere le ka seriti.—Diane 25:11.

“Fudisa ba Bantsi”

Solomone o tswelela pele ka go re: “Loleme lwa mosiami ke selefera e e di gaisang tsotlhe; pelo ya moikepi e na le botlhokwa jo bonnye.” (Diane 10:20) Se basiami ba se buang se itshekile—jaaka selefera e e di gaisang tsotlhe, e e itshekisitsweng, e e se nang manyelo. Go ntse jalo tota ka batlhanka ba ga Jehofa fa ba ntse ba neela ba bangwe kitso e e bolokang botshelo ya Lefoko la Modimo. Motlhatlheledi wa bone yo Mogolo, Jehofa Modimo, o ba rutile a bo a ba ‘naya loleme lwa ba ba rutilweng, gore ba tle ba itse kafa ba ka arabang yo o lapileng ka teng ka lefoko.’ (Isaia 30:20; 50:4) Ee ruri, loleme lwa bone lo ntse jaaka selefera e e di gaisang tsotlhe fa lo ntse lo bua boammaaruri jwa Baebele. Mafoko a bone a mosola mo bathong ba ba dipelo di ikanyegang go feta maitlhomo a moikepi kgakala! A re tlhagafaleleng go bua ka ga Bogosi jwa Modimo le ditiro tse di molemo tsa Modimo.

Mosiami o tlisetsa ba ba mo dikologileng masego. Solomone o tswelela jaana: “Dipounama tsa mosiami di nna di fudisa ba bantsi, mme dieleele di nna di swa ka ntlha ya pelo e e seng botlhale.”Diane 10:21.

‘Mosiami o nna a fudisa ba bantsi’ jang? Lefoko la Sehebera le le dirisitsweng fano le na le mogopolo wa “go disa.” Le naya kgopolo ya go kaela mmogo le go tlamela, fela jaaka modisa wa bogologolo a ne a tlhokomela dinku tsa gagwe. (1 Samuele 16:11; Pesalema 23:1-3; Sefela sa Difela 1:7) Motho yo o siameng o kaela batho ba bangwe kgotsa o ba isa kwa tseleng ya tshiamo, puo ya gagwe e nonotsha ba ba mo reeditseng. Go felela ka gore ba tshele matshelo a a itumetseng le a a kgotsofatsang go feta pele, e bile ba ka nna ba bona botshelo jo bo sa khutleng.

Le fa go ntse jalo, go tweng ka seeleele? E re ka a na le pelo e e seng botlhale, ga a nne le maitlhomo a mantle kgotsa go amega ka diphelelo tsa se a se dirang. Motho yo o ntseng jalo o dira sengwe le sengwe se a se batlang, ga a na sepe le ditlamorago tsa gone. Ka gone, o utlwa manokonoko a ditiro tsa gagwe. Motho yo o siameng o thusa ba bangwe go tswelela pele ba tshela, mme motho yo o pelo e seng botlhale ga a kgone go ipoloka ene ka esi a tshela.

Gana Boitshwaro jo bo Repileng

Botho jwa motho gantsi bo senolwa ke se a se ratang le se a sa se rateng. Kgosi ya Iseraele e tlhagisa ntlha eo ka go re: “Mo go yo o sematla go tsweledisa boitshwaro jo bo repileng go tshwana le motshameko, mme botlhale ke jwa motho yo o nang le temogo.”Diane 10:23.

Bangwe ba leba boitshwaro jo bo repileng e le motshameko, mme ba bo dira fela ‘go ijesa monate.’ Batho ba ba ntseng jalo ba tlhokomologa ntlha ya gore rotlhe re tshwanetse ra ikarabela mo Modimong, mme ba itlhokomolosa phoso ya se ba se dirang. (Baroma 14:12) Ba akanya ka tsela e e sokameng mo ba tsayang gore Modimo ga a bone diphoso tsa bone. Tota ba bolela jaana ka ditiro tsa bone: “Ga go na Jehofa.” (Pesalema 14:1-3; Isaia 29:15, 16) A boeleele!

Kafa letlhakoreng le lengwe, motho yo o nang le temogo o lemoga gore boitshwaro jo bo repileng ga se motshameko. O a itse gore bo hutsafatsa Modimo e bile bo ka senya kamano ya motho le ene. Boitshwaro jo bo ntseng jalo ke jwa boeleele ka gonne bo dira gore batho ba se ka ba tlhola ba tlotlega, bo thuba manyalo, bo gobatsa mogopolo le mmele, e bile bo felela ka gore motho a felelwe ke bomoya. Re tla bo re le botlhale fa re gana boitshwaro jo bo repileng re bo re tlhagolela go rata botlhale fela jaaka motho a ka rata kgaitsadie thata.—Diane 7:4.

Aga mo Motheong o o Siameng

Solomone o bolela jaana a bontsha botlhokwa jwa gore motho a age botshelo jwa gagwe mo motheong o o tshwanetseng: “Selo se se tshosang moikepi—ke sone se se tla tlang kwa go ene; mme basiami ba tla newa keletso ya bone. Jaaka fa phefo ya matsubutsubu e kgabaganya, ka tsela e e ntseng jalo moikepi ga a tlhole a le teng; mme mosiami ke motheo ka bosakhutleng.”Diane 10:24, 25.

Moikepi a ka tlisetsa ba bangwe letshogo le legolo. Le fa go ntse jalo, kwa bofelong se a se boifang se tlela ene. E re ka a se na motheo mo melaometheong ya tshiamo, o ntse jaaka kago e e sa tlhomamang e e digwang ke matsubutsubu. O a phutlhama fa a gatelelwa. Kafa letlhakoreng le lengwe, mosiami o ntse jaaka motho yo o dirang tumalanong le mafoko a ga Jesu. Ke “monna yo o botlhale, yo o neng a aga ntlo ya gagwe mo lefikeng.” Jesu o ne a re: “Mme pula ya tshologa le merwalela ya tla le diphefo tsa foka tsa itaaka ntlo eo, mme ya se ka ya wela, gonne e ne e thailwe mo lefikeng.” (Mathaio 7:24, 25) Motho yo o ntseng jalo o itsetsepetse—dikakanyo tsa gagwe le ditiro tsa gagwe di theilwe ka nitamo mo melaometheong ya bomodimo.

Pele a tswelela ka go dira pharologanyo fa gare ga baikepi le basiami, kgosi e e botlhale e naya tlhagiso e e maleba mme e le botlhokwa. A re: “Jaaka botšarara mo menong le jaaka mosi mo matlhong, motho yo o setshwakga o ntse jalo mo go ba ba mo romang.” (Diane 10:26) Botšarara [aseine] ga bo tshware meno sentle. Esiti ya jone e dira moutlwalo o o botšarara mo ganong mme e ka dira gore meno a nne bosisi. Mosi o dira gore matlho a babe a bo a nne botlhoko. Fela jalo, motho ope yo o thapang setshwakga kgotsa a se dira moemedi wa gagwe ruri o tla tshwenyega e bile o tla latlhegelwa.

“Tsela ya ga Jehofa ke Kago e e Thata”

Kgosi ya Iseraele e tswelela jaana: “Go boifa Jehofa go tla oketsa malatsi, mme dingwaga tsa baikepi tsone di tla khutshwafadiwa. Tebelelo ya basiami ke go ipela, mme tsholofelo ya baikepi e tla nyelela.”Diane 10:27, 28.

Mosiami o kaelwa ke poifo ya bomodimo mme o leka go itumedisa Jehofa ka dikakanyo, mafoko le ditiro tsa gagwe. Modimo o amega ka ene e bile o diragatsa ditebelelo tsa gagwe tsa tshiamo. Le fa go ntse jalo, moikepi o tshela botshelo jo bo se nang bomodimo. Ka dinako tse dingwe ditsholofelo tsa gagwe di ka lebega di diragaditswe mme e le ka nakwana fela, gonne malatsi a gagwe gantsi a kgaupediwa ke thubakanyo kgotsa ke bolwetse jo bo bakilweng ke tsela e a tshelang ka yone. Ka letsatsi le a swang ka lone ditsholofelo tsa gagwe di fela tsotlhe.—Diane 11:7.

Solomone a re: “Tsela ya ga Jehofa ke kago e e thata ya yo o se nang molato, mme tshenyego ke ya badiri ba se se utlwisang botlhoko.” (Diane 10:29) Fano fa go buiwa ka tsela ya ga Jehofa, ga go tewe tselana e re tshwanetseng go tsamaya ka yone, mme go tewa tsela e Modimo a dirisanang le batho ka yone. Moshe a re: “Lefika, tiro ya gagwe e itekanetse, gonne ditsela tsotlhe tsa gagwe di tshiamiso.” (Duteronome 32:4) Ditsela tsa Modimo tsa tshiamo di kaya gore ba ba tshiamo ba tla bona tshireletsego mme ba ba boikepo ba tla senngwa.

Jehofa o nna kago e e thata tota mo bathong ba gagwe! “Fa e le mosiami ene, ga a na go kgokgweediwa ka bosakhutleng; mme fa e le baikepi bone, ga ba na go aga mo lefatsheng. Molomo wa mosiami—o tlhagisa maungo a botlhale, mme loleme lo lo sokameng lo tla kgaolwa. Dipounama tsa mosiami—di itse kamogelo, mme molomo wa baikepi ke tshokamo.”Diane 10:30-32.

Ruri dilo di tsamaela basiami sentle e bile ba a segofadiwa ka gonne ba tsamaya mo tseleng ya tshiamo. Eleruri, “tshegofatso ya ga Jehofa—ke yone e e humisang, mme ga a e oketse ka botlhoko.” (Diane 10:22) Ka gone, a ka metlha re tlhomamiseng gore re dira tumalanong le melaometheo ya bomodimo. Gape a re thibeng dipounama tsa rona le go dirisa loleme lwa rona go tlamela ba bangwe ka boammaaruri jo bo bolokang botshelo jwa Lefoko la Modimo le go ba kaela kwa tseleng ya tshiamo.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Go bona tlhaloso e e tseneletseng ya Diane 10:1-14, bona Tora ya Tebelo ya July 15, 2001, ditsebe 24-7.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Loleme lo ka tshwana le “selefera e e di gaisang tsotlhe”