A o Tshwanetse go Fetola Mogopolo wa Gago?
SETLHOPHA sa basha ba Bakeresete ba swetsa ka gore ba ye go leba filimi nngwe. Ba utlwile gore bontsi jwa bana ba ba tsenang sekolo le bone ba ile ba itumelela go e leba. Fa ba fitlha kwa lefelong la bobogelo, ba bona ditshwantsho tse dikgolo tse di bontshang filimi eo mme ba bona dibetsa tse dikgolo le basadi ba ba apereng diaparo tse di khutshwane tse di ba tsimpang. Ba tla dira eng? A ba tla tsena mo lefelong la bobogelo mme ba lebe filimi eo?
Seemo seno se bontsha gore re lebana le go dira ditshwetso di le dintsi tse di ka nnang tsa ama bomoya jwa rona le kamano ya rona le Jehofa ka tsela e e siameng kgotsa e e sa siamang. Ka dinako tse dingwe o batla go dira sengwe mme pele o se dira o se akanyetsa gape, go tswa foo o tlogele go se dira. A seo se raya gore o etsaetsega go dira tshwetso kgotsa a gongwe go siame go fetola mogopolo?
Fa go Fetola Mogopolo e le Sengwe Se se Sa Tshwanelang
Go rata Jehofa go ile ga re tlhotlheletsa gore re ineele mo go ene le gore re kolobediwe. Re eletsa ka pelo yotlhe go nna re ikanyega mo Modimong. Le fa go ntse jalo, mmaba wa rona e bong Satane Diabolo o ikemiseditse go dira gore re se ka ra ikanyega. (Tshen. 12:17) Re dirile tshwetso ya go direla Jehofa le go ikobela melao ya gagwe. A bo go tla bo go utlwisa botlhoko jang ne fa re ka fetola mogopolo fa go tla mo kgannyeng ya go ineela mo go Jehofa! Go ka dira gore re latlhegelwe ke botshelo jwa rona.
Dingwaga di feta 2 600 tse di fetileng, Kgosi ya kwa Babelona e bong Nebukadenesare, o ne a dira setshwantsho se segolo sa gouta mme a laela gore mongwe le mongwe a wele fa fatshe le go se obamela. Ope fela yo o neng a sa dire jalo o ne a tla latlhelwa mo leubelong la molelo. Baobamedi ba ga Jehofa ba bararo—Shaderake, Meshake le Abedenego—ga ba a ka ba se obamela. E re ka ba ne ba sa batle go obamela setshwantsho seo, ba ne ba latlhelwa mo leubelong la molelo. Jehofa o ne a ba sireletsa ka tsela ya kgakgamatso mme ba ne ba ikemiseditse go swa go na le gore ba fetole megopolo ya bone malebana le go direla Modimo.—Dan. 3:1-27.
Moragonyana, moporofeti Daniele o ne a tswelela a rapela, le fa a ne a tshosediwa ka gore o tla latlhelwa mo mongobong wa ditau. Ee, o ne a tswelela ka mokgwa wa gagwe wa go rapela Jehofa gararo ka letsatsi. Daniele ga a ka a fetola boikemisetso jwa gagwe jwa go obamela Modimo wa boammaaruri. Ka ntlha ya seo, moporofeti yono o ne a gololwa mo “leroong la ditau.”—Batlhanka ba Modimo ba motlha wa rona le bone ba tswelela ba ineetse mo go ene. Kwa sekolong sengwe mo Afrika, setlhopha sengwe sa baithuti ba e leng Basupi ba ga Jehofa ba ne ba gana go nna le seabe mo moletlong wa go obamela lotshwao lwa naga. Ba ne ba tshosediwa ka gore ba tla lelekwa mo sekolong fa ba sa kopanele le baithuti ba bangwe mo tiragalong eo. Moragonyana ga foo, mookamedi wa tsa thuto o ne a etela toropo eo mme a bua le bangwe ba baithuti ba Basupi. Baithuti bano ba ne ba mo tlhalosetsa boemo jwa bone mme ba dira jalo ka maitseo e bile ba le pelokgale. Fa e sa le ka nako eo, ga go ise go ke go buiwe gape ka kgang eno. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba basha ba kgona go ya sekolong kwantle ga gore ba gatelelwe go senya kamano ya bone le Jehofa.
Gape akanya ka Joseph, yo mogatse a neng a tshwerwe ke kankere mme a bo a tlhokafala ka tshoganyetso. Ba losika lwa ga Joseph ba ne ba tlhaloganya e bile ba tlotla tsela e a neng a batla go tsamaisa dithulaganyo tsa phitlho ka yone. Le fa go ntse jalo, ba losika lwa gaabo mosadi ga se Basupi e bile ba ne ba batla gore go dirwe meetlo mengwe ya phitlho go akaretsa le e e sa itumediseng Modimo. Joseph a re: “E re ka ke ne ke sa batle go fetola mogopolo wa me ka kgang eo, ba ne ba leka go tlhotlheletsa banake mme banake ba ne ba nna ba nitame. Gape ba losika ba ne ba leka go rulaganya gore go nne le tebelelo kwa ntlong ya mme ke ne ka ba bolelela gore fa e le gore ba batla go nna le tebelelo, ba se ka ba e direla mo ntlong ya me. Ba ne ba itse gore nna le mogatsake re ne re sa dumele mo meetlong eo, ka jalo morago ga go buisana lobaka lo loleele le bone, ba ne ba e tshwarela kwa lefelong le sele.
“Ka nako eo e e thata ya khutsafalo, ke ne ka kopa Jehofa gore a thuse lelapa la rona gore le se ka la tlola melao ya gagwe. O ne a utlwa dithapelo tsa me mme a re thusa gore re nne re nitame le fa re ne re lebane le kgatelelo.” Joseph le bana ba gagwe ba ne ba ikemiseditse gore ga ba kitla ba fetola megopolo ya bone malebana le kgang ya kobamelo.
Fa go Fetola Mogopolo e le Sengwe Se o Ka se Akanyetsang
Moragonyana fela ga Tlolaganyo ya 32 C.E., mosadi mongwe wa Mofonikia o ne a atamela Jesu Keresete kwa kgaolong ya Sidona. Gangwe le gape o ne a kopa Jesu gore a ntshe madimona mo go morwadie. Kwa tshimologong, Jesu ga a ka a mo araba. O ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Ke ne ke sa romelwa kwa go bape fa e se kwa dinkung tse di latlhegileng tsa ntlo ya Iseraele.” Fa a ntse a tsweletse a kopa, Jesu o ne a re: “Ga go a siama go tsaya senkgwe sa bana se bo se latlhelelwa dintšanyana.” Go bontsha gore o na le tumelo e e nonofileng, o ne a araba a re: “Ee, Morena; mme tota dintšanyana ruri di ja matlhotlhora a a wang mo tafoleng ya beng ba tsone.” Jesu o ne a diragatsa kopo ya gagwe mme a fodisa morwadie.—Math. 15:21-28.
Ka go dira jalo, Jesu o ne a etsa Jehofa ka go bontsha gore o ikemiseditse go fetoga fa seemo se mo letla go dira jalo. Ka sekai, Modimo o ne a ikaeletse go fedisa Baiseraele fa ba ne ba dirile namane ya gouta mme o ne a reetsa fa Moshe a mo kopa gore a akanyetse tshwetso ya Gagwe gape.—Ekes. 32:7-14.
Moaposetoloi Paulo o ne a etsa Jehofa le Jesu. Nako nngwe Paulo o ne a bona go sa siama gore ba tsamaye le Johane Mareko mo maetong a bone a borongwa ka gonne Mareko a ne a tlogetse Paulo le Barenabase mo loetong lwa bone lwa ntlha lwa borongwa. Le fa go ntse jalo, moragonyana go lebega Paulo a ile a lemoga gore Mareko o ne a dira maiteko le gore a ka kgona go mo thusa thata. Ka jalo, Paulo o ne a raya Timotheo a re: “Tsaya Mareko mme o tle le ene, gonne o mosola mo go nna mo go direleng.”—2 Tim. 4:11.
Go tweng ka rona? Fa re etsa Rraarona yo o lorato yo o kwa legodimong, yo o kutlwelobotlhoko e bile a le pelotelele, re ka nna ra fitlhela go tshwanela gore re fetole megopolo ya rona. Ka sekai, re ka fetola tsela e re lebang ba bangwe ka yone. Go farologana le Jehofa le Jesu, rona ga re
a itekanela. Fa e le gore Jehofa le Jesu ba ne ba ikemiseditse go fetola tsela e ba neng ba leba dilo ka yone, a rona re ka se leke go tlhaloganya maemo a ba bangwe mme gongwe re fetole megopolo ya rona?Go fetola megopolo ya rona e ka nna selo se se molemo fa re akanyetsa mekgele e e amanang le puso ya Modimo. Batho bangwe ba ba ithutang Baebele le ba ka lobakanyana ba ntseng ba nna gone kwa dipokanong tsa phuthego ba ka tswa ba diega go kolobediwa. Kgotsa bakaulengwe bangwe ba ka nna ba bo ba etsaetsega go tsenela tirelo ya bobulatsela, tota le fa maemo a bone a ba letla go oketsa tirelo ya bone. Mme go lebega bakaulengwe bangwe ba sa eletse go kgaratlhela maikarabelo mangwe mo phuthegong. (1 Tim. 3:1) A le wena o a tle o ikutlwe jalo? Jehofa o go laletsa ka lorato gore o itumelele go nna le ditshiamelo tse di ntseng jalo. Ka gone, ke eng o sa fetole tsela e o lebang dilo ka yone mme o itumelele go direla Modimo le go thusa ba bangwe?
Fa Ella yo o direlang kwa ofising ya lekala la Basupi ba ga Jehofa mo Afrika a bua ka tirelo ya gagwe a re: “La ntlha fa ke goroga mo Bethele, ke ne ke sa itse gore a ke tla nna lobaka lo loleele. Ke ne ke eletsa go direla Jehofa ka moya otlhe mme ke ne ke atamalane thata le ba lelapa la gaeno. Kwa tshimologong, ke ne ke tlhologelelwa ba lelapa la gaeno thata mo ke neng ke batla go tsamaya! Le fa go ntse jalo, kgaitsadi yo ke neng ke nna le ene o ne a nkgothatsa mme ka swetsa ka gore ke se ka ka tsamaya. Morago ga go nna dingwaga di le lesome mo Bethele, ke batla go tswelela ke le mo kabelong ya me ya Bethele gore ke direle bakaulengwe le bokgaitsadi ba me.”
Fa go Fetola Mogopolo E le Se o Tshwanetseng go se Dira
A o gakologelwa gore go ne ga direga eng ka Kaine fa a ne a fufegela morwarraagwe mme a galefa thata? Modimo o ne a raya monna yono yo o galefileng gore o tla boa a mo amogela fa fela Gen. 4:2-8.
a dira se se siameng. Modimo o ne a kgothaletsa Kaine gore a fenye boleo jo bo neng ‘bo bobile fa kgorong.’ Kaine a ka bo a ile a kgona go fetola boikutlo le mogopolo wa gagwe go na le moo o ne a tlhopha go itlhokomolosa kgakololo ya Modimo. Ka maswabi, Kaine o ne a bolaya monnawe mme a nna mmolai wa ntlha!—Akanya gape ka sekao sa ga Kgosi Usia. Kwa tshimologong, o ne a dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa mme a tswelela a batla Modimo. Le fa go ntse jalo, ka maswabi, Usia o ne a senya leina la gagwe le lentle ka go simolola go ikgogomosa. O ne a tsena mo tempeleng mme a fisa maswalo le fa e ne e se moperesiti. Fa baperesiti ba mo tlhagisa gore a se ka a ipagololela mogodu jalo, a o ne a fetola mogopolo wa gagwe? Nnyaa. Usia o ne “a galefa” mme a itlhokomolosa tlhagiso ya bone. Ka ntlha ya seo, Jehofa o ne a mo itaya ka lepero.—2 Ditir. 26:3-5, 16-20.
Ee, go na le dinako tse ka tsone re tlhokang go fetola mogopolo. Re na le sekao sa motlha wa segompieno. Joachim o ne a kolobediwa ka 1955 mme ka 1978 o ne a kgaolwa. Dingwaga di le 20 moragonyana, o ne a ikwatlhaya mme a busediwa go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Bosheng jaana mogolwane mongwe o ne a mmotsa gore ke ka ntlha yang fa a tsere lobaka jaana go kopa go busediwa. Joachim o ne a re: “Ke ne ke galefile e bile ke le mabela. Ke ikwatlhaela go bo ke ile ka leta nako e telele jaana. Fa ke ne ke sa ntse ke kgaotswe, ke ne ke itse gore Basupi ba ga Jehofa ba ruta boammaaruri.” Joachim o ne a tlhoka go fetola boikutlo jwa gagwe mme a ikwatlhaye.
Re ka nna ra iphitlhela re le mo boemong jo mo go jone re tlhokang gore re fetole mogopolo le tsela e re dirang dilo ka yone. A re ikemisetseng go dira jalo gore re nne batho ba ba itumedisang Jehofa.—Pes. 34:8.