Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Lefatshe le Felelwa ke Nako?

A Lefatshe le Felelwa ke Nako?

A Lefatshe le Felelwa ke Nako?

O ne o ka tlhopha karabo efe go araba potso e e latelang?

Mo isagweng, a maemo a lefatshe

(a) a tla tokafala?

(b) ga a na a fetoga?

(c) a tla nna maswe le go feta?

A O LEKA go leba isagwe ka tsholofelo? Go na le melemo e le mentsi ya go dira jalo. Dipatlisiso di bontshitse gore batho ba ba lebang isagwe ka tsholofelo ba dira sentle kwa sekolong e bile ba na le botsogo jo bo molemo. Patlisiso nngwe e e dirilweng ka lobaka lo loleele e ne ya bontsha gore ga se gantsi banna ba ba nang le tsholofelo ba tshwarwang ke bolwetse jwa pelo, gantsi bo tshwara ba ba senang tsholofelo. Dipatlisiso tseo di dumalana le mafoko a Baebele a a neng a kwalwa makgolokgolo a dingwaga a a fetileng: “Pelo e e itumetseng ke molemo o o siameng, mme moya o o imetsweng one o omeletsa marapo.”—Diane 17:22, The Holy Bible—New International Version.

Le fa go ntse jalo, se baitsesaense ba se bolelelang pele ka isagwe ya Lefatshe, se dira gore go nne thata gore batho ba le bantsi ba itumele le go nna le tsholofelo. Akanya ka dilo dingwe tse di masisi tse di tlhagang thata mo dikgannyeng tse go tweng di tlile go direga.

Lefatshe le mo Kotsing

Ka 2002 setheo sengwe se se tlotlegang sa Tikologo sa kwa Stockholm se ne sa tlhagisa gore boikutlo jo batho ba nang le jone jwa gore, e le gore go nne le kgatelopele mo go tsa ikonomi, kgwebo e tshwanetse go tswela pele go sa kgathalesege se se diregang, bo ka nna jwa dira gore “tlelaemete ya lefatshe le tsela e e raraaneng e dilo tsa tlholego di tshegetsanang ka yone e fetoge fela thata.” Gape pego eno e ne ya re lehuma le le aparetseng lefatshe, tshiamololo e e tsweletseng pele le go senngwa ga tikologo go ka nna ga dira gore batho ba lebane le “mathata a a sa feleng a tikologo, a a amanang le tsela e batho ba tshelang ka yone le a pabalesego.”

Ka 2005 lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le ne la golola pego ya Millennium Ecosystem Assessment Synthesis. Pego eno e ne e le malebana le patlisiso e e neng ya dirwa ka dingwaga di le nnè ke baitse ba ka nna 1 360 ba ba tswang kwa dinageng di le 95. Pego eno e ne e na le tlhagiso eno e e masisi e e reng: “Dilo tse batho ba di dirang di senya tsela ya tlholego e lefatshe le dirang ka yone mo e leng gore ga re kgone go itlhokomolosa kgang ya gore mo isagweng lefatshe ga le kitla le kgona go tlamela ditshedi.” Pego eno e bontsha gore e le gore go thibelwe masetlapelo ao, go tla tlhokega gore “go nne le diphetogo tse dikgolo mo melaometheong, mo ditheong le mo tseleng e dilo di dirwang ka yone e leng se se iseng se simololwe go dirwa le jaanong.”

Motsamaisimogolo wa setheo sa United Nations Human Settlements Programme e bong Anna Tibaijuka o tlhalosa se babatlisisi ba le bantsi ba se dumelang. A re: “Fa re sa dire sepe ka mathata a re lebaneng le one gone jaanong, re tlile go lebana le masetlapelo a magolo mo isagweng.”

Lebaka la go Nna le Tsholofelo

Basupi ba ga Jehofa, ba e leng bagatisi ba makasine ono le bone ba dumela gore go tla tloga go nna le diphetogo tse dikgolo mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo, ba tlhomamisegile gore go na le gore ditiragalo tseo di bake masetlapelo mo isagweng, di tla dira gore go nne le maemo a a itumedisang go feta le fa e le ape a lefatshe le kileng la nna le one. Ke ka ntlha yang fa ba na le tsholofelo eno? Ka gonne ba ikanya ditsholofetso tse di mo Lefokong la Modimo, Baebele. Ela tlhoko nngwe ya ditsholofetso tseo: “Mo lobakanyaneng fela, moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng; ruri o tla sekaseka lefelo la gagwe, mme o tla bo a seyo. Mme ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”—Pesalema 37:10, 11.

A seo ke toro fela? Pele re araba potso eno, akanya ka kelotlhoko ka kgang eno: Dingwaga di le diketekete tse di fetileng, Baebele e ne ya bolelela pele ka tlhomamo bontsi jwa mathata a magolo a re a bonang a ama lefatshe le batho gone jaanong. Tsweetswee bala ditemana tse di umakilweng mo setlhogong se se latelang mme o bapise se di se bolelang le se o bonang se diragala mo lefatsheng. Fa o ntse o dira jalo, go ikanya ga gago gore Baebele e kgona go bolelela pele ditiragalo tsa mo isagweng ka tlhomamo go tla gola.