Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Seabe sa ga Marea mo go Diragadiweng ga Boikaelelo Jwa Modimo

Seabe sa ga Marea mo go Diragadiweng ga Boikaelelo Jwa Modimo

Seabe sa ga Marea mo go Diragadiweng ga Boikaelelo Jwa Modimo

KA NAKO ya bodiredi jwa ga Jesu, mosadi mongwe yo o neng a le mo gare ga boidiidi jwa batho o ne a goa ka lentswe le le kwa godimo a re: “Go itumela sebopelo se se neng sa go tshola le mabele a o a antseng!” Fa e le gore Jesu o ne a batla gore mmaagwe a tlotliwe, eno e ne e le tshono e e molemo ya go kgothaletsa batho go dira jalo. O ne a araba ka gore: “Nnyaa, go na le moo, go itumela ba ba utlwang lefoko la Modimo e bile ba le boloka!”—Luke 11:27, 28.

Jesu o ne a se ka a tlotla mmaagwe ka tsela e e kgethegileng; kgotsa le fa e le go laela barutwa ba gagwe gore ba dire jalo. Seno se amana jang le go obamela Marea go go dirwang ke badumedi ba le bantsi ba ba peloephepa. Mma re sekasekeng se Baebele e se buang malebana le dithuto tse di tlwaelegileng ka ga mmaagwe Jesu.

“O a Galalela,” “O Sego Gareng ga Basadi”

Moengele Gabariele o ne a itsise Marea gore seabe sa gagwe e ne e tla nna sefe mo boikaelelong jwa Modimo. Ka nako eo, o ne a mo dumedisa a re: “Dumela wena yo o ratilweng segolo, Jehofa o na le wena.” (Luke 1:28) Thanolo e nngwe e ranola mafoko ano a tumediso jaana: “A go bakwe wena yo o galalelang, Morena o na le wena.” Moragonyana ga foo, Elisabetha o ne a dumedisa Marea ka mafoko ano: “O sego gareng ga basadi, le leungo la sebopelo sa gago le sego!” (Luke 1:42) A mafoko ano ga a bontshe gore Marea o tshwanetse go newa tlotlo e e kgethegileng?

Nnyaa. Le fa gone mafoko ano a le teng mo thapelong e Bakatoliki ba e rapelang Marea, Baebele ga e re a rapelwe. Gabariele le Elisabetha ba ne ba lemoga tshiamelo e e tlhomologileng ya ga Marea ya go tshola Mesia mme Dikwalo ga di bue sepe ka gore a rapelwe. Jesu o ne a sa kgothaletse batho go rapela Marea, fa barutwa ba gagwe ba ne ba mo kopa gore a ba rute go rapela, o ne a re ba rapele Rraagwe. Tota e bile, thapelo ya ga Jesu ya sekao e e itsegeng thata e simolola ka mafoko a a reng: “Rraarona yo o kwa magodimong.”—Mathaio 6:9.

Mongwe wa Babusi

Thuto nngwe e e tlwaelegileng kaga Marea ke ya gore gone jaanong ke “Kgosigadi ya legodimo.” Baebele ga e mo neye sereto se se ntseng jalo. Le fa go ntse jalo, e bontsha gore o na le seabe se se kgethegileng mo thulaganyong ya Modimo ya kwa legodimong. Ke seabe sefe seo?

Jesu o ne a bontsha gore bangwe ba barutwa ba gagwe ba ba ikanyegang ba ne ba tla busa le ene mo Bogosing jwa gagwe. (Luke 22:28-30) Jesu o tla naya batho bano ba ba tlhophilweng maatla a go nna “baperesiti ba Modimo wa rona, mme ba tla busa lefatshe e le dikgosi.” (Tshenolo 5:10) Baebele e dira gore re swetse ka gore Marea ke mongwe wa batho bano ba ba neilweng tshiamelo e e tlotlegang. Ke eng fa re ka rialo?

O tla gakologelwa gore morago ga loso lwa ga Jesu, Marea o ne a “nnetse ruri mo thapelong” le barutwa le bomorwarraagwe Jesu. Bangwe ba bone ba le 120 ba ne ba phuthega ka bone boikaelelo joo, mmogo le “basadi bangwe.” (Ditiro 1:12-15) Baebele ya re fa “letsatsi la moletlo wa Pentekosete le ntse le tsweletse ba ne ba le mmogo botlhe mo lefelong le le lengwe fela,” fa moya o o boitshepo wa Modimo o ne o tshololelwa mo go bone mme o dira gore ba kgone go bua dipuo di sele.—Ditiro 2:1-4.

Lebaka la go bo Marea e ne e le mongwe wa batho ba ba neng ba tshololelwa moya o o boitshepo le bontsha gore le ene o ne a tlhophetswe go busa le Jesu mo Bogosing jwa gagwe jo bo kwa legodimong. Ka jalo, re na le lebaka le le utlwalang la go dumela gore gone jaanong Marea o na le Jesu kwa legodimong. (Baroma 8:14-17) Akanya ka ditshiamelo dingwe tse ene le bangwe ba babusimmogo le Jesu ba tla nnang le tsone mo go diragadiweng ga maikaelelo a Modimo.

Go Aba Masego a a Gakgamatsang

Buka ya Baebele ya Tshenolo ya re batho ba le 144 000 ba tla tsosediwa kwa legodimong go ya go dira le Jesu e le baperesiti, baatlhodi le dikgosi. (Tshenolo 14:1, 4; 20:4, 6) E re ka e le baperesiti, ba tla nna le seabe sa go dira gore setlhabelo sa ga Jesu se solegele batho ba ba kutlo molemo, gore ba itekanele mo semoyeng, mo boitsholong le mo mmeleng. (Tshenolo 21:1-4) Ruri baobamedi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba tla nna le tshiamelo ya go bona nako eo e e itumedisang! *

Marea o ile a nna le seabe mo go diragadiweng ga maikaelelo a ga Jehofa mme le jaanong o sa ntse a na le sone. Marea o tshwanelwa ke go etsiwa ka ntlha ya boikokobetso, tumelo, go nna kutlo, go ineela e le mmè le go itshokela diteko ga gagwe. O tshwanetse go tlotliwa thata ka ntlha ya seabe sa gagwe sa go tshola Mesia le go abela batho masego a bosakhutleng.

Le fa go ntse jalo, thuto e e botlhokwa thata e re ithutang yone mo go Marea ke gore ene le batlhanka botlhe ba ba ikanyegang ba Modimo ba obamela Jehofa e seng modimo o sele. Marea a na le babusimmogo le Keresete kwa legodimong, o tlhatlosa lentswe la gagwe a bo a re: “Kwa go Yo o ntseng mo setulong sa bogosi [Jehofa Modimo] le kwa go Kwana [Jesu Keresete] go nne pako le tlotlo le kgalalelo le thata ka bosaengkae le go ya go ile.”—Tshenolo 5:13; 19:10.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 13 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le masego ano, bona kgaolo 8 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Mafoko a a mo go tsebe 10]

Marea o tshwanelwa ke go etsiwa ka ntlha ya boikokobetso, tumelo le go nna kutlo ga gagwe