Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

Ke eng se se tlhotlheleditseng mosadi mongwe yo o neng a dira kgwebo e e seng kafa molaong ya diteemane e bile a utswetsa mothapi wa gagwe gore e nne modiri yo o ikanyegang? Ke eng se se thusitseng mosadi yo o neng a leka go ipolaya gabedi go bona gore botshelo jwa gagwe bo na le bokao? Motho yo o neng a lemaletse bojalwa e bile a dirisa diokobatsi ka tsela e e sa siamang o ne a bona kae nonofo ya go tlogela mekgwa eo e e neng e mo tshwakgotse? Akanya ka se ba ileng ba se bua.

DINTLHA KA GA GAGWE

LEINA: MARGARET DEBRUYN

DINGWAGA: 45

NAGA: BOTSWANA

BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: O NE A DIRA KGWEBO E E SENG KAFA MOLAONG E BILE E LE LEGODU

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE: Rre o tswa kwa Jeremane mme a nna moagi wa naga ya Borwa Bophirima jwa Afrika (e jaanong e bidiwang Namibia). Mmè ene o tswa kwa Botswana mo morafeng wa Bangologa. Ke ne ka tsholelwa kwa Gobabis kwa Namibia.

Ka bo1970, puso ya Afrika Borwa e ne ya laola naga ya Namibia mme ya dira melao e e gagametseng ya tlhaolele mo ditoropong le mo metseng ya naga eno. E re ka batsadi ba me ba ne ba sa tshwane ka lotso, ba ne ba patelediwa gore ba kgaogane. Ka jalo, mmè o ne a boela kwa Ghansi kwa Botswana le nna, bomorwarre le bokgaitsadiake.

Ka 1979, ke ne ka fudugela kwa Lobatse kwa Botswana mme ke ne ka nna le batsadi ba e seng ba me ba ba neng ba nkgodisa fa ke ntse ke tsena sekolo. Moragonyana ke ne ka bona tiro ya go nna tlelereke kwa karatšheng. Ke godile ke dumela gore Modimo ga se ene a re tlamelang, go na le moo, motho o tshwanetse go dira sengwe le sengwe se a ka se kgonang—se siame kgotsa se sa siama—go itlamela le go tlamela ba lelapa la gagwe.

E re ka ke ne ke na le maemo a a rileng kwa tirong, ke ne ka dirisa tshono eo go utswetsa mothapi wa me ditshipi tsa koloi. Nako le nako fa terena e feta mo toropong bosigo, nna le ditsala tsa me re ne re e palama mme re bo re utswa sengwe le sengwe se re neng re ka kgona go se tsaya. Gape ke ne ka nna le seabe mo kgwebong e e seng ka fa molaong ya diteemane, gauta le boronse. Ke ne ka simolola go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa siamang mme ka nna motho yo o ratang ntwa thata e bile ke ne ke ratana le makau a le mantsi.

Ka 1993, ke ne ka tshwarwa ke utswa mme ke ne ka felelwa ke tiro. “Ditsala” tsa me di ne tsa ntlogela ka go bo di ne di boifa gore le tsone di tla tshwarwa. Seo se ne sa nkutlwisa botlhoko mme ka swetsa ka gore ga nkitla ke tshepa ope.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA TENG: Ka 1994, ke ne ka kopana le barongwa ba le babedi ba Basupi ba ga Jehofa e bong Tim le Virginia. Ba ne ba bua le nna kwa lefelong le lesha le ke neng ke bereka kwa go lone ba nthusa go ithuta Baebele ka nako ya dijo tsa motshegare. Moragonyana, fa ke ne ke lemoga gore nka ba tshepa, ke ne ka ba letla gore ba tle go ithuta le nna kwa legaeng la me.

Go ise go ye kae, ke ne ka lemoga gore fa ke batla go itumedisa Modimo ke tshwanetse go dira diphetogo dingwe mo botshelong jwa me. Ka sekai, ke ne ka ithuta mo go 1 Bakorintha 6:9, 10 gore “go le bagokafadi, . . . le fa e le magodu, le fa e le batho ba ba bogagaru, le fa e le matagwa, le fa e le bagobolodi, le fa e le ba ba tsayang ka dikgoka ga ba na go rua bogosi jwa Modimo.” Kgato ka kgato ke ne ka tlogela mekgwa ya me e e sa siamang. Ke ne ka tlogela go utswa. Ke ne ka tlogela go itsalanya le maloko a digongwana tse ke godileng le tsone. Go tswa foo, ka thuso ya ga Jehofa ke ne ka kgona go kgaogana le makau a ke neng ke ratana le one.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE: Ke ne ka tsaya matsapa a go ithuta go laola bogale jwa me le go tila go goelela bana ba me fa go na le sengwe se se phoso. (Baefeso 4:31) Ke leka go bua ka tsela e e bontshang kagiso. Tsela e e ntseng jalo ya go bua e dira gore go nne le matswela a a molemo e bile e dira gore re atamalane jaaka lelapa.

Batho ba e neng e le ditsala tsa me, tota le baagelani ba me ba lemogile gore ba ka ntshepa. Ke ne ka nna mothapiwa yo o ikanyegang yo o kgonang go tlhokomela setoko le madi ka boikanyegi. Ka jalo, ke kgona go itshedisa fa ke ntse ke fetsa nako ya me e ntsi ke thusa batho ba bangwe go ithuta Baebele. Ke dumalana le mafoko a a mo go Diane 10:22 a a reng: “Tshegofatso ya ga Jehofa—ke yone e e humisang, mme ga a e oketse ka botlhoko.”

DINTLHA KA GA GAGWE

LEINA: GLORIA ELIZARRARÁS DE CHOPERENA

DINGWAGA: 37

NAGA: MEXICO

BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: O NE A LEKA GO IPOLAYA

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE: Ke goletse kwa lefelong le le humileng la Naucalpan kwa Mexico State. Go tloga fela ke sa le monnye ke ne ke le seganana e bile ke rata go ya diphathing. Ke ne ka simolola go goga ke na le dingwaga di le 12, go nwa bojalwa ke le 14 le go dirisa diokobatsi ke le 16. Dingwaga di le mmalwa morago ga moo, ke ne ka tswa kwa lapeng. Bontsi jwa ditsala tsa me bo ne bo tswa mo malapeng a a senang taolo, ba sotlilwe mo mmeleng kgotsa ka mafoko. Ke ne ke se na tsholofelo epe mo botshelong mo e leng gore ke ne ka leka go ipolaya ka makgetlo a le mabedi.

Fa ke ne ke le dingwaga di le 19, ke ne ka simolola go dira jaaka mmabontle. Ka jalo, ke ne ka tsalana le batho ba tsa dipolotiki le ba tsa boitlosobodutu. Kgabagare ke ne ka nyalwa mme ka nna le bana, le fa go ntse jalo, ke ne ke dira ditshwetso tsotlhe tsa lelapa la me. Gape ke ne ka tswelela pele ke goga le go nwa e bile ke tshela botshelo jwa go rata menate. Metlotlo ya me e ne e tletse puo e e leswe e bile ke ne ke rata go dira metlae e e sa siamang. Ke ne ke le motho yo o bogale thata.

Batho ba ke neng ke tlhopha go itsalanya le bone ba ne ba tshela botshelo jo bo tshwanang le jo ke neng ke bo tshela. Ba ne ba akanya gore ke na le sengwe le sengwe. Mme ke ne ka tswelela ke ikutlwa ke se motho wa sepe e bile botshelo jwa me bo se na bokao.

KAFA BAEBELE E NENG YA FETOLA BOTSHELO JWA ME KA GONE: Ke ne ka simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa ka 1998. Baebele e ne ya nthuta gore botshelo bo na le bokao. Ke ne ka ithuta gore Jehofa Modimo o ikaeletse go tsosolosa lefatshe gore e nne Paradaise, gore o tla tsosa baswi le gore le nna nka kgona go tshela mo maemong ao mo isagweng.

Gape ke ne ka ithuta gore tsela e nka bontshang ka yone gore ke rata Modimo ke fa ke mo ikobela. (1 Johane 5:3) Kwa tshimologong, seno se ne se le thata ka gonne ke ne ke ise ke tsamaye ke amogele kaelo ya ga ope. Le fa go ntse jalo, kgabagare ke ne ka lemoga gore nka se kgone go tswelela ke kaela botshelo jwa me. (Jeremia 10:23) Ke ne ka rapela Jehofa gore a nkaele. Ke ne ka mo kopa gore a nthuse go tshela ka melaometheo ya gagwe le go ruta banake go tshela botshelo jo bo sa tshwaneng le jo ke neng ke bo tshela.

Go ne go se motlhofo gore ke dire diphetogo tse di neng di tlhokega mme ke ne ka simolola go dirisa kgakololo e e mo go Baefeso 4:22-24 e e reng: “Lo latlhe botho jo bogologolo jo bo dumalanang le tsela ya lona ya pele ya boitshwaro . . . le gore lo apare botho jo bosha jo bo neng jwa bopiwa go ya ka go rata ga Modimo mo tshiamong ya boammaaruri le boikanyegi.” Gore ke kgone go apara botho jo bosha ke ne ke tshwanetse go tlogela mekgwa e e leswe e e jaaka go goga mme ke ne ka tshwanelwa ke go tlogela go dirisa puo e e leswe. Go ne ga ntsaya mo e ka nnang dingwaga di le tharo go dira diphetogo tse di tlhokegang gore ke kolobediwe go nna Mosupi wa ga Jehofa.

Mo godimo ga moo, ke ne ka simolola go tsaya boikarabelo jwa me jwa go nna mosadi le mmè masisi. Ke ne ka simolola go dirisa kgakololo e e mo go 1 Petere 3:1, 2 e e reng: “Lona basadi ba lo nyetsweng, nnang mo taolong ya banna ba lona, e le gore, fa bangwe ba sa utlwe lefoko, ba gapiwe kwantle ga lefoko ka boitshwaro jwa basadi ba bone, ka ntlha ya go bo ba nnile basupi ba ba boneng ka matlho ba boitshwaro jwa lona jo bo itshekileng mmogo le tlotlo e e boteng.”

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE: Ke leboga Jehofa fela thata ka gonne jaanong ke a itse gore botshelo bo na le bokao. Ke ikutlwa ke le motho yo o botoka e bile ke kgona go godisa bana ba me ka tsela e e siameng. Ka dinako dingwe pelo ya me e mpona molato ka ntlha ya dilo tse ke neng ka di dira, le fa go ntse jalo, Jehofa o itse pelo ya me. (1 Johane 3:19, 20) Ga go pelaelo gore go tshela ka melaometheo ya Baebele go ntshireleditse mo dikotsing e bile go ntliseditse kagiso ya mogopolo.

DINTLHA KA GA GAGWE

LEINA: JAILSON CORREA DE OLIVEIRA

DINGWAGA: 33

NAGA: BRAZIL

BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: O NE A DIRISA BOJALWA LE DIOKOBATSI KA TSELA E E SA SIAMANG

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE: Ke ne ka tsholelwa kwa Bagé e leng toropo nngwe ya kwa Brazil e e nang le baagi ba ka nna 100 000 e e gaufi le molelwane o o fa gare ga Brazil le Uruguay. Temothuo le go rua dikgomo e ne e le tsone ditiro tsa konokono tse di neng di dirwa. Ke goletse mo lefelong le le humanegileng le digongwana di neng di anamisa thubakanyo kwa go lone e bile basha ba ne ba tlwaetse go dirisa bojalwa le diokobatsi ka tsela e e sa siamang.

Fa ke sena go tlogela sekolo, ke ne ka simolola go nwa, go goga marijuana le go reetsa mmino wa roko wa heavy metal. Ke ne ke sa dumele mo Modimong. Ke ne ke akanya gore pogo yotlhe le dilo tse di bosula tse di diregang mo lefatsheng ke bosupi jwa gore Modimo ga a yo.

Ke ne ke le motshameki wa katara le mokwadi wa dipina mme gantsi ke ne ke tlhotlhelediwa ke go bala buka ya Baebele ya Tshenolo. Setlhopha sa rona sa mmino ga se a ka sa atlega jaaka ke ne ke lebeletse, ka jalo ke ne ka simolola go dirisa diokobatsi tse di kotsi thata tse di seng kafa molaong. Ke ne ke sa kgathale le fa ke ne nka swa ka ntlha ya go di dirisa go feta selekanyo. Baopedi ba le bantsi ba ke neng ke ba rata thata ba ne ba swa ka yone tsela eo.

Ke ne ke reka diokobatsi tseno ka madi a ke neng ke a adima mo go mmèmogolo yo o nkgodisitseng. Ke ne ke bua maaka fa a ne a botsa gore ke dirileng ka madi ao. Se se maswe le go feta, ke ne ka simolola go dirisa dilo tsa boloi. Ke ne ka dirisa maselamose ke akanya gore a tla dira gore ke kgone go tlhama mmino o o botoka.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA TENG: Fa ke sena go ithuta Baebele le go ya kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa, tsela e ke neng ke ikutlwa ka yone e ne ya fetoga. Kgato ka kgato ke ne ka nna le keletso ya go rata go tshela le go itumela. E re ka ke ne ke tlhotlhelediwa ke boikutlo jo bosha jo ke neng ke na le jone, ke ne ka dira tshwetso ya go beola moriri wa me o moleele. Ke ne ke o tlogetse gore o gole e le sesupo sa go se kgotsofale le botsuolodi. Mme ke ne ka lemoga gore fa ke ne ke batla go amogelwa ke Modimo ke ne ke tshwanetse go tlogela go goga, go dirisa bojalwa le diokobatsi ka tsela e e sa siamang. Gape ke ne ka lemoga gore ke tshwanetse go fetola mmino o ke neng ke o reetsa.

La ntlha fa ke ne ke le kwa pokanong ya Basupi ba ga Jehofa, ke ne ka bona temana ya Baebele e e neng e manegilwe mo loboteng. E ne e tswa mo go Diane 3:5, 6 mme e balega jaana: “Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago. Mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.” Go akanya ka temana eno ya Baebele go ne ga ntlhomamisetsa gore Jehofa o ne a tla nthusa go fetola botshelo jwa me fa ke ne nka mo letla.

Le fa go ntse jalo, go ne go le thata go fetola botshelo jwa me le go tlogela diokobatsi le bojalwa fela jaaka go le thata go kgaola seatla sa me. (Mathaio 18:8, 9) Ke ne nka se kgone go tlogela dilo tseno ka bonya ka bonya. Ke ne ke itse gore seo se ne se ka se nthuse. Ka jalo ke ne ka tlogela mekgwa eno yotlhe e e sa siamang ka nako e le nngwe. Gape ke ne ka tila mafelo otlhe le batho botlhe ba ba neng ba ka dira gore ke boele kwa mekgweng e ke neng ke tshela ka yone.

Ke ne ka ithuta go nna motlotlo ka dilo tse ke neng ke di fitlhelela letsatsi le letsatsi go na le go tlhoma mogopolo mo dilong tse di kgobang marapo. Ke ne ke bona go le molemo go nna phepa mo mmeleng, mo boitsholong le mo semoyeng e leng se se neng se tla dira gore ke nne le kamano e e siameng le Jehofa. Ke ne ka rapela Jehofa gore a nthuse gore ke se ka ka akanya ka botshelo jo ke neng ke bo tshela mme o ne a nthusa. Ka dinako dingwe ke ne ke boela kwa mekgweng ya me e e sa siamang. Le fa go ntse jalo, ke ne ke tswelela ke ithuta Baebele le morutisi wa me le fa ka dinako tse dingwe ke ne ke tshwerwe ke babalasi.

Go ithuta boammaaruri ka Modimo go tswa mo Baebeleng—gore o amega ka mongwe le mongwe wa rona, gore o tla fedisa bodumedi jwa maaka le gore o ema nokeng tiro ya go rera e e dirwang mo lefatsheng lotlhe—go ne go utlwala mo go nna. (Mathaio 7:21-23; 24:14; 1 Petere 5:6, 7) La bofelo ke ne ka swetsa ka gore ke ineele mo Modimong. Ke ne ke batla go mmontsha gore ke lebogela sotlhe se a ntiretseng sone.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE: Jaanong ke a bona gore botshelo jwa me bo na le bokao. (Moreri 12:13) Go na le go tsaya dilo tsa ba lelapa la me, ke ne ka kgona go ba naya sengwe. Ke ne ka bolelela mmèmogolo dilo tse di molemo tse ke di ithutileng mo Baebeleng mme jaanong o ineetse mo go Jehofa. Bangwe ba maloko a lelapa la gaetsho le mongwe yo o neng a le mo setlhopheng sa rona sa mmino ba ne ba dira se se tshwanang.

Gone jaanong ke nyetse mme nna le mogatsake re dirisa nako ya rona e ntsi re thusa batho ba bangwe go ithuta Baebele. Ke ikutlwa ke segofaditswe thata ka gonne ke ithutile go ‘ikanya Jehofa ka pelo ya me yotlhe.’

[Mafoko a a mo go tsebe 29]

“Kgato ka kgato ke ne ka nna le keletso ya go rata go tshela le go itumela”