Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tsalwa Gape—A ke Tsela ya go Bona Poloko?

Go Tsalwa Gape—A ke Tsela ya go Bona Poloko?

Go Tsalwa Gape—A ke Tsela ya go Bona Poloko?

O KA araba jang potso e e reng, “A o tsetswe gape?” Batho ba le dimilione ba ba tsenang dikereke mo lefatsheng lotlhe ba ka araba potso eo ka “Ee” yo o kwa godimo! Ba dumela gore go tsalwa gape ke letshwao la Bakeresete botlhe ba boammaaruri le gore go dira gore motho a bolokwe. Ba dumalana le tsela e baeteledipele ba bodumedi ba ba jaaka moithutabodumedi e bong Robert C. Sproul a lebang dilo ka yone, yo o neng a kwala jaana: “Fa motho a sa tsalwa gape, . . . ga se Mokeresete.”

A o mongwe wa batho ba ba dumelang gore go tsalwa gape go dira gore o bolokwe? Fa go le jalo, ga go pelaelo gore o batla go thusa ditsala tsa gago le ba losika go bona tsela eo le gore ba simolole go tsamaya mo go yone. Mme gone, gore ba kgone go dira jalo, ba tshwanetse go tlhaloganya pharologano fa gare ga motho yo o tsetsweng gape le yo o sa tsalwang gape. O ka ba tlhalosetsa jang gore go kaya eng go tsalwa gape?

Batho ba le bantsi ba dumela gore mafoko a a reng go “tsalwa gape” a kaya motho yo o ikanang go direla Modimo le Keresete mme ka ntlha ya seo motho yoo yo o neng a se na kamano le Modimo o simolola go nna le yone. Tota e bile, dikishinare nngwe ya bosheng e tlhalosa motho yo o tsetsweng gape e le “Mokeresete yo o tlwaelegileng yo o tsosolositseng kgotsa yo o tlhomamisitseng tumelo ya gagwe bogolo jang fa a sena go diragalelwa ke sengwe se se amang maikutlo se se tsamaisanang le bodumedi.”—Merriam-Webster’s Collegiate Dictionary—Eleventh Edition.

A o ka gakgamadiwa ke go itse gore Baebele ga e dumalane le tlhaloso eo? A o ka rata go itse se totatota Lefoko la Modimo le se rutang ka go tsalwa gape? Ruri o tla solegelwa molemo ke go sekaseka kgang eno. Ka ntlha yang? Ka gonne go tlhaloganya sentle se go tsalwa gape go se kayang go tla ama botshelo jwa gago le se o se lebeletseng mo isagweng.

Ke Eng se Baebele e se Rutang?

Mo Baebeleng yotlhe mafoko a a reng go “tsalwa gape” a tlhagelela fela mo go Johane 3:1-12, e e tlhalosang motlotlo o o kgatlhang fa gare ga ga Jesu le moeteledipele mongwe wa bodumedi kwa Jerusalema. Pego eo ya Baebele e nopotswe yotlhe mo lebokoseng le le mo tsebeng e e latelang. Re go kgothaletsa gore o e bale ka kelotlhoko.

Mo pegong eno, Jesu o gatelela dintlha di se kae tsa go “tsalwa sesha.” * Tota e bile, motlotlo wa ga Jesu o re thusa go araba dipotso tseno tse tlhano tse di botlhokwa:

Go tsalwa sesha go botlhokwa go le kana kang?

A ke rona re itirelang tshwetso ya gore re tsalwe sesha?

▪ Boikaelelo jwa go tsalwa sesha ke bofe?

Motho o tsalwa sesha jang?

▪ Go tsalwa sesha go tlisa diphetogo dife?

Mma re sekaseke nngwe le nngwe ya dipotso tseno.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 8 Mafoko a a reng go ‘tsalwa sesha’ kgotsa go ‘tsholwa sesha’ a fitlhelwa mo go 1 Petere 1:3, 23. Ke mafoko a mangwe a Baebele a a tlhalosang go “tsalwa gape.” Mafoko ano ka bobedi a tswa mo lediring la Segerika e leng gen·naʹo.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 4]

“Lo Tshwanetse go Tsalwa Gape”

“Jaanong go ne go na le monna mongwe wa Bafarasai, Nikodemo e le leina la gagwe, mmusi wa Bajuda. Yono a tla kwa go ene go le bosigo mme a mo raya a re: ‘Rabi, re a itse gore wena jaaka moruti o tswa kwa Modimong; gonne ga go na ope yo o ka dirang ditshupo tseno tse o di dirang fa Modimo a se na le ene.’ Fa Jesu a araba a mo raya a re: ‘Ammaaruri, ammaaruri ke a go raya, Fa motho a sa tsalwe gape, ga a ka ke a bona bogosi jwa Modimo.’ Nikodemo a mo raya a re: ‘Motho o ka tsalwa jang a godile? Ga a ka ke a tsena mo sebopelong sa ga mmaagwe lekgetlo la bobedi mme a tsalwa, ga ke re?’ Jesu a araba a re: ‘Ammaaruri, ammaaruri ke a go raya, Fa motho a sa tsalwe ka metsi le moya, ga a ka ke a tsena mo bogosing jwa Modimo. Se se tsetsweng ke nama ke nama, mme se se tsetsweng ke moya ke moya. O se ka wa gakgamala ka gonne ke ne ka go raya ka re, Lo tshwanetse go tsalwa gape. Phefo e fokela kwa e batlang go fokela gone, mme o utlwa modumo wa yone, mme ga o itse kwa e tswang gone le kwa e yang gone. Mongwe le mongwe yo o tsetsweng ke moya o ntse jalo.’ Fa Nikodemo a araba a mo raya a re: ‘Dilo tseno di ka diragala jang?’ Fa Jesu a araba a mo raya a re: ‘A o morutisi mo Iseraele mme ga o itse dilo tseno? Ammaaruri, ammaaruri ke a go raya, Se re se itseng re a se bua le se re se boneng re naya bosupi ka sone, mme lona ga lo amogele bosupi jo re bo nayang. Fa ke lo boleletse dilo tsa selefatshe mme le fa go ntse jalo lo sa dumele, lo tla dumela jang fa ke lo bolelela dilo tsa selegodimo?’”—Johane 3:1-12.