Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ga ba Tlhole ba Boifa Bokhutlo

Ga ba Tlhole ba Boifa Bokhutlo

Ga ba Tlhole ba Boifa Bokhutlo

MO BOFELONG jwa bo1970, Gary le Karen ba ne ba tlhomamisegile ka gore bokhutlo jwa lefatshe bo gaufi. Ka jalo, ba ne ba tswa kwa toropong ba fudugela kwa motseselegaeng mme ba itirela sengwe le sengwe ba sa batle go ikaega ka puso. Ba ne ba batla go falola.

Gore ba kgone go nna le bokgoni jo ba neng ba tla bo tlhoka, ba ne ba reka dibuka, ba ithutela ditiro dingwe le go bua le batho ba le bantsi kafa ba ka kgonang ka teng. Ba ne ba jala tshingwana ya merogo le ditlhare di le 50 tsa maungo tse di sa goleleng kwa godimo. Ba ne ba boloka dipeo le didirisiwa di le dintsi. Ba ne ba ithuta go jala le go boloka dijo. Tsala nngwe ya bone e ne ya ba ruta go tlhaba diphologolo le go dira nama ya tsone digwapa. Karen o ne a ithuta gore ke dimela le medi efe e e mo sekgweng e ba ka e jang fa ba ka felelwa ke dijo. Gary o ne a ithuta go dira lookwane ka korong, a dira setofo sa tshipi se go neng go besiwa dikgong mo go sone le go aga ntlo e e sa tlhokeng ditirelo tsa mmasepala.

Karen a re: “Ka ntlha ya ditiragalo tse di boifisang tsa nako eo, ke ne ke akanya gore go ise go ye kae tlhabologo e tla bo e sa tlhole e le teng.” Gary o tlhalosa jaana: “Fela jaaka mosha mongwe le mongwe ke ne ke leka go fedisa tlhaolele, Ntwa ya Vietnam le ditiro tse di seng kafa molaong. Mme ke ne ka kgobega marapo ka bonako. Go ne go lebega e kete batho ba tlile go gailana ka bobone.”

Gary a re: “Go ne go se na sepe se ke se dirang nako nngwe bosigo, ka jalo ke ne ka tsaya Baebele mme ka e bala go simolola ka Mathaio go fitlha ka Tshenolo. Ke ne ka e bala gape mo masigong a le manè a a latelang, ka dikarolo tse dinnye. Mo mosong wa letsatsi la botlhano ke ne ka raya Karen ka re: ‘Re tshela mo metlheng ya bofelo. Go ise go ye kae, Modimo o tlile go tsaya kgato go fedisa lefatshe. Re tshwanetse go batla batho ba ba tla falolang.’” Gary le Karen ba ne ba simolola go ya mo madumeding a a farologaneng, ba batla batho bao ba ba neng ba batla go ipaakanyetsa bokhutlo.

Go ise go ye kae ke fa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a ba etela mme a simolola go ithuta Baebele le bone. Karen o gakologelwa jaana: “Ke ne ke itumetse tota ka gonne ke ne ke tlhalosediwa Dikwalo sentle. Ke ne ke batla go itse boammaaruri ka bokhutlo mme ke ne ka bo bona. Go ne go na le tsholofelo e e tlhomameng ka isagwe. Mme se se botoka le go feta ke gore ke ne ka simolola go nna le botsala le Rre wa me yo o kwa legodimong, Mmopi le Modimo wa lobopo.”

Gary a re: “Botshelo jwa me bo ne jwa nna le bokao jwa mmatota. Fa e sa le ke simolola go ithuta Baebele, ga ke a ka ka kgaotsa go e ithuta. Ke badile boporofeti jwa Baebele, ka sekaseka bosupi jwa gore bo tla diragala mme ka tlhatswega pelo gore go ise go ye kae Modimo o tlile go tsaya kgato. Ke ne ka akanya jaana, ‘Batho ba tshwanetse gore ba se ka ba ipaakanyetsa masetlapelo mme ba ipaakanyetse botshelo jo Modimo a batlang gore re bo tshele.’” Gary le Karen ba ne ba nna le pono e e siameng ka isagwe. Go na le gore ba tshwenyege ka bokhutlo jwa lefatshe, ba ne ba tlhomamisegile ka gore Modimo o tlile go fedisa mathata a a tshwenyang batho a bo a dira lefatshe paradaise.

Gone jaanong morago ga dingwaga di le 25, Gary le Karen ba dirang? Karen a re: “Ke nna ke nonotsha tsela e ke ratang Jehofa Modimo ka yone le tumelo ya me mo go ene, gape ke leka go thusa batho ba bangwe gore ba dire se se tshwanang. Nna le Gary re thusana go boloka lelapa la rona le nonofile e bile le le seoposengwe mo go obameleng Modimo. Re leka go nna re rulagane, mme re iketleeditse go tswelela re tshela botshelo jo bo sa raraanang gore re kgone go tlhoma mogopolo mo go thuseng batho ba bangwe le mo dilong tse ba di tlhokang.”

Gary o oketsa jaana: “Ka metlha ke rapela gore Bogosi jwa Modimo bo tle mme bo golole batho ba le bantsi. Nako le nako fa ke rerela batho ba bangwe dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo, ke rapela gore fa go ka kgonega ke neye motho a le mongwe tsholofelo e e tswang mo Baebeleng. Jehofa o arabile thapelo eo ka bopelonomi mo dingwageng di le 25 tse di fetileng. Nna le Karen re dumela gore go ise go ye kae Jehofa o tlile go dira diphetogo tse dikgolo mo lefatsheng, mme ga re sa tlhole re boifa bokhutlo.”—Mathaio 6:9, 10; 2 Petere 3:11, 12.

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Gone jaanong Gary le Karen ba itumelela go thusa batho ba bangwe gore molaetsa wa Baebele o ba neye tsholofelo