Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Babadi ba a Botsa . . .

Ke ka Ntlha Yang fa Modimo A ne A re Aborahame a Ntshe Morwawe Setlhabelo?

Ke ka Ntlha Yang fa Modimo A ne A re Aborahame a Ntshe Morwawe Setlhabelo?

▪ Jaaka go begilwe mo bukeng ya Baebele ya Genesise, Jehofa Modimo o ne a re Aborahame a ntshe Isake morwawe setlhabelo. (Genesise 22:2) Batho bangwe ba ba balang Baebele ba thatafalelwa ke go tlhaloganya pego eno. Moporofesa mongwe yo o bidiwang Carol a re: “Fa ke ne ke sa le monnye mme ke utlwa kgang eno lekgetlho la ntlha, ke ne ka galefa. Ke Modimo yo o ntseng jang yo o ka reng motho a dire selo se se setlhogo jalo?” Le fa gone go utlwala go nna le maikutlo a a ntseng jalo, go ka nna molemo go gopola dintlha di le mmalwa.

Sa ntlha, ela tlhoko se Jehofa a sa se dirang. Le fa Aborahame a ne a iketleeleditse go ntsha setlhabelo, Modimo ga a ka a mo letla go dira jalo e bile ga a ka a tlhola a kopa motho ope o sele go dira sengwe se se ntseng jalo. Jehofa o batla gore baobamedi ba gagwe botlhe go akaretsa le bana, ba tswelele ba tshela—ba tshele botshelo jo boleele le jo bo kgotsofatsang.

Sa bobedi, Baebele e bontsha gore Jehofa o ne a na le lebaka le le kgethegileng la go bo a ne a re Aborahame a ntshe Isake setlhabelo. Modimo o ne a itse gore makgolokgolo a mantsi a dingwaga moragonyana, o ne a tla letla Morwawe * e bong Jesu go re swela. (Mathaio 20:28) Jehofa o ne a batla go re bontsha kafa setlhabelo seno se neng se tla mo ama thata ka teng. Se a neng a re Aborahame a se dire se ne se bontsha sentle gore setlhabelo seo sa mo isagweng se ne se tla nna jang. Ka tsela efe?

Ela tlhoko mafoko a Jehofa a neng a a bolelela Aborahame: “Tsweetswee, tsaya morwao, morwao yo o esi yo o mo ratang thata, e leng Isake, mme . . . o mo ise tshupelo e e fisiwang.” (Genesise 22:2) Ela tlhoko gore Jehofa o ne a re Isake ke morwa “yo o mo ratang thata.” Jehofa o ne a itse gore Aborahame o ne a rata Isake go le kana kang. Gape Modimo o ne a itse gore le ene o ikutlwa jang ka Morwawe, Jesu. Jehofa o ne a rata Jesu thata jaana mo a neng a bua ka makgetlho a le mabedi a le kwa legodimong, a bitsa Jesu a re “Morwaake, moratwa.”—Mareko 1:11; 9:7.

Gape ela tlhoko gore fa Jehofa a ne a re Aborahame a ntshe Isake setlhabelo o ne a dirisa lefoko “tsweetswee.” Mokanoki mongwe wa Baebele a re lebaka la go bo Modimo a dirisitse lefoko leno le bontsha gore “MORENA o ne a tlhaloganya gore Aborahame o ne a tla latlhegelwa go le kana kang fa a ntsha morwawe setlhabelo.” Jaaka re ka akanya, kopo eo e ka tswa e ile ya hutsafatsa Aborahame fela thata; ka tsela e e tshwanang, go thata le go akanya fela gore Jehofa a ka tswa a ile a utlwa botlhoko thata jang fa a ntse a lebile Morwawe yo o rategang a boga a bo a swa. Ga go pelaelo gore eo e ne e le kutlobotlhoko e Jehofa a neng a ise a ke a nne le yone e bile a ka se tsamaye a nne le yone gape.

Ka jalo, tota le fa re ka tswa re kgopisiwa ke se Jehofa a neng a re Aborahame a se dire, re tla bo re dira sentle fa re gakologelwa gore Jehofa ga a ka a letla tlhogo eno ya lotso e e ikanyegang gore e tswelele ka go ntsha setlhabelo seo. O ne a dira gore Aborahame a se ka a hutsafala thata ka selekanyo se motsadi a ka se kang a se itshokela; o ne a sireletsa Isake gore a se ka a swa. Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a ka a sireletsa “Morwawe mme [o ne] a mo neela ka ntlha ya rona rotlhe.” (Baroma 8:32) Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a itetla gore a diragalelwe ke selo se se utlwisang botlhoko jalo? O ne a dira jalo gore “re bone botshelo.” (1 Johane 4:9) Ruri seno se re gopotsa lorato lo Modimo a re ratang ka lone! A ga re tlhotlheletsege gore le rona re mmontshe lorato? *

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 5 Baebele ga e rute gore Modimo o ne a nna rraagwe Jesu ka tsela ya mmatota ka go mo tsholelwa ke mosadi. Go na le moo, Jehofa o ne a bopa sebopiwa sa moya se moragonyana a neng a se romela mo lefatsheng gore se tsholwe ke kgarebane Marea. Ka jalo, e re ka Modimo a bopile Jesu, go a tshwanela gore a ka bidiwa Rraagwe.

^ ser. 8 Fa o batla go itse mo go oketsegileng malebana le gore ke ka ntlha yang fa go ne go tlhokega gore Jesu a swe le gore re ka bontsha jang gore re anaanela seo, bona kgaolo 5 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng?