Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ntwa ya Haramagedona e Tla Tla Leng?

Ntwa ya Haramagedona e Tla Tla Leng?

Ntwa ya Haramagedona e Tla Tla Leng?

“Ka leba, mme, bona! boidiidi jo bogolo, jo go seng motho ope yo o neng a kgona go bo bala, bo tswa mo merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba le diteme . . . [bo tswa] mo pitlaganong e kgolo.” —TSHENOLO 7:9, 14.

JAANONG maemo a setse a siametse gore ntwa ya Haramagedona e ka simologa. A siame ka tsela efe?

Go setse go na le batho ba ba direlang Jehofa mo lefatsheng lotlhe e bile ba tshela ka melao ya boitsholo ya maemo a a kwa godimo e e mo Baebeleng. Ka thuso ya Modimo, batho ba le dimilionemilione ba ba tswang mo ditšhabeng tsotlhe, mo ditsong tsotlhe e bile e le ba diteme tsotlhe ba phuthega mmogo go nna bakaulengwe ba ba utlwanang ba ba lorato. Batho bao ba ba utlwanang ke Basupi ba ga Jehofa.—Johane 13:35.

Go ise go ye kae, Satane o tla phutha mephato ya gagwe a bo a tlhasela batho bano ba ba kagiso ba go tla bong go lebega ba sa sireletsega, a ba tlhasela ka selekanyo se segolo go feta le fa e le leng pele. (Esekiele 38:8-12; Tshenolo 16:13, 14, 16) O ka tlhomamisega jang ka seo? Baebele e tlhalosa ditiragalo tse di rileng tse di re thusang go itse gore ntwa ya Haramagedona e tla tla leng. Bontsi jwa ditiragalo tse e di tlhalosang di setse di direga.

Ditiragalo Tse o di Bonang di Direga

Barutwa ba ga Jesu ba ne ba mmotsa gore batho ba ne ba tla itse jang gore ‘bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo’ bo ne bo le gaufi. (Mathaio 24:3) Jesu o ne a araba ka go umaka nako e e neng e larile kwa pele a re ka nako eo “setšhaba se tla tsogologela setšhaba le bogosi bo tsogologele bogosi, mme go tla nna le ditlhaelo tsa dijo le dithoromo tsa lefatshe mo mafelong ka go latelana.” Go tswa foo o ne a re: “Dilo tseno tsotlhe ke tshimologo ya ditlhabi tsa tlalelo.” (Mathaio 24:7, 8) Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa metlha eo a re ke ‘metlha ya bofelo,’ a re tseo e tla bo e le “dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.” (2 Timotheo 3:1) A o akanya gore boporofeti joo bo bua ka ditiragalo tse di diregang gompieno?

Ke ka ntlha yang fa metlha eno e ne e tla nna thata jaana? Moaposetoloi Johane o re naya lebaka. O ne a bolelela pele gore go ne go tla nna le “lobaka lo lokhutshwane lwa nako” lo ka lone Satane le madimona a gagwe ba neng ba tla bo ba dira mo lefatsheng. Mo lobakeng lono Satane o tlhalosiwa a le “bogale jo bogolo.” (Tshenolo 12:7-12) A o bona go na le kgalefo le thubakanyo mo bathong gompieno, e seng fela mo lefelong le le rileng mme mo lefatsheng lotlhe?

Gape Jesu o ne a re mo nakong eno ya mathata, go ne go tla dirwa tiro e e sa tshwaneng le epe. O ne a re: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi [jwa Modimo] di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.” (Mathaio 24:14) Gompieno Basupi ba ga Jehofa ba rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo mo dinageng di feta 235 ka dipuo di feta 500. Dimakasine tse pedi tse di theilweng mo Baebeleng tse ba di gatisang e leng Tora ya Tebelo le Tsogang!, ke tsone dimakasine tse di anamisiwang ka bontsi go feta tse dingwe tsotlhe mo lefatsheng. Gape Basupi ba ranotse Baebele ka dipuo di ka nna 100. Tiro ya bone e dirwa ke baithaopi e bile e tshegediwa gotlhelele ka meneelo e e ntshiwang ka go rata. A letsholo leno le le gakgamatsang la go rera le ka tswa le diragatsa boporofeti jwa ga Jesu?

Gape Baebele e bolelela pele ka ditiragalo tse di tla felelang ka ntwa fa gare ga ga Jehofa Modimo le batho ba ba mo ganetsang. Sekaseka dipolelelopele tse di ntseng jalo di le tharo tse o tla di bonang di diragadiwa.

Ditiragalo Tse o Tla Tlogang o di Bona di Direga

Polelelopele 1. Baebele ya re ditšhaba di tla bolela ka tsela e e utlwalang sentle gore go na le “kagiso le polokesego.” Gongwe ba tla bo ba akanya gore ba gaufi le go rarabolola mathata a magolo. Le fa go ntse jalo, dilo tse di tla diragalang fa mafoko ano a sena go buiwa, di tla bo di sa bontshe kagiso gotlhelele.—1 Bathesalonika 5:1-3.

Polelelopele 2. Morago ga foo, dipuso tse di farologaneng di tla tlhasela mekgatlho ya lefatshe lotlhe ya bodumedi. Mo Baebeleng, dipuso tseno di tshwantshediwa ke sebatana; mme madumedi a lefatshe lotlhe a maaka a tshwantshediwa ke mosadi yo o palameng sebatana seo. (Tshenolo 17:3, 15-18) Sebatana sa tshwantshetso se tla dira se Modimo a batlang se se dira ka go senya madumedi a a ipolelang fa a emela Modimo mme go sa nna jalo.

Moaposetoloi Johane o dirisa ditshwantsho go tlhalosa tiragalo eo jaana: “Dinaka tse di lesome tse o di boneng, le sebatana, tseno di tla tlhoa seaka mme di tla se senya di bo di se dira se se sa ikategang, mme di tla ja dikarolo tsa sone tse di dinama di di fetsa di ba di se ja ka molelo gotlhelele. Gonne Modimo o go tsentse mo dipelong tsa tsone gore di diragatse kakanyo ya gagwe.”—Tshenolo 17:16, 17.

Polelelopele 3. Fa bodumedi jwa maaka bo sena go senngwa, Satane o tla etelela ditšhaba pele gore di tlhasele batho ba ba obamelang Jehofa Modimo.—Tshenolo 7:14; Mathaio 24:21.

Kgang Eno e Tla go Ama Jang?

Fa e le gore ga o ise o ke o nne le tshono ya go ithuta Baebele ka kelotlhoko, o ka nna wa fitlhela go le thata go dumela gore ditiragalo tse di tlhalositsweng fa godimo di tla diragala. Mme go na le lebaka le le utlwalang la go dumela gore dilo tseno di tla diragadiwa ka botlalo le gore di tla direga mo nakong e e sa fediseng pelo. Dipolelelopele tse dintsi tsa Baebele tse di setseng di diragaditswe di re tlhomamisetsa seo. *

Ke eng o sa iphe nako ya go batlisisa gore ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba tlhomamisegile gore ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe’ e gaufi, le gore ke ka ntlha yang fa o sa tshwanela go e boifa? Ba kope gore ba go tlhalosetse gore Baebele ya re o tshwanetse go dira eng gore o nne mongwe wa batho ba Jehofa Modimo a tla ba sireletsang. (Tshenolo 16:14) Se o se ithutang se ka dira gore o fetole tsela e o lebang isagwe ka yone.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 17 Fa o batla go bona bosupi jwa gore dipolelelopele tsa Baebele di diragetse, bona kgaolo 2 le kgaolo 9 mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Mafoko a a mo go tsebe 8]

A tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ka tswa e diragatsa boporofeti jwa Baebele?