Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ithute mo Lefokong la Modimo

Re Tshwanetse go Gopola Loso Lwa ga Jesu Jang?

Re Tshwanetse go Gopola Loso Lwa ga Jesu Jang?

Setlhogo seno se botsa dipotso tse o ka tswang o kile wa di botsa se bo se bontsha gore o ka bona dikarabo tsa tsone kae mo Baebeleng ya gago. Basupi ba ga Jehofa ba ka itumelela go tlotla ka dikarabo tseno le wena.

1. Loso lwa ga Jesu lo tshwanetse go gopolwa jang?

Jesu o ne a bolelela balatedi ba gagwe gore ba gopole loso lwa gagwe ka sejo sa tshwantshetso ka go dirisa senkgwe le beine. Senkgwe se tshwantshetsa mmele wa ga Jesu mme beine e tshwantshetsa madi a gagwe.—Bala Luke 22:19, 20.

Senkgwe se Jesu a neng a se dirisa se ne se sa bedisiwa kgotsa se se na sebediso. Mo Baebeleng, gantsi sebediso se dirisiwa go tshwantshetsa boleo. Ka jalo senkgwe se ne se tshwantshetsa sentle mmele o o itekanetseng wa ga Jesu. O ne a ntsha mmele wa gagwe e le setlhabelo, se se neng sa fedisa ditlhabelo tsa diphologolo tse di neng di dirwa mo Molaong wa ga Moshe. (Bahebera 10:5, 9, 10) Beine e ne e tshwantshetsa madi a ga Jesu a a tlhwatlhwakgolo a a neng a tshololwa e le setlhabelo sa maleo a rona.—Bala 1 Petere 1:19; 2:24; 3:18.

2. Re tshwanetse go gopola loso lwa ga Jesu leng?

Jesu o ne a swa ka Tlolaganyo, ka Nisane 14. Letsatsi la Sejuda le simolola fa letsatsi le phirima. Maitseboa a pele ga Jesu a swa, o ne a ja sejo sa Tlolaganyo le baaposetoloi ba gagwe, go tswa foo a simolola sejo se sesha sa segopotso gore ba gopole loso lwa gagwe.—Bala Luke 22:14, 15.

Gompieno batho ba Modimo ba gopola se Modimo a se dirileng go golola lefatshe lotlhe mo boleong le mo losong a dirisa Jesu. (Ekesodo 12:5-7, 13, 17) Fela jaaka Tlolaganyo e ne e ketekwa gangwe fela mo ngwageng, Segopotso sa loso lwa ga Jesu le sone se gopolwa gangwe fela mo ngwageng fa letsatsi le sena go phirima ka Nisane 14 go ya ka khalendara ya Baebele e e lejwang ka ngwedi.—Bala Johane 1:29.

3. Ke bomang ba ba tshwanetseng go ja senkgwe le go nwa beine?

Fa Jesu a ne a naya balatedi ba gagwe beine, o ne a re: “Senwelo seno se kaya kgolagano e ntšha.” (1 Bakorintha 11:25) Kgolagano e ntšha e ne ya emisetsa kgolagano ya Molao wa ga Moshe, e mo go yone Modimo a neng a solofeditse Baiseraele gore fa fela ba ne ba mo ikobela ka botlalo, ba ne ba tla nna batho ba gagwe. (Ekesodo 19:5, 6) Le fa go ntse jalo, Baiseraele ga ba a ka ba ikobela Modimo. Ka jalo, Jehofa o ne a dira kgolagano e ntšha.—Bala Jeremia 31:31.

Ka kgolagano e ntšha, Jehofa o dirisa batho ba le mmalwa gore batho ba bantsi ba bone masego. Batho ba ba mo kgolaganong eno ba mmalwa, ke ba le 144 000 fela. Ka bone, dimilione tsa batho ba ba tswang mo ditšhabeng tsotlhe ba tla segofadiwa ka botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. Bangwe ba batho ba ba mo kgolaganong e ntšha ba direla Jehofa ba le mo lefatsheng gompieno. Ke bone fela ba ba tshwanetseng go ja senkgwe le go nwa beine ka gonne senwelo “se kaya kgolagano e ntšha.”—Bala Luke 12:32; Tshenolo 14:1, 3.

4. Segopotso se re solegela molemo jang?

Segopotso sa loso lwa ga Jesu sa ngwaga le ngwaga se dira gore re anaanele thata lorato lwa ga Jehofa lo lo tlhomologileng. O ne a romela Morwawe go tla go swela maleo a rona. Ka jalo fa re le kwa Segopotsong, re tshwanetse go akanya ka se loso lwa ga Jesu lo se kayang mo go rona. Re tshwanetse go akanya kafa re ka bontshang ka gone gore re anaanela se Jehofa le Jesu ba re diretseng sone.—Bala Johane 3:16; 2 Bakorintha 5:14, 15.

Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona tsebe 206-208 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.