Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Tota ke mang yo o busang lefatshe leno?

Fa e le gore Modimo e ne e le ene a busang lefatshe leno, a go ka bo go na le pogo e e kana kana?

Batho ba le bantsi ba dumela gore Modimo wa boammaaruri ke ene a busang lefatshe leno. Mme fa e le gore seo e ne le boammaaruri, a lefatshe le ka bo le tletse ka pogo jaana? (Duteronome 32:4, 5) Go ya ka Baebele, lefatshe le laolwa ke mongwe yo o bosula.—Bala 1 Johane 5:19.

Go tlile jang gore mongwe yo o bosula a laole batho? Kwa tshimologong ya batho, moengele mongwe o ne a tsuologela Modimo a bo a kgothaletsa banyalani ba ntlha gore le bone ba tsuologe. (Genesise 3:1-6) Banyalani bao ba ne ba itlhophela go ikobela moengele yoo wa motsuolodi, e bong Satane, ka go dira jalo, ba mo dira mmusi wa bone. Modimo Mothatayotlhe ke ene fela Mmusi yo o siameng, mme o batla gore batho ba tlhophe bobusi jwa gagwe ka gonne ba mo rata. (Duteronome 6:6; 30:16, 19) Se se utlwisang botlhoko ke gore, bontsi jwa batho le bone ba ile ba tsiediwa mme ba dirile tshwetso eo e e sa siamang fela jaaka banyalani bao ba ntlha.—Bala Tshenolo 12:9.

Ke mang yo o tla rarabololang mathata a batho?

A Modimo o tla letla Satane gore a tswelele ka puso ya gagwe e e boikepo? Nnyaa! Modimo o tla dirisa Jesu gore a dirolole boikepo jo bo bakilweng ke Satane. —Bala 1 Johane 3:8.

Modimo o tla naya Jesu maatla a go fedisa Satane. (Baroma 16:20) Go tswa foo, Modimo o tla busa batho a bo a dira gore ba nne le botshelo jo bo itumetseng gape bo na le kagiso e a neng a ikaeletse gore ba nne le yone.​—Bala Tshenolo 21:3-5.