Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Ke eng fa o tshwanetse go rapelela Bogosi jwa Modimo gore bo tle?

A o ka rata go itse mo go oketsegileng ka Bogosi jwa Modimo le se bo tla se dirang?

Bogosi jwa Modimo ke puso ya kwa legodimong. Jesu o ne a laela barutwa ba gagwe gore ba rapelele gore bo tle ka gonne bo tla dira gore go nne le tshiamo le kagiso mo lefatsheng. Ga go puso epe ya motho e e ka fedisang thubakanyo, tshiamololo kgotsa malwetse gotlhelele, mme Bogosi jwa Modimo jone bo ka kgona e bile bo tla dira jalo. Modimo o tlhophile Morwawe, Jesu, go nna Kgosi ya Bogosi joo. Gape Jehofa o tlhophile setlhopha sa balatedi ba ga Jesu gore ba buse le ene mo Bogosing joo.—Bala Luke 11:2; 22:28-30.

Mo bogautshwaneng, Bogosi jwa Modimo bo tla fedisa botlhe ba ba kgatlhanong le jone. Ka jalo, thapelo ya go rapelela Bogosi jwa Modimo, ke kopo ya gore puso ya Modimo e buse mo boemong jwa dipuso tsotlhe tsa batho.—Bala Daniele 7:13, 14; Tshenolo 11:15, 18.

Ke eng fa Bogosi jwa Modimo bo tla solegela batho molemo?

Go a tshwanela go bo Jesu e le Kgosi ka gonne o pelotlhomogi. E re ka e le Morwa Modimo, gape o na le maatla a go thusa batho ba ba ikuelang kwa Modimong ba kopa thuso.—Bala Pesalema 72:8, 12-14.

Bogosi jwa Modimo bo tla solegela molemo batho botlhe ba ba rapelang go tswa pelong gore bo tle, le ba ba tshelang go dumalana le thato ya Modimo. O ka se ikwatlhaele go ithuta se Baebele e se buang ka Bogosi jwa Modimo.—Bala Luke 18:16, 17; Johane 4:23.