Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | JESU KE MMOLOKI—JANG?

Loso le Tsogo ya ga Jesu—Di ka Go Solegela Molemo Jang?

Loso le Tsogo ya ga Jesu—Di ka Go Solegela Molemo Jang?

“Dumela mo go Morena Jesu mme o tla bolokwa.”—Ditiro 16:31.

Moaposetoloi Paulo le Silase ba ne ba bolelela legolegwa lengwe mafoko ano a a sa lebalesegeng kwa motseng wa Filipi o o kwa Makedonia. Mme gone, mafoko ao a kaya eng? E le gore re tlhaloganye gore go dumela mo go Jesu go amana jang le go bolokwa mo losong, re tshwanetse go itse gore ke eng fa re swa. Ela tlhoko se Baebele e se rutang.

Batho ba ne ba sa bopelwa gore ba swe

“Jehofa Modimo a tsaya monna a mmaya mo tshingwaneng ya Edene gore a e leme a ba a e tlhokomele. Gape Jehofa Modimo o ne a naya monna taolo eno: ‘O ka nna wa ja mo setlhareng sengwe le sengwe sa tshingwana gore o bo o kgotsofale. Mme fa e le setlhare sa kitso ya molemo le bosula sone o se ka wa ja mo go sone, gonne ka letsatsi le o jang mo go sone ruri o tla swa.’”—Genesise 2:15-17.

Modimo o ne a baya motho wa ntlha, Adame, mo tshimong ya Edene, lefatshe la paradaise le le nang le diphologolo tse dintsi le dijalo tse dintle. Go ne go na le ditlhare tse dintsi tsa maungo a Adame a neng a ka a ja a phuthologile. Le fa go ntse jalo, ke setlhare se le sengwe fela se Jehofa Modimo a neng a bolelela Adame gore a se ka a ja mo go sone, a mo tlhagisa gore fa a ka dira jalo o ne a tla swa.

A Adame o ne a tlhaloganya thibelo eo? O ne a itse gore loso ke eng; o ne a bona diphologolo di swa. Fa e ne e le gore Adame o ne a bopetswe go swa, tlhagiso ya Modimo e ne e ka se utlwale. Go na le moo, Adame o ne a itse gore fa a ka ikobela Modimo mme a se ka a ja mo setlhareng seo o ne a tla tshela go ya go ile—a sa swe.

Batho ba bangwe ba akanya gore setlhare seo ke thobalano mme seo ga se boammaaruri. Jehofa o ne a batla gore Adame le mosadi wa gagwe e bong Efa ba ‘ate ba ntsifale’ mme ba ‘tlatse lefatshe ba bo ba le fenye.’ (Genesise 1:28) Ka jalo, setlhare se ba neng ba thibetswe go se ja e ne e le sa mmatota. Jehofa o ne a re ke “setlhare sa kitso ya molemo le bosula” ka gonne se ne se bontsha gore o na le tshwanelo ya go tlhomela batho melao ya se se siameng le se se sa siamang. Fa Adame a ne a sa ja leungo la setlhare seo, o ne a ka bo a bontshitse gore o ikobela Modimo le gore o anaanela dilo tse di molemo tse a mo diretseng tsone.

Adame o ne a swa ka gonne a sa ikobela Modimo

“[Modimo] a raya Adame a re: ‘E re ka o . . . jele mo setlhareng se ke neng ka go naya taolo eno malebana le sone, . . . o tla ja dijo ka mofufutso wa sefatlhego sa gago go fitlha o boela mo mmung, gonne o ntshitswe mo go one. Gonne o lorole mme o tla boela mo loroleng.’”—Genesise 3:17, 19.

Adame o ne a ja leungo la setlhare se a neng a thibetswe go se ja. Go dira jalo e ne e le botsuolodi e bile go bontsha gore ga a anaanele dilo tsotlhe tse Jehofa a mo diretseng tsone. Fa a ne a ja leungo leo o ne a gana go laolwa ke Jehofa mme seo se ne se tla dira gore a lebane le ditlamorago tse di botlhoko.

Fela jaaka Jehofa a ne a boletse, Adame o ne a swa. Modimo o bopile Adame ka “lorole lo lo tswang mo mmung” a bo a mmolelela gore “o tla boela mo loroleng.” Ka jalo fa a swa, ga a ka a tshela ka sebopego se sengwe kgotsa kwa lefelong le lengwe. Go na le moo, o ne a nna lorole lo a bopilweng ka lone lo lo se nang botshelo.—Genesise 2:7; Moreri 9:5, 10.

Re a swa ka gonne re tswa mo go Adame

“Fela jaaka boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.”—Baroma 5:12.

Botlhokakutlo—kgotsa boleo—jwa ga Adame bo nnile le ditlamorago tse di utlwisang botlhoko. Bo dirile gore a latlhegelwe ke botshelo jo bo sa khutleng jo bo fetang botshelo jwa dingwaga di le 70 kgotsa 80. Mo godimo ga moo, fa Adame a tlola molao wa Modimo o ne a nna le boleo a bo a bo fetisetsa mo baneng ba gagwe botlhe.

Rotlhe re ditlogolwana tsa ga Adame. Re na le mebele e e nang le boleo e bile re a swa ka ntlha ya gagwe. Fa Paulo a tlhalosa boemo jwa rona jo bo tlhomolang pelo o ne a kwala jaana: “Nna ke wa senama, ke rekisitswe mo boleong. A nna motho yo o tlhomolang pelo! Ke mang yo o tla nnamolang mo mmeleng o o diragalelwang ke loso lono?” Go tswa foo, o ne a araba potso eo jaana: “Ke leboga Modimo ka Jesu Keresete Morena wa rona!”—Baroma 7:14, 24, 25.

Jesu o ne a re swela gore re bone botshelo jo bo sa khutleng

“Rara o rometse Morwawe go nna Mmoloki wa lefatshe.”—1 Johane 4:14.

Jehofa Modimo o ne a re naya sengwe se se neng se tla tlosa diphelelo tsa boleo e bile se re golola mo katlholong ya loso. O ne a dira seo jang? O ne a romela Morwawe go tswa kwa legodimong gore a tsholwe e le motho yo o se nang boleo jaaka Adame. Go farologana le Adame, Jesu ga a ka a “dira boleo bope.” (1 Petere 2:22) E re ka a se na boleo, o ne a sa amiwe ke diphelelo tsa loso e bile o ne a ka tshelela ruri.

Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a letla Jesu gore a bolawe ke baba ba gagwe. Morago ga malatsi a le mararo, Jehofa o ne a mo tsosa e le sebopiwa sa moya gore a tshele gape kwa legodimong. Ka jalo, Jesu o ne a naya Modimo botshelo jwa gagwe jwa senama go rekolola se Adame a se latlhileng. Mme Jehofa o ne a amogela setlhabelo seo, a bo a dira gore botlhe ba ba dumelang mo go Jesu ba bone botshelo jo bo sa khutleng.—Baroma 3:23, 24; 1 Johane 2:2.

Ka jalo, Jesu o ne a re swela gore re bone botshelo jo bo sa khutleng jo Adame a bo latlhileng. Baebele ya re: “Jesu . . . [o] bogile loso, gore ka bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo a tle a utlwele motho mongwe le mongwe loso.”—Bahebera 2:9.

Seno se re bolelela go le gontsi ka Jehofa. Batho ba ne ba ka se kgone go ikgolola mo boleong ka gonne ba sa fitlhelele melao ya gagwe ya tshiamiso. Le fa go ntse jalo, kutlwelobotlhoko le lorato lwa gagwe lo dirile gore a diragatse tshiamiso ka go ntsha Morwawe e le thekololo le fa seo se ne se tla mo utlwisa botlhoko.—Baroma 5:6-8.

Jesu o ne a tsosiwa, ba bangwe le bone ba tla tsosiwa

“Keresete o tsositswe mo baswing, mabutswapele a ba ba robetseng mo losong. Gonne e re ka loso lo le ka motho, tsogo ya baswi le yone e ka motho. Gonne fela jaaka mo go Adame botlhe ba swa, jalo le mo go Keresete botlhe ba tla tshedisiwa.”—1 Bakorintha 15:20-22.

Re tlhatswegile pelo gore Jesu o ne a tshela a bo a swa, mme gone go na le bosupi bofe jwa gore o ne a tsosiwa? Bosupi jo bongwe ke gore fa Jesu a sena go tsosiwa, o ne a iponatsa mo bathong ba bantsi mo mafelong a a farologaneng. Mo lekgetlong le lengwe, o ne a iponatsa mo bathong ba feta 500. Mo lekwalong le moaposetoloi Paulo a le kwaletseng Bakorintha, o ne a umaka basupi bangwe ba ba boneng ka matlho ba ba neng ba sa ntse ba tshela ka nako eo a bo a tlhalosa gore ba ne ba ka neela bosupi ka se ba se boneng le se ba se utlwileng.—1 Bakorintha 15:3-8.

Mme gone, fa Paulo a ne a kwala gore Keresete ke “mabutswapele” a ba ba tsositsweng, o ne a bontsha gore batho ba bangwe le bone ba ne ba tla tsosiwa moragonyana. Jesu le ene o ne a re go ne go tla nna le nako e “botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo” ba neng ba tla “tswa.”—Johane 5:28, 29.

Fa re batla go tshelela ruri, re tshwanetse go dumela mo go Jesu

“Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.”—Johane 3:16.

Dikgaolo tsa ntlha tsa Baebele di re bolelela gore loso lo bakilwe ke eng le gore Paradaise e latlhegile jang. Dikgaolo tsa yone tsa bofelo di re bolelela gore loso lo tla fedisiwa le gore Modimo o tla dira gore lefatshe e nne Paradaise gape. Go tswa foo, batho ba tla itumelela botshelo ka bosakhutleng. Tshenolo 21:4 ya re: “Loso lo tla bo lo seyo.” Go tlhomamisa gore tsholofetso eo e tla diragadiwa, temana 5 ya re: “Mafoko ano a a ikanyega e bile a boammaaruri.” Ka jalo, Jehofa o tla diragatsa tsholofetso eo.

A ga o dumele gore “mafoko ano a a ikanyega e bile a boammaaruri”? Ithute mo go oketsegileng ka Jesu Keresete o bo o dumele mo go ene. Fa o dira jalo, Jehofa o tla go amogela. O tla bona masego gone jaanong e bile o tla nna le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise fa “loso, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.”