Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | A BOKHUTLO BO GAUFI?

Bontsi bo Tla Falola Bokhutlo—Le Wena o ka Falola

Bontsi bo Tla Falola Bokhutlo—Le Wena o ka Falola

Baebele e re bolelela gore bokhutlo bo tla akaretsa tshenyego: “Go tla nna le pitlagano e kgolo e e jaaka e e iseng e ko e nne fa e sale ka tshimologo ya lefatshe go fitlha jaanong . . . Tota e bile, fa malatsi ao a ne a sa khutshwafadiwa, go ka bo go se na nama epe e e tla bolokwang.” (Mathaio 24:21, 22) Mme Modimo o re solofetsa gore batho ba le bantsi ba tla falola: “Lefatshe le a feta . . . , mme yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.”—1 Johane 2:17.

Fa o batla go falola le go ‘nna ka bosaengkae’ fa lefatshe leno le feta, o tshwanetse go dira eng? A o tshwanetse go simolola go ipolokela dilo dingwe kgotsa go dira dithulaganyo tsa go itshireletsa? Nnyaa. Baebele e re kgothaletsa go dira gore dilo dingwe tsa botlhokwa di tle pele mo botshelong jwa rona. Re bala jaana: “E re ka dilo tseno tsotlhe di tshwanetse tsa nyerologa jalo, ana lo tshwanetse go nna batho ba mofuta ofe mo ditirong tse di boitshepo tsa boitshwaro le ditiro tsa boineelo jwa bomodimo, lo letetse e bile lo ntse lo akantse thata ka go nna gone ga letsatsi la ga Jehofa.” (2 Petere 3:10-12) Ditemana tse di dikologileng kgang eno di bontsha gore “dilo tseno tsotlhe” tse di tshwanetseng go nyerologa di akaretsa dipuso tse di boikepo tsa lefatshe le batho botlhe ba ba di emang nokeng go na le go ikobela bolaodi jwa Modimo. Ke boammaaruri gore fa re ne re ka ikokoanyetsa dithoto, di ne di ka se re sireletse mo tshenyegong eo.

Ga go pelaelo gore re ka falola fa re rata Jehofa Modimo re bo re ithuta gore ditiro tsa boitshwaro tse di mo itumedisang ke dife. (Sefania 2:3) Go na le go akanya jaaka batho ba bangwe ba bantsi le go itlhokomolosa bosupi jwa gore re tshela mo dinakong tsa botlhokwa, re tshwanetse go nna re “akantse thata ka go nna gone ga letsatsi la ga Jehofa.” Basupi ba ga Jehofa ba ka go bontsha gore o ka falola jang letsatsi leno le le tlang ba dirisa Baebele.