Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Basupi ba ga Jehofa ke Bomang?

Basupi ba ga Jehofa ke Bomang?

“Ke na le dingwaga ke itse Mike. Ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Mme ke ne ke sa tlhaloganye bodumedi jwa gagwe. Jehofa ke mang? Goreng Basupi ba sa keteke malatsi a boikhutso? A Mike o ne a ikgolagantse le bodumedi bongwe jo bo sa tlwaelegang?”—Becky, California, U.S.A

“Fa baagelani ba me ba simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, ke ne ka ipotsa jaana: ‘Leina Basupi ba ga Jehofa le kaya eng? Leina leo le a gakgamatsa!’”—Zenon Ontario, Canada.

“Fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba re etetse, nna le mosadi wa me re ne re akanya gore ba tlile go re latofatsa ka gonne re sa ya kerekeng. Re ne re ipoleletse gore fa dikereke tse di itsegeng di sa re kgotsofatse, setlhotshwana seno se se sa tlwaelegang se ka se re solegele molemo.”—Kent, Washington, U.S.A.

“Tota ke ne ke sa itse gore ke bomang le gore ba dumela eng.”—Cecilie Esbjerg, Denmark.

Gongwe o a tle o ba bone ba bua le batho ka molaetsa wa Baebele mo matlong a bone kgotsa mo mafelong a batho botlhe, ba naya batho dikgatiso tse di buang ka Baebele e bile ba kopa go ithuta Baebele le bone mahala. Gongwe o neilwe makasine ono ke mongwe wa bone. Le fa go ntse jalo, o ka tswa o ipotsa gore tota Basupi ba ga Jehofa ke bomang. Gongwe o akanya jaaka batho ba ba umakilweng pelenyana.

Fa e le gore o na le dipotso tse di ntse jalo kgotsa o akanya jaaka bone, o ka bona kae dikarabo? O ka itse jang gore tota Basupi ba ga Jehofa ba dumela eng, ba bona kae madi a go tshegetsa tiro ya bone ya go rera le go aga diholo tse ba kopanelang mo go tsone, le gore ke eng fa ba go etela e bile ba bua le wena mo mafelong a batho botlhe?

Cecilie yo o umakilweng pelenyana a re: “Ke bala thata ka Basupi ba ga Jehofa mo Internet. Ke ile ka utlwa magatwe ka bo ka reetsa dilo tse di sa siamang tse di neng di buiwa ka bone. Seo se ne sa dira gore ke se ka ka ba rata sentle.” Le fa go ntse jalo, o ne a bua le Basupi ba ga Jehofa mme a bona dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tsa gagwe.

A o ka rata go itse boammaaruri ka Basupi ba ga Jehofa? Re go kgothaletsa gore o batle dikarabo mo motsweding o o siameng—Basupi ba ga Jehofa, bagatisi ba makasine ono. (Diane 14:15) Re solofela gore ditlhogo tse di latelang di tla go thusa go itse gore re bomang le gore re dumela eng di bo di go thusa go tlhaloganya tiro e re e dirang.