Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Maungo a Moya o o Boitshepo”—A Tshware ka Tlhogo

“Maungo a Moya o o Boitshepo”—A Tshware ka Tlhogo

Itseele:

  1. 1. Go na le mpho e e tswang kwa go Jehofa.

    Mpho eo ke moya o’o boitshepo.

    O re thusa go ntsha maungo a mantle,

    Go motlhofo gore o’aitse.

    (KHORASE)

    Lorato ke nonofo ya ntlha.

    Go tla boitumelo.

    Go tswa foo go tla kagiso

    Le bopelotelele.

    Go tla bopelonomi

    Go bo go tla molemo.

    Morago ga moo go tla tumelo.

    E latelwa ke bonolo.

    Re tlhoka le nonofo ya boikgapo.

  2. 2. Gape o re thusa ka ’tsela tse dingwe.

    A re’o rapeleleng ka metlha.

    Mme re tla nna le ’nonofo tseno tsotlhe

    Re bo re’itumedisa Mmopi.

    (KHORASE)

    Lorato ke nonofo ya ntlha.

    Go tla boitumelo.

    Go tswa foo go tla kagiso

    Le bopelotelele.

    Go tla bopelonomi

    Go bo go tla molemo.

    Morago ga moo go tla tumelo.

    E latelwa ke bonolo.

    Re tlhoka le nonofo ya boikgapo.