Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mphe Bopelokgale!

Mphe Bopelokgale!

(2 Dikgosi 6:16)

Itseele

  1. 1. Ruri ke tlaletswe—

    Gape ke tshogile.

    Mme o na le nna ka metlha;

    O ka se ntlogele.

    Le fa go le thata,

    Ga ke belaele.

    Ka metlha o’a ntshireletsa;

    Mme kei’kanya wena.

    (KHORASE)

    Jehofa, a ko’o nthuse tlhe

    Gore ke lemoge

    Gore baba ga ba na maatla,

    Ba ka se atlege.

    Rara ke’a go kopa;

    Nthuse go itshoka.

    O mphe bopelokgale;

    Ke kgone go fenya.

  2. 2. Ruri ke tshogile,

    Gonne ke lerole.

    Mme wena lefika la me;

    O Mothatayotlhe.

    Nthuse ke se boife,

    Ke nne pelokgale.

    Le mokgatšha wa mathata

    Ke tla o ralala.

    (KHORASE)

    Jehofa, a ko’o nthuse tlhe

    Gore ke lemoge

    Gore baba ga ba na maatla,

    Ba ka se atlege.

    Rara ke’a go kopa;

    Nthuse go itshoka.

    O mphe bopelokgale;

    Ke kgone go fenya.

    (KHORASE)

    Jehofa, a ko’o nthuse tlhe

    Gore ke lemoge

    Gore baba ga ba na maatla,

    Ba ka se atlege.

    Rara ke’a go kopa;

    Nthuse go itshoka.

    O mphe bopelokgale;

    Ke kgone go fenya.

    O mphe bopelokgale;

    Ke kgone go fenya.