Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 134

Bana ke Boswa jo bo Tswang Kwa Modimong

Bana ke Boswa jo bo Tswang Kwa Modimong

(Pesalema 127:3-5)

  1. 1. Fa jaanong monna e nna rre

    Mosadi ene a nna le ngwana,

    Ba nna le boswa jo bogolo,

    Jo bo tswang kwa go Jehofa.

    Ruri mpho eo ke e molemo;

    Ya botshelo e ba’e anaanelang.

    Jah o naya batsadi kaelo,

    Gore ba kgone go atlega.

    (KHORASE)

    Lo neilwe boikarabelo;

    Gore lo ba tlhokomele.

    Fa lo batla ba gola sentle;

    Ba godisetseng Moreneng.

  2. 2. Mafoko otlhe a ga Jah—

    A bolokeng mo ’pelong tsa lona.

    Lo a rute bana ba lona;

    Ba a boloke ka metlha.

    Lo’a bue fa lo le mo tseleng,

    Fa lo tsoga le fa lo rapama.

    Go dira jalo go ba thusa,

    Gore ba nne ba ikanyega.

    (KHORASE)

    Lo neilwe boikarabelo;

    Gore lo ba tlhokomele.

    Fa lo batla ba gola sentle;

    Ba godisetseng Moreneng.