Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 68

Go Jala Peo ya Bogosi

Go Jala Peo ya Bogosi

(Mathaio 13:4-8)

  1. 1. Tlang mo tirong ya Mong wa rona,

    Mo ikobeleng ka metlha.

    O solofetsa go lo thusa;

    Le go lo kaela tsela.

    Batho ba ba dipelo di siameng

    Ba amogela molaetsa.

    A re lweleng go dira ka bojotlhe

    Mo tirong eno ya go jala.

  2. 2. Gore re kgone go atlega,

    Re tlhoka go tlhagafala.

    Ba ba amogelang molaetsa

    Ba tlhoka thuso ya rona.

    Re ba thuse gore ba itshoke

    Fa ba tlelwa ke diteko.

    Fa o bona ba dira diphetogo,

    O tla nna le boitumelo.