Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 92

Lefelo le le Bidiwang ka Leina la Gago

Lefelo le le Bidiwang ka Leina la Gago

(1 Ditiragalo 29:16)

  1. 1. Mmopi re mo boitumelong,

    Go bo re go agetse ntlo!

    Re neela ntlo eno go wena

    E le go go galaletsa.

    Dilo tse re di go abelang,

    E ne e ntse e le tsa ’go.

    Bokgoni le ’khumo tsa rona,

    Re di ntsha go tswa dipelong.

    (KHORASE)

    Re go naya lefelo le,

    Gore leina la gago,

    Le’itsisiwe mo go lone;

    Ka kopo le’amogele.

  2. 2. A lefelo leno le tlale,

    Ka kgalalelo ya gago.

    A ba ba ithutang ka wena,

    Ba tle go go baka fano.

    Ke lefelo la kobamelo,

    Mme re tla le tlhokomela.

    E kete le ka nnela ruri,

    Gore o galalediwe.

    (KHORASE)

    Re go naya lefelo le,

    Gore leina la gago,

    Le’itsisiwe mo go lone;

    Ka kopo le’amogele.