Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Itumele Le fa O Bogisiwa

Itumele Le fa O Bogisiwa

Bakeresete ba a itse gore ba tlile go bogisiwa. (Joh 15:20) Le fa gone go bogisiwa go ka dira gore re tlhobaele le gore re utlwe botlhoko ka dinako dingwe, fa re itshoka re tla itumela.—Mat 5: 10-12; 1Pe 2:19, 20.

LEBANG BIDIO YA RE KA KGONA GO ITUMELA LE FA RE BOGISIWA, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

O ithutile eng mo go Mokaulengwe Bazhenov ka botlhokwa jwa

  • go bala Baebele letsatsi le letsatsi?

  • go amogela thuso ya Bakeresete mmogo le rona? *

  • go rapela ka metlha?

  • go opela dipina tsa Bogosi?

  • go bua le ba bangwe ka tumelo ya gago?

^ Re ka rapelela badumedimmogo le rona ba ba kwa dikgolegelong, e bile re ka ba bitsa ka maina fa re ba rapelela. Mme gone ga go kgonege gore diofisi tsa makala di romelele bakaulengwe bano makwalo a a tswang kwa diphuthegong.