Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

JW.ORG WEBSITE

Dirisa Buka ya “Opelelang Jehofa ka Boitumelo”

Dirisa Buka ya “Opelelang Jehofa ka Boitumelo”

 Tsenya Buka Eno mo Sedirisiweng sa Gago

Tsena mo DIKGATISO > MMINO.

Tobetsa letshwao leno le le tlhagang fa tlase ga buka ya dipina.

Fa letshwao leno le butse, o tla bona ditsela tse di farologaneng tsa go itseela kgatiso eno.

  • Tlhopha gore o batla go tsaya kgatiso eno ka tsela efe. Ka sekai, tobetsa “PDF” fa o batla go e tsenya mo sedirisiweng sa gago.

  • Tobetsa letshwao leno le le fa thoko ga setlhogo sa faele e o e batlang go e tsenya mo sedirisiweng sa gago. O kgona go bona gore kgatiso eno e kana kang, ka sekai, 1MB.

 Tshameka Dipina Kgotsa di Tsenye mo Sedirisiweng sa Gago

Fa e le gore buka ya rona ya dipina e gone ka puo ya gago, e tla tlhaga mo karolong e e reng DIKGATISO > MMINO.

Tobetsa letshwao le le bontshang di-earphone mme le tla bula karolo e e go nayang tshono ya go tlhopha gore a o tla reetsa mmino fela kgotsa o tla o tsenya mo sedirisiweng sa gago.

O tla nna le tshono ya go tlhopha gore a o batla go tshameka pina e le nngwe kgotsa o batla go di tshameka tsotlhe.

  • Tobetsa letshwao leno fa o batla go reetsa dipina tsotlhe go simolola ka ya ntlha.

  • Tobetsa letshwao leno le le fa thoko ga pina e o e tlhophileng.

Dipina di tla tshameka go ya ka tatelano ya tsone go fitlha kwa go ya bofelo.

Gape o kgona go tlhopha gore a o batla go tsenya pina e le nngwe mo sedirisiweng sa gago kgotsa o batla go di tsenya tsotlhe.

  • Tobetsa ZIP go tsenya dipina tsotlhe mo sedirisiweng sa gago mme faele eo ya ZIP e go bontsha gore dipina di bogolo jo bo kae.

  • Fa o batla go tsenya pina mo sedirisiweng sa gago, tobetsa MP3 mme fa thoko ga MP3 o tla bona gore pina eo e bogolo jo bo kae.

Batla Dipina, di Tshameke Le go Di Lebelela

 Tsena mo karolong ya DIKGATISO > MMINO.

Tobetsa buka ya Opelelang Jehofa ka Boitumelo.

Fa e bula, o tla bona dipina tse o di batlang kgotsa tse o batlang go di reetsa.

Fa o batla go tshameka dipina tsotlhe, tobetsa letshwao le le reng Di Tshameke Tsotlhe. Mmino o tla emisa fa dipina tsotlhe di feditse go tshameka.

Tobetsa lebokoso le le reng Shuffle gore dipina di se ka tsa tshameka ka tatelano. Mmino o tla emisa fa dipina tsotlhe di feditse go tshameka.

O ka dirisa matshwao a a tlhagang mo karolong eno go:

  • Tobetsa letshwao leno fa o batla gore dipina tsotlhe di tshameke go tswa kwa tshimologong. Kgotsa tobetsa letshwao leno le le fa thoko ga pina e o batlang go e reetsa.

  • Tobetsa letshwao leno fa o batla gore mmino o eme. Tobetsa letshwao la Play gape gore mmino o tswelele o tshameka.

  • Fa pina e ntse e tshameka, dirisa letshwao leno go isa pina kwa pele kgotsa kwa morago.

  • Mo karolong ya Play continuously le ya Shuffle go na le letshwao leno, le tobetse fa o batla go boela morago kwa pineng e o neng o e tshameka.

  • Mo karolong ya Play continuously le ya Shuffle go na le letshwao leno, le tobetse fa o batla go tshameka pina e e latelang.

  • Tobetsa letshwao leno fa o batla gore pina e se ka ya utlwala fa e tshameka. Pina e tla tswelela e ntse e tshameka mme modumo wa yone ga o kitla o utlwala.

  • Tobetsa letshwao leo gape fa o batla go utlwa modumo wa pina eo.

Fa o ntse o ya kwa tlase le dipina, matshwao a tla nna a ntse a tlhageletse kwa godimo ga sekirini. Seno se go thusa gore o se ka wa tswa mo tsebeng e o e butseng.

Go na le ditsela di le pedi tsa go leba buka ya rona ya dipina.

  • Tobetsa letshwao leno fa o batla go bona dinomoro tsa dipina le ditlhogo tsa tsone. Eno ke tsela e gantsi buka ya dipina e tlhagang ka yone fa o e bula mo websiteng.

  • Tobetsa letshwao leno fa o batla go tshameka pina kgotsa tobetsa setlhogo sa pina gore o bone mafoko a yone.

  • Fa o tobetsa letshwao leno, le tla go tlhagisetsa dinomoro tsa dipina go ya ka tatelano ya tsone. Tobetsa nomoro ya pina gore o bone mafoko a yone.

Leba Mafoko a Pina

Fa e le gore mafoko a pina a tsentswe mo websiteng ya jw.org, tobetsa nomoro ya pina kgotsa setlhogo sa yone mme mafoko a pina eo a tla tlhaga.

 Fa o batla pina e e rileng, tobetsa letshwao leno.

  • Tobetsa mo lebokosong leo mme le tla go tlhagisetsa dipina le ditlhogo tsa tsone.

  • Thaepa nomoro ya pina kgotsa mafoko a setlhogo sa yone mme go tla tlhaga dipina tsotlhe tse di nang le mafoko ao.

  • Bula pina gore o kgone go bona mafoko a yone.

Tlhopha tsela e o batlang gore mafoko a pina a tlhage ka yone:

  • Mafoko a pina a tlhaga a rulagantswe go ya ka mela. Eno ke tsela e mafoko a pina a tlhagang ka yone fa o tsena mo karolong eno. O kgona go bula mafoko a ditemana tse di tlhagelelang moo. Fa pina e ntse e tshameka, mmala wa mafoko o a fetoga.

  • Mafoko a pina a tlhagelela le dinoto tsa teng. Tobetsa mafoko ano mme go tla tlhaga karolo e mo go yone o kgonang go godisa mokwalo kgotsa go o fokotsa.