Fetela kwa tshedimosetsong

Go Fenya Letlhoo

Go Fenya Letlhoo

Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore Modimo o leba merafe yotlhe ka tsela e e tshwanang. (Ditiro 10:34, 35) Re leka go thusa batho gore ba fenye letlhoo re dirisa Baebele.

Mo godimo ga moo, ga re eme nokeng mokgatlho ope o o tlhotlheleditsweng ke bomorafe kgotsa go tlhaolana ka lotso. Ka sekai, ka nako ya boNazi, Basupi ba ga Jehofa ba kwa Jeremane le ba dinaga tse dingwe, ba ne ba gana go tshegetsa letsholo la go tlhoa ba bangwe le le neng le eteletswe pele ke Hitler. Basupi ba le makgolo ba ne ba bolawa ka ntlha ya go gana go tshegetsa letsholo la ga Hitler.

Ka tsela e e tshwanang, Basupi ga ba a ka ba kgothaletsa maloko a bone gore ba nne le seabe mo dipolaong tsa semorafe ka 1994 kwa Rwanda. Tota e bile, bangwe ba bone ba ne ba tsenya matshelo a bone mo kotsing le e leng go swa fa ba ne ba leka go sireletsa ba ba neng ba batliwa gore ba bolawe.

E re ka re eletsa go thusa batho botlhe, re gatisa le go anamisa dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng ka dipuo di ka nna 600. Ka jalo, diphuthego tsa rona di amogela batho go “tswa mo merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba le diteme.”—Tshenolo 7:9.