Fetela kwa tshedimosetsong

Boleo Jwa Ntlha ke Eng?

Boleo Jwa Ntlha ke Eng?

Karabo ya Baebele

Adame le Efa ke batho ba ntlha go dira boleo. Ba ne ba dira boleo jwa ntlha, fa ba ne ba tlola molao wa Modimo ka go ja go tswa mo setlhareng sa “kitso ya molemo le bosula.” * (Genesise 2:16, 17; 3:6; Baroma 5:19) Adame le Efa ba ne ba sa tshwanela go ja mo setlhareng seo, se ne se emela taolo kgotsa tshwanelo ya ga Jehofa ya go tlhopha gore ke eng se se siametseng batho. Fa Adame le Efa ba ne ba ja mo setlhareng seo, ba ne ba bontsha gore ba batla go itaola. Go dira jalo go ne go bontsha gore ba nyatsa bolaodi jwa Modimo.

 Boleo jo Adame le Efa ba bo dirileng bo ile jwa ba ama jang?

Ka ntlha ya boleo jo ba bo dirileng, Adame le Efa ba ile ba tsofala ba bo ba swa. Ba ile ba latlhegelwa ke botsala jwa bone le Modimo e bile ga ba a ka ba tlhola ba kgona go tshelela ruri ba itumetse.—Genesise 3:19.

 Boleo joo bo re ama jang?

Adame le Efa ba ile ba fetisetsa boleo jwa bone mo baneng ba bone. Go tshwana le fa batsadi ba ka fetisetsa bokoa bongwe mo baneng ba bone. (Baroma 5:12) Ka jalo batho botlhe fa ba tsholwa, ba tsholwa ba na le boleo, * seo se raya gore re tsholwa ba na le boleo.—Pesalema 51:5; Baefeso 2:3.

Ka gonne ga re a itekanela re a lwala re bo re swa. (Baroma 6:23) Re utlwisiwa botlhoko ke ditlamorago tsa diphoso tse re di dirang le tse batho ba bangwe ba di dirang.—Moreri 8:9; Jakobe 3:2.

 A re ka kgona go gololwa mo ditlamoragong jwa jone?

Ee. Baebele ya re Jesu o ile a swa e le gore e nne “setlhabelo sa thuanyo sa maleo a rona.” (1 Johane 4:10) Setlhabelo sa ga Jesu se ka re golola mo ditlamoragong tsa boleo jo re bo ruileng mo go Adame le Efa mme sa re thusa gore re nne le tsholofelo ya go tshelela ruri re itekanetse.—Johane 3:16. *

 Maaka a batho ba a buang ka “boleo jwa ntlha.”

Maaka: Ga re ka ke ra kgona go nna ditsala tsa Modimo ka gonne re na le boleo.

Nnete: Modimo ga a re pege molato ka se Adame le Efa ba se dirileng. O a itse gore ga re a itekanela e bile ga a a lebelela gore re dire dilo tse a itseng gore ga re ka ke ra kgona go di dira. (Pesalema 103:14) Le fa gone re na le boleo e bile re sa itekanela , re sa ntse re ka kgona go nna ditsala tsa Modimo.—Diane 3:32.

Maaka: Fa motho a kolobediwa o gololwa mo boleong, ka jalo bana ba tlhoka go kolobediwa.

Nnete: Le fa gone go kolobediwa go ka re thusa gore re bolokwe. Go dumela mo setlhabelong sa ga Jesu ke gone fela go ka re phepafatsang mo boleong. (1 Petere 3:21; 1 Johane 1:7) Go ya ka Baebele go nna le tumelo go ikaegile ka go nna le kitso. Ka jalo ga go kgonege gore masea a ka nna le tumelo. Ka jalo, Baebele ga e kgothaletse gore masea a kolobediwa. Seno se bonala sentle mo tseleng e Bakeresete ba bogologolo ba neng ba dira dilo ka yone, ba ne ba sa kolobetse masea mme ba ne ba kolobetsa banna le basadi ba ba dumelang mo Lefokong la Modimo.—Ditiro 2:41; 8:12.

Maaka: Modimo o ile a hutsa basadi ka gonne Efa ke ene wa ntlha go ja mo setlhareng sa kitso ya molemo le bosula.

Nnete: Modimo ga a ka a hutsa basadi mme o ile a hutsa “noga ya kwa tshimologong, e e bidiwang Diabolo le Satane,” e e ileng ya tlhotlheletsa Efa gore a leofe. (Tshenolo 12:9; Genesise 3:14) Mo godimo ga moo Modimo o ile a pega Adame molato wa go bo ba leofile, e seng mosadi wa gagwe.—Baroma 5:12.

Goreng Modimo a ne a re Adame o tla laola mosadi wa gagwe? (Genesise 3:16) Seno ga se reye gore Modimo o ne a itlhokomolosa se ba se dirileng. Mme o ne a tlhalosa ditlamorago tse di botlhoko tsa boleo tse di tla nnang gone mo gare ga monna le mosadi. Modimo o lebeletse gore monna a rate mosadi wa gagwe le go mo tlotla le gore a tlotle le basadi ba bangwe.—Baefeso 5:25; 1 Petere 3:7.

Maaka: Boleo jwa ntlha e ne e le go tlhakanela dikobo.

Nnete: Mabaka a a bontshang gore fa go buiwa ka boleo jwa ntlha go ne go sa buiwe ka tlhakanelodikobo:

  • Fa Modimo a ne a laela Adame gore a se ka a ja mo setlhareng sa kitso ya molemo le bosula, Adame o ne a ise a nne le mosadi.—Genesise 2:17, 18.

  • Modimo o ile a laela Adame le Efa gore ba ate mme ba ntsifale, seno se raya gore ba nne le bana. (Genesise 1:28) E ne e tla bo e le bosetlhogo gore Modimo a otlhae banyalani bano ka go bo ba dirile selo se a ba laetseng gore ba se dire.

  • Adame le Efa ga ba a leofa ka nako e le nngwe—go leofile pele Efa mme moragonyana monna wa gagwe.—Genesise 3:6.

  • Baebele e letlelela gore monna le mosadi ba ba nyalaneng ba tlhakanele dikobo.—Diane 5:18, 19; 1 Bakorintha 7:3.

^ ser. 1 Mafoko a a reng “boleo jwa ntlha” ga a tlhage gope mo Baebeleng. Boleo jwa ntlha jo bo tlhagelelang mo Baebeleng, ke jwa fa Satane a bolelela Efa maaka.—Genesise 3:4, 5; Johane 8:44.

^ ser. 3 Mo Baebeleng lefoko “boleo” ga le reye fela ditiro tse di sa siamang kgotsa bosaitekanelang jo re bo ruileng mo batsading ba rona.

^ ser. 5 Fa o batla go ithuta mo go oketsegileng ka setlhabelo sa ga Jesu le gore se go tswela mosola jang, bona setlhogo se se reng “Jesu o re Boloka Jang?