Fetela kwa tshedimosetsong

Ke Mabaka Afe a Mabedi a a Dirang Gore Modimo a se Arabe Dithapelo Dingwe?

Ke Mabaka Afe a Mabedi a a Dirang Gore Modimo a se Arabe Dithapelo Dingwe?

Karabo ya Baebele

Go na le dithapelo dingwe tse Modimo a sa di arabeng. Ithute ka dilo tse pedi tse di ka dirang gore Modimo a se ka a araba thapelo.

1. Thapelo e e sa Dumalaneng le thato ya Modimo

Modimo ga a arabe dithapelo tse di sa dumalaneng le thato ya gagwe kgotsa dilo tse a batlang gore re di dire tse di mo Baebeleng. (1 Johane 5:14) Ka sekai, Baebele ya re re tile bogagaru. Go betšha go rotloetsa bogagaru. (1 Bakorintha 6:9, 10) Ka jalo, Modimo a ka se arabe thapelo ya gago fa o rapelela go tshwara lothari. Modimo ga se modiradikgakgamatso yo o re direlang sengwe le sengwe se re se kopang. Tota e bile, re leboga go bo a sa nna jalo. Go seng jalo, o ne o ka tshwanelwa ke go boifa se ba bangwe ba neng ba ka kopa Modimo gore a se dire.—Jakobe 4:3.

2. Thapelo ya motsuolodi

Modimo ga a reetse batho ba ditiro tsa bone di bontshang gore ba ikemiseditse go se mo ikobele. Ka sekai, Modimo o ne a raya ba ba ipolelang gore ba a mo direla mme ba tsuologa a re: “Le fa lo dira dithapelo tse dintsi, ga ke a reetsa; diatla tsa lona di tletse tshololo ya madi.” (Isaia 1:15) Mme fa ba ne ba ka tlogela mekgwa ya bone ba bo ba ‘tlhamalatsa dilo’ le Modimo, o ne a ka bo a ba reeditse fa ba rapela.—Isaia 1:18.