Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baebele ya Reng ka Kgang Eno?

Baebele ya Reng ka Kgang Eno?

A Modimo o araba dithapelo tsotlhe?

A O KA RE O ARABA DITHAPELO TSA . . .

  • Batho botlhe

  • Batho bangwe

  • Ga a arabe ope

SE BAEBELE E SE BUANG

“Jehofa o gaufi le botlhe . . . ba ba mmitsang ka boammaaruri.”—Pesalema 145:18.

SE GAPE RE SE ITHUTANG MO BAEBELENG

  • Modimo ga a reetse dithapelo tsa batho ba ba sa mo ikobeleng. (Isaia 1:15) Mme gone, batho bano ba ka ‘tlhamalatsa dilo’ le ene ka go fetola ditsela tsa bone.—Isaia 1:18.

  • Modimo o araba dithapelo tse di dumalanang le thato ya gagwe.—1 Johane 5:14.

A re tlhoka go ema ka tsela nngwe e e kgethegileng fa re rapela?

BATHO BANGWE BA DUMELA GORE ba tshwanetse go khubama, go oba ditlhogo kgotsa go kopanya diatla fa ba rapela. Wena o akanya eng?

SE BAEBELE E SE BUANG

Modimo o ile a araba dithapelo tsa batho ba ba neng ba rapela ba ‘ntse fa fatshe,’ ‘ba eme,’ ba “namaletse” kgotsa ba ‘obile mangole.’ (1 Ditiragalo 17:16; 2 Ditiragalo 30:27; Esera 10:1; Ditiro 9:40) Ga a lebelela gore re mo rapele re eme ka tsela nngwe e e kgethegileng.

SE GAPE RE SE ITHUTANG MO BAEBELENG