Fetela kwa tshedimosetsong

GO THUSA MALAPA

Go Bontshana Lorato

Go Bontshana Lorato

 Fa dingwaga di ntse di ya, banyalani bangwe ba tlogela go bontshana lorato. Fa e le gore go ntse jalo mo lenyalong la gago, ke eng se o ka se dirang?

 Se o tlhokang go se itse

 Go bontshana lorato go tiisa lenyalo. Fela jaaka go ja le go nwa metsi letsatsi le letsatsi go thusa mmele gore o nne o tiile, go bontshana lorato ka dinako tsotlhe go tiisa lenyalo. Le fa monna le mosadi ba na le dingwaga ba le mo lenyalong, ba sa ntse ba tlhoka go gopotsana gore ba a ratana le gore ba a kgathalelana.

 Lorato ga lo pelotshetlha. Lo dira gore o batle go itumedisa motho yo mongwe. Seo se raya gore fa o rata motho, ga o kitla o mmontsha lorato fela ka nako e wena o batlang ka yone, go na le moo, o tla akanyetsa maikutlo a gagwe.

 Gantsi basadi ba rata go bolelelwa le go bontshiwa gore ba a ratiwa. Le fa monna a ka tswa a rata mosadi wa gagwe fela thata, fa a mmontsha gore o a mo rata fela ka nako e e rileng jaaka phakela kgotsa bosigo kana pele ga ba tlhakanela dikobo, seno se ka dira gore mosadi wa gagwe a ikutlwe e kete ga a ratiwe. Go botoka go bontsha lorato ka dinako tsotlhe.

 Se o ka se dirang

 Mmolelele. Mafoko a a jaaka “Ke a go rata” kgotsa “O motho wa botlhokwa” a ka dira gore motho yo o nyalaneng le ene a ikutlwe a ratiwa.

 Baebele ya re: “Molomo o bua se se tletseng mo pelong.”—Mathaio 12:34.

 Kakantsho: Gape o ka mo kwalela, wa mo romelela molaetsa ka e-mail kgotsa ka founo o mmolelela tsela e o mo ratang ka yone.

 Mmontshe. Go haka, go suna le go tshwara motho yo o nyalaneng le ene ka matsogo go ka mmontsha gore o tiisitse fa o mo raya o re o a mo rata. Gape o ka mo tshwara mo legetleng, wa mo leba kgotsa wa mo rekela mpho. Dilo tse dingwe tse monna a ka di direlang mosadi wa gagwe e ka nna go mo tseisa dibeke, go mmulela kgoro, go tlhatswa dijana le diaparo kgotsa go apaya. Dilo tseno tsotlhe di bontsha motho yo o nyalaneng le ene gore o a mo rata.

 Baebele ya re: “A re rateng, e seng ka lefoko [fela] le fa e le ka loleme, mme ka tiro le boammaaruri.”—1 Johane 3:18.

 Kakantsho: Dirang dilo tse lo neng lo tlhola lo di dira fa lo simolola go ratana.

 Ipheng nako ya go iketla mmogo: Go iketla mmogo go tiisa lenyalo e bile go dira gore motho yo o nyalaneng le ene a bone gore ga o borege fa o na le ene. Go bua nnete, go ka nna thata go ipha nako ya go iketla mmogo fa lo na le bana kgotsa fa go na le dilo tse dintsi tse lo tlhokang go bua ka tsone letsatsi le letsatsi. Gongwe lo ka rulaganya go iphutholola maoto lo le babedi fela.

 Baebele ya re: “Lo tlhomamise dilo tse di botlhokwa thata.”—Bafilipi 1:10.

 Kakantsho: Banyalani bangwe ba ba tshwaregileng thata ba ipeela letsatsi kgotsa mafelobeke mangwe a ba ka iketlang ka one.

 Mo itse. Mongwe le mongwe o na le tsela e a batlang go bontshiwa lorato ka yone. Tlotlang ka gore lo ka bontshana jang lorato le gore ke kae mo lo tlhokang go tokafatsa gone. Go tswa foo, dira ka natla go itumedisa motho yo o nyalaneng le ene. Gopola gore go bontshana lorato go tiisa lenyalo.

 Baebele ya re: “Lorato . . . ga lo ipatlele melemo ya lone fela.”—1 Bakorintha 13:4, 5.

 Kakantsho: Go na le go pateletsa motho yo o nyalaneng le ene gore a go bontshe gore o a go rata, ipotse jaana: ‘Ke eng se nka se dirang gore a nthate le go feta?’