Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Banna—Sireletsang Malapa a Lona

Banna—Sireletsang Malapa a Lona

MONNA o tshwanetse go sireletsa mosadi wa gagwe jang? Batho ba bantsi ba rutilwe gore monna o tshwanetse go tlhokomela ba lelapa la gagwe ka madi. Le fa basadi bangwe ba na le dithoto tse dintsi ba ikutlwa ba tlhokomologilwe—tota e bile ba sa phuthologa. Ka sekai, mosadi mongwe wa kwa Spain e bong Rosa o ne a bua jaana ka monna wa gagwe, “O ne a dirisana sentle le batho ba bangwe mme kwa lapeng a le bogale.” Joy wa kwa Nigeria a re, “Fa ke ne ke sa dumalane le mogatsake ka sengwe, o ne a re, ‘O tshwanetse go dira sengwe le sengwe se ke se buang ka gonne ke monna wa gago.’”

Monna yo o nyetseng a ka diragatsa jang maikarabelo a gagwe ka lorato? Monna a ka dira jang gore mosadi wa gagwe a phuthologe a bo a nne “lefelo la boikhutso” la mosadi wa gagwe?—Ruthe 1:9.

SE BAEBELE E SE BUANG KA TAOLO YA MONNA

Le fa monna le mosadi ba lekana mo Modimong, Baebele ya re mongwe le mongwe wa bone o na le seabe sa gagwe mo lelapeng. Baroma 7:2 ya re mosadi yo o nyetsweng o nna “mo molaong wa monna wa gagwe.” Fela jaaka ditheo tse dintsi di tlhoma mookamedi gore a di okamele, Modimo o tlhomile monna gore a nne tlhogo ya mosadi wa gagwe. (1 Bakorintha 11:3) Banna ba tshwanetse go etelela pele mo malapeng a bone.

Banna, lo tshwanetse go dirisa jang taolo e Modimo a lo neileng yone? Baebele ya re: “Tswelelang lo rate basadi ba lona, fela jaaka Keresete le ene a ne a rata phuthego.” (Baefeso 5:25) Boammaaruri ke gore le fa Jesu Keresete a ise a ko a nyale, sekao sa gagwe se ka go thusa go nna monna yo o molemo. Mma re bone gore seo se ka direga jang.

BOTSHELO JWA GA JESU—SEKAO SE SE MOLEMO MO BANNENG

Jesu o ne a thusa e bile a gomotsa batho. Jesu o ne a solofetsa botlhe ba ba gateletsweng le ba ba imetsweng ke mathata jaana: “Tlang mo go nna, . . . mme ke tla lo lapolosa.” (Mathaio 11:28, 29) Gantsi o ne a tlosa dilo tse di neng di ba bogisa a bo a ba thusa go atamalana le Jehofa. Ga go gakgamatse go bo bontsi bo ne bo atamalane le Jesu, bo tlhomamisegile gore o ne a tla tlhofofatsa morwalo wa bone!

Kafa banna ba ka etsang Jesu ka gone. Batla ditsela tsa go thusa mosadi wa gago ka ditiro tse a tshwanetseng go di dira. Basadi ba bantsi ba ikutlwa jaaka Rosa yo o neng a bua jaana ka khutsafalo: “Ke ne ke le lelata la monna wa me.” Monna mongwe yo o bidiwang Kweku yo o leng mo lenyalong le le itumetseng ene a re: “Gantsi ke botsa mosadi wa me gore nka mo thusa ka eng. E re ka ke mo rata, ke nna ke mo thusa ka ditiro tsa mo lapeng.”

Jesu o ne a akanyetsa e bile a le kutlwelobotlhoko. Mosadi mongwe yo o humanegileng o ne a bogisiwa ke bolwetse jo bo botlhoko ka dingwaga di le 12. Fa a ne a utlwa ka dikgakgamatso tsa ga Jesu, “o ne a nna a re: ‘Fa nka ama fela diaparo tsa gagwe tsa kafa ntle ke tla fola.’” O ne a nepile. O ne a atamela Jesu, a tshwara ntlha ya seaparo sa gagwe a bo a fola ka yone nako eo. Le fa batho bangwe ba ba neng ba lebile ba ka tswa ba sweditse ka gore mosadi yono o ne a ipagololela mogodu, Jesu o ne a lemoga gore o ne a tlhoka thuso. * Ka bopelonomi o ne a mo raya a re: “Morwadiaka, . . . o fole mo pobolong ya gago e e hutsafatsang.” Ga a ka a ithiba fela gore a se ka a mo tsenya matlho kgotsa go mo kgalema go na le moo o ne a lemogile le bolwetse jwa gagwe. Seo se ne se bontsha gore ke motho yo o ntseng jang—motho yo o kutlwelobotlhoko.—Mareko 5:25-34.

Kafa banna ba ka etsang Jesu ka gone. Fa mosadi wa gago a sa ikutlwe sentle, mo akanyetse mme o se ka wa mo felela pelo. Leka go leba dilo ka tsela e a di lebang ka yone le go tlhaloganya gore goreng a dira dilo ka tsela e a di dirang ka yone. Ka sekai, Ricardo o tlhalosa jaana, “Fa ke lemoga gore mosadi wa me ga a itumela, ke tila go bua dilo tse di ka gakatsang dilo.”

Jesu o ne a bua le barutwa ba gagwe. Jesu o ne a bolelela ditsala tsa gagwe kafa a ikutlwang ka gone. O ne a re: “Dilo tsotlhe tse ke di utlwileng mo go Rre ke lo di itsisitse.” (Johane 15:15) Ke boammaaruri gore ka dinako tse dingwe Jesu o ne a batla go nna a le nosi a rapela. Mme gantsi o ne a bulela barutwa ba gagwe mafatlha. Bosigo jwa pele a bolawa jaaka senokwane, o ne a ba bolelela a sa fitlhe sepe gore “o hutsafetse thata.” (Mathaio 26:38) Tota le fa dilo tse ba neng ba di dira di ne di mo swabisa, Jesu ga a ka a kgaotsa go bua le ditsala tsa gagwe.—Mathaio 26:40, 41.

Go akanya ka sekao sa ga Jesu go ka thusa motho go nna monna le rre yo o molemo

Kafa banna ba ka etsang Jesu ka gone. Bolelela mosadi wa gago se o se akanyang le kafa o ikutlwang ka gone. Mosadi a ka ngongoregela gore monna wa gagwe o bua thata fa a na le batho ba bangwe mme fa a le kwa lapeng o didimetse. Ela tlhoko kafa Ana a ikutlwang ka gone fa monna wa gagwe a mmulela mafatlha. A re: “Ke a lemoga gore tota o a nthata e bile ke atamalana le ene.”

Tila go didimalela mosadi wa gago fa a dirile sengwe se o sa se rateng. Mosadi mongwe a re, “Fa ke dirile sengwe se monna wa me a sa se rateng, o ne a fetsa malatsi a sa mpuise. O ne a dira gore ke ikutlwe molato e bile ke tlontlolotswe.” Le fa go ntse jalo, Edwin o leka go etsa sekao sa ga Jesu. “Fa ke kgopisega, ga ke arabe ka yone nako eo, ke batla nako e e siameng e re ka rarabololang bothata ka yone.”

Joy, yo go builweng ka ene kwa tshimologong, o bone monna wa gagwe a dira diphetogo fa a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Joy a re, “O dirile diphetogo tse dikgolo e bile o leka ka natla go etsa Jesu ka go nna monna yo o lorato.” Banyalani ba le dimilione ba solegelwa molemo ke thuto eo ya Baebele. A le wena o ka rata gore e go solegele molemo? O ka kopa Mosupi wa ga Jehofa gore a ithute Baebele le wena mahala.

^ ser. 10 Go ya ka Molao wa ga Moshe, boemo jwa mosadi yono bo ne bo dira gore a itshekologe mo kobamelong, ka jalo mongwe le mongwe yo o neng a ka mo ama o ne a tla itshekologa.—Lefitiko 15:19, 25.