Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BAEBELE E FETOLA MATSHELO A BATHO

Baebele e Nneile Dikarabo Tse di Kgotsofatsang

Baebele e Nneile Dikarabo Tse di Kgotsofatsang
  • NGWAGA O A TSHOTSWENG KA ONE: 1987

  • NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: AZERBAIJAN

  • BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: RRE WA MOMOSELEME LE MMÈ WA MOJUDA

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE:

Ke tsholetswe kwa Baku, Azerbaijan, batsadi ba me ba na le bana ba babedi, nna ke wa bobedi. Rre e ne e le Momoseleme, mmè ene e le Mojuda. Batsadi ba me ba ne ba ratana e bile ba dirisana sentle le fa ditumelo tsa bone di farologane. Mama o ne a ema Papa nokeng fa a itima dijo ka paka ya Ramadan, Papa le ene o ne a ema Mama nokeng fa a keteka Tlolaganyo. Kwa lapeng re ne re na le Koran, Torah le Baebele.

Ke ne ke itsaya ke le Momoseleme. Le fa ke ne ke dumela gore Modimo o teng, ke ne ke ipotsa dilo tse dintsi. Ke ne ke ipotsa gore, ‘Goreng Modimo a ne a bopa batho, le gore goreng motho a tshwanetse go boga botshelo jotlhe fa tota a tla tlhokofadiwa ka bosakhutleng kwa diheleng?’ E re ka batho ba ne ba re dilo tsotlhe tse di diregang ke thato ya Modimo, ke ne ke ipotsa gore, ‘A Modimo ke ene a bakelang batho mathata a bo a itumelela go bona ba boga?’

Fa ke le dingwaga di le 12, ke ne ka simolola go rapela namaz, thapelo ya Bamoseleme e e rapelwang gatlhano ka letsatsi. Ka nako eo, Rre o ne a isa nna le nkgonne kwa sekolong sa Bajuda. Dingwe tsa dilo tse re neng re di rutiwa e ne e le meetlo ya Torah le puo ya Sehebera. Pele re simolola dithuto tsa letsatsi le letsatsi, re ne re tshwanetse go rapela go ya ka meetlo ya Bajuda. Mo mosong kwa lapeng ke ne ke rapela namaz, mme moragonyana mo letsatsing fa ke le kwa sekolong ke ne ke rapela thapelo ya Bajuda.

Ke ne ke batla dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tsa me. Gangwe le gape ke ne ke botsa borabi jaana kwa sekolong: “Goreng Modimo a bopile batho? Modimo o leba jang rre yo e leng Momoseleme? Ke monna yo o siameng, ka jalo goreng gotwe o itshekologile? Goreng Modimo a mmopile?” Dikarabo di le mmalwa tse ke di boneng di ne di sa utlwale e bile di sa ntlhatswe pelo.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE:

Ka 2002, ke ne ka kgaotsa go dumela mo Modimong. Morago ga beke re fudugetse kwa Jeremane, rre o ne a itewa ke seterouku mme a idibala ka lobaka lo loleele. Ka dingwagangwaga ke ne ka rapelela gore lelapa la gaetsho le nne le botsogo jo bo molemo le gore le sirelediwe. Ke ne ke tlhomamisegile gore Mothatayotlhe o na le maatla a go laola botshelo le loso, ka jalo letsatsi le letsatsi ke ne ka rapelela gore rre a se ka a swa. Ke ne ka ipolelela jaana, ‘Modimo a ka se palelwe ke go naya mosetsana yo monnye se a se kopang go tswa pelong.’ Ke ne ke tlhomamisegile gore o tla araba thapelo ya me. Mme rre o ne a tlhokafala.

Ke ne ke swabisitswe ke gore Modimo ga a ka a nkaraba. Ke ne ka ipolelela gore ‘Gongwe ga ke rapele sentle kgotsa Modimo ga a yo.’ Ke ne ke utlwile botlhoko e bile ke sa tlhole ke kgona go rapela namaz. Ke ne ke sa tlhaloganye se madumedi a mangwe a neng a se ruta, ka jalo ka swetsa ka gore Modimo ga a yo.

Dikgwedi di le thataro moragonyana, re ne ra etelwa ke Basupi ba ga Jehofa. E re ka re ne re sa tseele Bokeresete kwa godimo, nna le nkgonne re ne re batla go ba bontsha ka bopelontle gore ba ne ba le phoso. Re ne ra ba botsa jaana: “Go tla jang gore Bakeresete ba obamele Jesu, sefapaano, Marea, le medingwana e mengwe fa tota seo se le kgatlhanong le Melao e e Lesome?” Basupi ba ne ba dirisa Baebele go re bontsha bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore Bakeresete ba boammaaruri ga ba a tshwanela go obamela ditshwantsho le gore ba tshwanetse go rapela Modimo fela. Seo se ne sa nkgakgamatsa.

Go tswa foo re ne ra botsa jaana: “Go tweng ka Tharonngwe? Fa e le gore Jesu ke Modimo, go tlile jang gore a tle mo lefatsheng a bo a bolawe ke batho?” Le fano ba ne ba araba dipotso tsa rona ka Baebele ba bo ba re tlhalosetsa gore Jesu ga se Modimo e bile ga a lekane le Modimo. Ka jalo, Basupi ba ne ba tlhalosa gore seno ke sone se se dirang gore ba se ka ba dumela Tharonngwe. Ke ne ke akabetse ka bo ka ipolelela jaana, ‘Ruri ono ke mofuta o sele wa Bakeresete.’

Mme gone ke ne ke sa ntse ke batla go itse gore ke ka ntlha yang fa batho ba swa le gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letla gore re boge. Basupi ba ne ba mpontsha buka ya Kitso e e Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, * e e nang le dikgaolo tse di neng di araba dipotso tsa me. Ka bonako fela ba ne ba simolola go nthuta Baebele.

Mo thutong nngwe le nngwe, ke ne ke bona dikarabo tse di kgotsofatsang tse di theilweng mo Baebeleng. Ke ne ka simolola go itse gore leina la Modimo ke Jehofa. (Pesalema 83:18) Nonofo ya gagwe e kgolo ke lorato lo e seng lwa bopelotshetlha. (1 Johane 4:8) O bopile batho ka gonne a batla gore le bone ba tshele. Ke ne ka simolola go tlhaloganya gore le fa Modimo a letlelela tshiamololo, o e tlhoile e bile o tlile go e fedisa ka bosakhutleng. Ke ile ka ithuta gore go tsuologa ga ga Adame le Efa go baketse batho ditlamorago tse di utlwisang botlhoko. (Baroma 5:12) Dingwe tsa ditlamorago tseo ke go tlhokafala ga batho ba re ba ratang, jaaka rre. Le fa go ntse jalo, mo lefatsheng le lesha le le tlang, Modimo o tla tlosa masetlapelo ano gore ba ba tlhokafetseng ba tsosediwe mo go lone.—Ditiro 24:15.

Baebele e nneile dikarabo tse di kgotsofatsang. Ke ne ka simolola go dumela mo Modimong gape. Fa ke simolola go itse Basupi ba ga Jehofa botoka, ke ne ka lemoga gore ke bakaulengwe mo lefatsheng lotlhe. Ke ne ke kgatlhiwa ke kutlwano le lorato lwa bone. (Johane 13:34, 35) Se ke se ithutileng ka Jehofa se ne sa ntlhotlheletsa gore ke mo direle, ka jalo ka swetsa ka gore ke nne Mosupi wa ga Jehofa. Ke ile ka kolobediwa ka Ferikgong 8, 2005.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE:

Go bona kafa Baebele e tlhalosang dilo ka tsela e e utlwalang ka gone go ne ga tokafatsa botshelo jwa me. Dithuto tse di ka ikanngwang tse di mo Lefokong la Modimo di dira gore ke nne le kagiso ya mogopolo. Ke itumela tota e bile ke gomodiwa ke gore ke tla bona rre gape fa tsholofetso ya tsogo e e mo Lefokong la Modimo e diragadiwa.—Johane 5:28, 29.

Ke na le dingwaga di le thataro ke nyetswe ke monna yo o boifang Modimo e bong Jonathan. Re ithutile gore boammaaruri jo bo malebana le Modimo bo a utlwala e bile bo a tlhaloganyesega le gore ke letlotlo le le tlhwatlhwakgolo. Ke gone ka moo re itumelelang go bolelela ba bangwe se re se dumelang le tsholofelo ya rona. Gompieno ke a itse gore Basupi ba ga Jehofa ga se “mofuta o sele” wa Bakeresete mme ke Bakeresete ba boammaaruri.

^ ser. 15 E e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa, mme gone jaanong e sa tlhole e gatisiwa.