Fetela kwa tshedimosetsong

Se Baitsesaense ba se Buang ka Botshelo

Moitse wa Boboko o Tlhalosa Tumelo ya Gagwe

Porofesa Rajesh Kalaria o tlotla ka tiro ya gagwe le se a se dumelang. Ke eng se se dirileng gore a kgatlhegele saense? Ke eng se se dirileng gore o akanye thata ka gore botshelo bo simologile kae?

Moitse wa Lesea Le le Mo Popelong o Tlhalosa Tumelo ya Gagwe

Porofesa Yan-Der Hsuuw o kile a bo a dumela thutotlhagelelo mme a fetola mogopolo fa a nna moitsesaense wa dipatlisiso.

Moitse wa Tsa Karo o Tlhalosa Tumelo ya Gagwe

Dr. Guillermo Perez o feditse dingwaga tse dintsi a dumela gore dilo di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe, mme jaanong o tlhatswegile pelo gore mmele wa rona o tlhamilwe ke Modimo. Ke eng se se mo fetotseng mogopolo?

Moitse wa Diphilo o Tlhalosa Tumelo ya Gagwe

Ke eng fa ngaka e e kileng ya bo e sa dumele mo Modimong e ile ya simolola go akanya ka Modimo le ka bokao jwa botshelo? Ke eng se se dirileng gore a fetole tsela e a lebang dilo tseno ka yone?

Motlhami wa Software O Tlhalosa Tumelo ya Gagwe

Fa Dr. Fan Yu a simolola tiro ya gagwe ya go dira dipatlisiso a dirisa dipalo, o ne a dumela gore ditshedi di iphetogela go nna tse dingwe. Goreng gone jaanong a dumela gore Modimo ke ene Motlhami le Mmopi wa botshelo?

Moitsefisikisi yo o Dirang Diteko o Tlhalosa Tumelo ya Gagwe

Dintlha tse pedi tsa konokono ka dilo tsa tlhago di ne tsa tlhatswa Wenlong He pelo gore go na le Mmopi.

“Ke Tlhatswegile Pelo Gore Go na Le Mmopi”

Frédéric Dumoulin o ne a tennwe ke bodumedi mme a nna molatolamodimo. Go ithuta Baebele mmogo le tsela e ditshedi di bopilweng ka yone go ne ga mo tlhatswa pelo gore go na le Mmopi?

Moitse wa Biotechnology o Tlhalosa Tumelo ya Gagwe

Fa Dr. Hans Kristian Kotlar a ithuta ka thulaganyo ya mmele wa motho ya go lwantsha malwetse o ne a simolola go ipotsa gore botshelo bo simologile jang. Go ithuta Baebele go ne ga araba dipotso tsa gagwe jang?

Moithuti wa Ditshedi Tse Dinnyennye o Tlhalosa Tumelo ya Gagwe

Tsela e e neng e sa lebelelwa e dikhemikale tse di mo diseleng di raraaneng ka yone e ne ya dira gore Feng-Ling Yang, moitsesaense wa kwa Taiwan, a se tlhole a dumela gore ditshedi di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe. Ka ntlha yang?

Moithuti wa Saense ya Ditshedi o Tlhalosa Tumelo ya Gagwe

Utlwa gore o ile a sekaseka dintlha dife tsa saense le gore ke eng fa a dumela mo Lefokong la Modimo.

Moithuti wa Saense ya Ditshedi o Tlhalosa Tumelo ya Gagwe

Ke eng se se dirileng gore mmatlisisi yono a sekaseke gape gore botshelo bo simologile jang mme ke eng se se mo tlhatswitseng pelo gore Baebele e tswa kwa Modimong?

Moitsedipalo o Tlhalosa Tumelo ya Gagwe

Goreng Porofesa Gene Hwang a tsaya gore se a se dumelang ga se ganetsane le dithuto tsa gagwe?

Motshamekapiano wa Mmino wa Tlelasiki o Tlhalosa Tumelo ya Gagwe

Mmino ka boone o ne wa dira gore motho yono yo e kileng ya bo e le molatolamodimo a dumele mo Mmoping. Ke eng se se dirileng gore a dumele gore Baebele e tswa kwa Modimong?

“Ke Tlhatswegile Pelo Gore Botshelo bo Tlhamilwe ke Modimo”

Bala o utlwe gore ke eng fa moitsesaense a fetotse tsela e a lebang ka yone Baebele, thuto ya go iphetogela ga dilo le tshimologo ya botshelo.