Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 POTSOLOTSO | GUILLERMO PEREZ

Moitse wa Tsa Karo o Tlhalosa Tumelo ya Gagwe

Moitse wa Tsa Karo o Tlhalosa Tumelo ya Gagwe

Bosheng jaana Dr. Guillermo Perez o ne a rola tiro ya go nna mookamedi wa tsa karo kwa bookelong bongwe jwa Afrika Borwa jo bo nang le malao a le 700. Go fetile dingwaga tse dintsi a dumela gore dilo di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe. Mme morago o ne a tlhatswega pelo gore mmele wa motho o tlhamilwe ke Modimo. Tsogang! e ne ya mmotsa ka tumelo ya gagwe.

A o ka re bolelela gore ke ka ntlha yang fa o ne o dumela gore dilo di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe?

Le fa ke godisitswe ke le Mokatoliki, ke ne ke na le dipelaelo ka Modimo. Ka sekai, ke ne ke sa kgone go dumela mo Modimong yo o fisang batho kwa diheleng. Ka jalo fa batlhatlheledi ba me kwa yunibesithing ba nthuta gore ditshedi di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe le gore ga di a bopiwa ke Modimo, ke ne ka amogela kgopolo eo, ke akanya gore e theilwe mo bosuping bongwe. Le fa go ntse jalo, kereke ya me yone e ne e sa ganetse thuto ya gore dilo di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe mme e ne e dumalana le gore thulaganyo eno e kaetswe ke Modimo.

Ke eng se se dirileng gore o kgatlhegele Baebele?

Mosadi wa me e bong Susana o ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, ba ba neng ba mmontsha mo Baebeleng gore Modimo ga a tlhokofatse batho mo molelong wa dihele. * Gape ba ne ba mmontsha tsholofetso ya Modimo ya gore o tla dira polanete ya rona legae la paradaise. * Kgabagare re ne re bone dithuto tse di utlwalang! Ka 1989, Mosupi mongwe yo o bidiwang Nick o ne a simolola go nketela. Fa re ntse re tlotla ka mmele wa motho le gore go tlile jang gore o nne gone, ke ne ka kgatlhiwa ke mafoko a a motlhofo e bile a utlwala a a mo Baebeleng mo go Bahebera 3:4, a a reng “ntlo nngwe le nngwe e agiwa ke mongwe, mme yo o agileng dilo tsotlhe ke Modimo.”

A go ithuta ka mmele wa motho go go thusitse go dumela mo popong?

Ee. Ka sekai, tsela e mmele wa rona o iphodisang ka yone e tlhamilwe ka matsetseleko. Ka sekai, go fola ga ntho go akaretsa dikgato tse nnè tse di latelanang tse di neng tsa nkgopotsa gore fa ke ara, ke a bo ke dirisa thulaganyo e e mo mmeleng ya go iphodisa.

Re bolelele, go diragalang fa mmele wa rona o gobetse?

Mo metsotswaneng e se kae fela, go simolola kgato ya ntlha mo dithulaganyong  tse di diretsweng go emisa go tshologa madi. Dithulaganyo tseno di raraane fela thata e bile di dira sentle. Gape nka re thulaganyo e e tsamaisang madi mo mmeleng, e e nang le mo e ka nnang dikilometara di le 100 000 tsa ditshika tsa madi e tshwanetse ya bo e kgatlha batho ba ba tsenyang diphaepe tsa metsi le go di tlhokomela ka gonne e kgona go kaba mo go dutlang teng le go ipaakanya.

Go diragalang mo kgatong ya bobedi ya mmele ya go iphodisa?

Madi a kgaotsa go tshologa morago ga diura di se kae fela go bo go simolola go ruruga. Go ruruga go akaretsa tatelano e e gakgamatsang ya ditiragalo. Sa ntlha, ditshika tse kwa tshimologong di neng di ngotlegile go fokotsa madi a a tshologang jaanong di dira se se fapaaneng le seo. Di a bulega go oketsa selekanyo se madi a tsamayang ka sone mo karolong e e gobetseng. Go tswa foo, seedi se se nang le poroteine e ntsi se dira gore karolo yotlhe e e gobetseng e ruruge. Seedi seno se thusa go lwantsha megare e e tshwaetsang, go tlhaolosa botlhole le go tlosa dithishu tse di senyegileng. Kgato nngwe le nngwe e tlhoka gore go dirwe dimilione tsa dimolekhule le disele tse di itebagantseng le ditiro tse di rileng mo ditiragalong tse di latelanang. Mme dingwe tsa ditiragalo tseno di simolodisa kgato e e latelang, mme tsone di bo di kgaotsa.

Go fola go tswelela jang?

Mo malatsing a se kae, mmele wa rona o simolola go tlhagisa dilo tse di o baakanyang, e le thulaganyo e e bontshang go simolola ga kgato ya boraro mme e bo e fitlha kwa setlhoeng sa yone mo dibekeng di ka nna pedi. Disele tse di itogang mo godimo ga ntho di ya kwa karolong e e gobetseng di bo di ikoketsa. Gape ditshika tse dinnye tsa madi di a tlhoga le go gola go ela kwa karolong e e gobetseng kwa di tlosang leswe gone di bo di tlisa dikotla tse di oketsegileng ka nako ya go thuba le go baakanya. Mo thulaganyong e nngwe e e raraaneng ya ditiragalo, go dirwa disele tse di kgethegileng tse di dirang gore ntho e tswalege.

Ke tiro e ntsi eo! Go tsaya lobaka lo lo kae gore go baakanya go wele?

Kgato ya bofelo, ya go bopega sesha, e ka tsaya dikgwedi. Marapo a a neng a robegile a boa a nonofa gape fela jaaka kwa tshimologong mme ditlhale tse di neng di logilwe mo godimo ga ntho di emisediwa ka sengwe se se nonofileng. Sotlhe seno ke sekai sa tirisanommogo e e rulagantsweng ka manontlhotlho.

A o gopola tiragalo nngwe e e neng ya go kgatlha thata?

Fa ke bona ka fa mmele o iphodisang ka teng, ke jewa ke kgakge

Ee. Ke gopola ke alafa ngwana wa dingwaga tse 16 yo o neng a bone kotsi e e maswe ya koloi. Mosetsana yono o ne a le mo seemong se se tlhobaetsang, a gagogile lobete e bile a dutlela madi mo teng ga mmele. Dingwaga di se kae tse di fetileng, re ka bo re ile ra mo ara go baakanya lobete kgotsa go lo ntsha. Gompieno dingaka di ikaega thata ka maatla a mmele a go iphodisa. Ke ne ka mo alafa fela megare e e neng e mo tshwaeditse, go tlhaela metsi le madi mo mmeleng le ditlhabi. Dibeke di se kae moragonyana, skene se ne sa bontsha gore lobete lwa gagwe lo ne lo fodile! Fa ke bona kafa mmele o iphodisang ka teng, ke jewa ke kgakge. Mme ke tlhatswega pelo le go feta gore re bopilwe ke Modimo.

Ke eng se se go ngoketseng mo Basuping ba ga Jehofa?

Ke fitlhetse e le batho ba ba botsalano, mme ka metlha ba ne ba araba dipotso tsa me ka Baebele. Gape ke ne ke kgatlhiwa ke kafa ba neng ba rerela ba bangwe ka bopelokgale ka teng le go ba thusa go ithuta ka Modimo.

A go nna Mosupi wa ga Jehofa go go thusitse mo tirong ya gago?

Ee. Sa ntlha, go nthusitse go lepalepana le compassion fatigue, mofuta wa letsapa la maikutlo le gantsi le tshwarang dingaka le baoki ba ba nnang ba dirisana le batho ba ba lwalang kgotsa ba ba gobetseng. Gape fa balwetse ba batla go tlotla, ke ne ke kgona go ba tlhalosetsa tsholofetso ya Mmopi wa rona ya gore o tla fedisa bolwetse le pogo * a bo a tlisa lefatshe le mo go lone go seng ope yo o tla reng, “Ke a bobola.” *