Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Polanete e e Tshelang

Polanete e e Tshelang

Botshelo bo ne bo ka se nne gone mo lefatsheng fa e ne e se ka motseletsele wa ditiragalo tse di mosola tse go tweng di ile tsa direga ka nako e le nngwe go sa lebelelwa. Dingwe tsa tsone di ne di sa itsiwe kgotsa di sa tlhaloganngwe sentle go tla go fitlha mo lekgolong la bo20 la dingwaga. Ditiragalo tseo di akaretsa tse di latelang:

  • Lefelo le polanete ya rona e leng mo go lone mo losagaripeng lwa Molala wa Tladi le mo thulaganyong ya masedi a tlholego, modikologo wa polanete, tsela e e sekameng ka yone, lobelo lo e dikologang ka lone le ngwedi

  • Dilo tse pedi tse di sireletsang lefatshe e leng maatla a makenete le atemosefere

  • Medikologo ya tlholego e e oketsang le go phepafatsa moya le metsi a polanete ya rona

Fa o ntse o sekaseka nngwe le nngwe ya dintlha tseno, ipotse jaana, ‘A dilo tse di mo lefatsheng di itlhagetse fela kgotsa di tlhamilwe ka boikaelelo bongwe?’

“Aterese” e e siameng ya lefatshe

Ruri lefatshe le mo lefelong le le siameng sentle gore dilo di ka tshela mo go lone

Fa o kwala aterese ya gago, o kwala eng? O ka nna wa kwala naga, toropo le seterata se o nnang mo go sone. A re re losagaripa lwa Molala wa Tladi ke “naga,” thulaganyo ya masedi a tlholego—e leng letsatsi le dipolanete tsa lone—yone ke “toropo,” mme mo lefatshe le dikologang teng mo thulaganyong eno ya masedi a tlholego re re ke “seterata.” Ka ntlha ya kgatelopele e e dirilweng mo go tsa thutadinaledi le mo thutong ya fisikisi, baitsesaense ba kgonne go tlhaloganya sentle melemo ya go bo polanete ya rona e le mo lefelong le le siameng mo lobopong.

Sa ntlha, “toropo” ya rona, kgotsa letsatsi le dipolanete tsa lone, e mo lefelong le le siameng tota mo losagaripeng lwa Molala wa Tladi—ga e kgakala thata e bile ga e gaufi thata le bogare jwa losagaripa lono. ‘Lefelo leno le go ka nniwang mo go lone’ jaaka baitsesaense ba le bitsa, le na le dielemente tse di lekaneng sentle tsa dikhemikale tse di thusang gore go nne le botshelo mo go lone. Go ela kwa kgakala thata le bogare jwa losagaripa, dielemente tseno di a tlhaela; mme go ela gaufi le bogare go kotsi thata ka gonne go na le marang a mantsi a a bolayang le dilo tse dingwe tse di kotsi. Makasine wa Scientific American wa re: “Re tshela mo lefelong le le re siametseng tota.”1

“Seterata” se se siameng: “Seterata” sa lefatshe kgotsa tsela e le dikologang mo go yone mo “toropong,” e e leng letsatsi le dipolanete tsa lone, se mo lefelong le le siameng tota. E re ka tsela eo e le bokgakala jwa dikilometara di ka nna dimilione di le 150 go tswa mo letsatsing, e mo lefelong le ditshedi di ka nnang mo go lone ka gonne ga go tsididi thata e bile ga go mogote thata. Mo godimo ga moo, tsela e lefatshe le dikologang mo go yone e batlile e le sediko, mme seo se dira gore sekgala se se fa gare ga polanete ya rona le letsatsi se se ka sa fetoga thata ngwaga otlhe.

Mme letsatsi lone ke motswedi o o siameng tota wa maatla. Bogolo jwa lone bo lekanetse sentle fa bo bapisiwa le lefatshe mme ka metlha le ntsha selekanyo se se siameng sa maatla. Go a tshwanela go bo le bidiwa “naledi e e kgethegileng fela thata.”2

“Moagelani” yo o tshwanetseng: Fa o ne o ka tshwanelwa ke go tlhophela lefatshe “moagelani” yo o tshwanetseng, ga go pelaelo gore o ne o tla tlhopha ngwedi. Bophara jwa yone bo feta kwatara ya bophara jwa lefatshe go se kae. Ka jalo, ngwedi o monnye mo lefatsheng mme gone fa a bapisiwa le dingwedi tse dingwe, tsone di dinnye thata mo dipolaneteng tsa tsone. A seno se itiragaletse fela? Ga go bonale go le jalo.

Tota ngwedi ke yone e dirang gore metsi a lewatle a ye kwa godimo le kwa tlase mme seo se botlhokwa thata ka gonne se thusa gore ditshedi tsa lefatshe le tikologo ya tsone di nne di le mo seemong se se tshwanetseng. Gape ngwedi e thusa gore polanete e dikologe e sa fetoge. Fa ngwedi e ne e sa dirwa ka tsela e e tshwanelang sentle jaana, polanete ya rona e ne e tla dikologa jaaka topo, gongwe e tla e nna e kete e ole ka letlhakore! Mme seo se ne se tla baka diphetogo tse di kotsi mo tlelaemeteng, mo metsing a lewatle le mo dilong tse dingwe.

Tsela e e siameng e lefatshe le sekameng ka yone le e le dikologang ka yone: Lefatshe le sekame ka didikirii di ka nna 23,4 mme seo se dira gore go nne le dipaka tse di farologaneng ngwaga le ngwaga, dithemperetšhara di se ka tsa feta selekanyo le gore go nne le ditlelaemete tse di farologaneng. Buka ya Rare Earth—Why Complex Life Is Uncommon in the Universe ya re: “Tsela e polanete ya rona e sekameng ka yone e bonala e siame fela thata.”3

Gape tsela e lefatshe le dikologang ka yone e dira gore bosigo le motshegare di nne boleele jo bo lekaneng sentle. Fa lefatshe le ka bo le dikologa ka bonya, nako ya motshegare e ne e tla nna telele mme karolo ya lefatshe e e lebaganeng le letsatsi e ne e tla nna mogote mo go feteletseng fa e nngwe yone e ne e tla nna tsididi ka tsela e e feteletseng. Mme fa lefatshe le ne le ka dikologa ka lobelo lo logolo, nako ya motshegare e ne e tla nna khutshwane thata, gongwe diura di le mmalwa fela, mme go dikologa ga lefatshe ka lobelo lo logolo go ne go ka dira gore go nne le ditsuatsue tse di sa feleng le maemo a mangwe a a kotsi thata.

Dilo tse di sireletsang lefatshe

Lefelo le dinaledi le dipolanete tse dingwe di leng mo go lone le kotsi ka gonne le tletse ka marang a a bolayang le maje a a bidiwang di-meteoroid. Le fa go ntse jalo, polanete ya rona e e pududu e bonala e kgona go feta mo gare ga dilo tseno tse di kotsi mme e sa tlhagelwe ke kotsi epe. Ka ntlha yang? Ka gonne lefatshe le sireleditswe ke sesireletsi sengwe se se gakgamatsang—maatla a makenete le atemosefere e e dirilweng ka tsela e e kgethegileng.

Maatla a a sa bonaleng a makenete a lefatshe

Maatla a makenete a lefatshe: Mo bogareng jwa lefatshe go na le metale wa tshipi o o nyerologileng o o dikologang, o o dirang gore polanete ya rona e nne le maatla a magolo a makenete a a fitlhang kwa lefelong le le ka kwa ga atemosefere. Maatla ano a makenete a re sireletsa gore re se ka ra gobadiwa ke marang a a tswang ka kwa ga lefaufau le ke maatla a a kotsi a a tswang mo letsatsing. Maatla ano a a tswang mo letsatsing a akaretsa phefo e e tswang kwa letsatsing, e leng dikarolwana tse dintsintsi tse di nnang di elela tsa diporotone le dieleketerone; melelo e e tswang kwa letsatsing, e mo metsotsong e se kae fela e ntshang maatla a mantsi a a lekanang le a dibomo tsa haeterojene di le dibilionebilione; le go thunya ga karolo e e kafa ntle ya letsatsi e e bidiwang corona, e e thuntshetsang dibilionebilione tsa ditone tsa sere (matter) ka kwa ga atemosefere. O ka kgona go bona matshwao a a bontshang tsela e maatla a makenete ya lefatshe a re sireleditseng ka yone. Melelo e e tswang mo letsatsing le go thunya ga karolo e e kafa ntle ya letsatsi kgotsa corona go baka masedi a a mebalabala a a bonalang kwa karolong e e kwa godimo ya atemosefere gaufi le ntlha e e kwa bokone le e e kwa bophirima ya lefatshe.

Masedi a aurora borealis

Atemosefere ya lefatshe: Digase tseno tse e keteng kobo e e apesitseng lefatshe ga di re neye fela moya o re o hemang mme gape di re sireletsa ka ditsela tse dingwe. Karolo e e kafa ntle ya atemosefere e e bidiwang stratosphere, e na le mofuta wa okosejene e e bidiwang ozone, e e monyang diperesente di ka nna 99 tsa marang a letsatsi [ultraviolet (UV)]. Ka jalo, boalo jwa ozone bo thusa go sireletsa mefuta e e farologaneng ya ditshedi—go akaretsa batho le ditshedinyana tse di mo metsing tse di re nayang bontsi jwa okosejene e re e hemang—gore di se ka tsa bolawa ke marang a a kotsi. Selekanyo sa gase ya ozone e e mo karolong e e kafa ntle ya atemosefere se a fetofetoga. Fa marang a UV a oketsega le sone se a oketsega. Ka jalo, boalo jwa gase ya ozone bo fetoga go ya ka maemo, mme bo sireletsa polanete eno fela thata.

Atemosefere e re sireletsa mo maseding a a bidiwang di-meteor

Gape atemosefere e re sireletsa mo masaleding a dilo tse di wang letsatsi le letsatsi go tswa ka kwa ga lefaufau—dimilionemilione tsa dilo tsa bogolo jo bo sa tshwaneng, dingwe tsa tsone e le dikarolwana tse dinnye mme tse dingwe di lekana le maje a magolo. Bontsi jwa dilo tseno di shela mo atemosefereng, mme di feleletsa e le masedi a a phatsimang a a bidiwang di-meteor. Le fa go ntse jalo, dilo tse di sireletsang lefatshe ga di thibele marang a a tlhokwang ke ditshedi, a a jaaka mogote le lesedi. E bile atemosefere e thusa go anamisa mogote mo lefatsheng lotlhe, mme fa go nna bosigo atemosefere e nna jaaka kobo e e apesitseng lefatshe, e e thibelang mogote o o mo lefatsheng gore o se ka wa fela ka bonako.

Ruri atemosefere le maatla a makenete ke dilo tse di bopilweng ka tsela e e gakgamatsang tse di sa ntseng di sa tlhaloganngwe ka botlalo. Go ka tualo le ka medikologo ya tlholego e e thusang gore go nne le botshelo mo polaneteng eno.

A go itiragaletse fela gore polanete ya rona e sirelediwe ke disireletsi tse pedi tse di dirang ka tsela e e maatla jaana?

Medikologo ya tlholego e e thusang gore go nne le botshelo

Fa toropo e ne e ka se tlhole e nna le moya o o phepa le metsi mme dithulaganyo tsa go tsamaisa leswe di ne di ka emisiwa, batho ba ne ba ka lwala le go swa. Mme gone akanya ka seno: Polanete ya rona ga e tshwane le resetšhurente, e e romelelwang dijo tse di phepa le dilwana go tswa kwa ntle mme matlakala one a ntshediwa kwa ntle. Moya o o phepa o re o hemang le metsi a re a dirisang ga a romelwe go tswa ka kwa ga lefaufau, e bile matlakala ga a isiwe kwa lefaufaung. Mme go tla jang gore lefatshe le nne le le phepa le gore ditshedi di kgone go nna mo go lone? Karabo ke eno: go na le medikologo ya tlholego, e e jaaka modikologo wa metsi, wa khabone, wa okosejene le wa naeterojene, e e tlhalosiwang le go bontshiwa fano ka tsela e e motlhofo go tlhaloganngwa.

Modikologo wa metsi: Metsi a botlhokwa thata mo botshelong. Ga go ope wa rona yo o ka kgonang go nna malatsi a le mantsi a sa nwe metsi. Modikologo wa metsi o dira gore go nne le metsi a a monate le a a phepa mo polaneteng ya rona. Modikologo ono o tla ka dikgato di le tharo. (1) Mogote wa letsatsi o dira gore metsi a mowafale mme a tlhatlogele mo lefaufaung. (2) Marothodi ano a metsi a a phepa fa a fitlha mo lefaufaung a a kopana a bo a nna maru. (3) Maru one a dira gore go nne le pula, sefako kgotsa kapoko, e e welang mo lefatsheng, e bo e mowafala gape go nna metsi mme ka jalo e wetsa modikologo. Ke metsi a le kana kang a a nnang a dirisiwa mo modikologong ono ngwaga le ngwaga? Go fopholediwa gore ke metsi a a lekaneng go khurumetsa lefatshe lotlhe, a a boteng jwa disentimetara di feta 80.4

Modikologo wa khabone le wa okosejene: Jaaka o itse, motho o tshwanetse go hema gore a tshele, ke gore a hemele okosejene mo mmeleng wa gagwe mme a bo a ntsha khabonetaeokosaete. Mme gone, fa batho ba bantsintsi jaana le diphologolo ba dira selo se se tshwanang, go tla jang gore atemosefere ya rona e se ka ya felelwa ke okosejene mme ya penologa ka khabonetaeokosaete? Karabo ya seo re e bona mo modikologong wa okosejene. (1) Mo thulaganyong nngwe e e kgethegileng e e bidiwang fotosentesese, dimela di monya khabonetaeokosaete e re e hemelang kwa ntle, di dirisa yone le maatla a a tswang kwa letsatsing go tlhagisa dikhabohaetereite le okosejene. (2) Fa re hemela okosejene eo mo mebeleng ya rona, re wetsa modikologo oo. Dimela di dira dikhabohaetereite le moya o o phepa o re o hemang mme di dira jalo ka tsela e e phepa, ka matsetseleko le ka tidimalo.

Modikologo wa naeterojene: Gore go nne le botshelo mo polaneteng ya rona, gape go tlhokega dimolekhule tse di tshelang tse di jaaka diporoteine. (A) Gore dimolekhule tseo di nne gone, go tlhokega naeterojene. Se se itumedisang ke gore, diperesente di ka nna 78 tsa atemosefere ya rona ke naeterojene. Dikgadima di fetola naeterojene go nna dielemente tse dimela di ka kgonang go di monya. (B) Go tswa foo dimela di kopanya dielemente tseno tsotlhe go nna dimolekhule tse di tshelang. Ka jalo, diphologolo tse di jang dimela tseo le tsone di nna le naeterojene. (C) Kwa bofelong, fa dimela le diphologolo di swa, dielemente tsa naeterojene tse di leng mo go tsone di kgaoganngwa ke baketeria. Fa di ntse di bola jalo, naeterojene e boela mo mmung le mo atemosefereng, mme seo se wetsa modikologo.

Thulaganyo e e siameng ya go dirisa dilo gape!

Batho ka thekenoloji ya bone ya maemo a a kwa godimo, ba dira gore ngwaga le ngwaga go nne le ditone di le dintsintsi tsa leswe la dilo tse di kotsi tse di ka se kang tsa dirisiwa gape. Le fa go ntse jalo, lefatshe lone le dira gore leswe lotlhe la lone le kgone go dirisiwa gape, ka go dirisa mekgwa e e botlhale ya go fetola leswe ka dikhemikale.

O akanya gore go tlile jang gore lefatshe le nne le dithulaganyo tsa go phepafatsa dilo gore di dirisiwe gape? Mokwadi wa tsa bodumedi le tsa saense e bong M. A. Corey a re: “Fa e ne e le gore tota tsela e ditshedi tse di mo Lefatsheng di dirisanang ka yone mo tikologong e itiragaletse fela, go ne go se kitla go kgonega gore di dirisane mmogo jaana ka tsela e e rulaganeng sentle.”5 A o dumalana le tshwetso eno ya gagwe?