Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 73

Johane o Baakanya Tsela

Johane o Baakanya Tsela

Fa Johane morwa Sekarea le Elisabetha a gola, o ne a nna moporofeti. Jehofa o ne a dirisa Johane gore a bolelele batho gore Mesia o etla. Johane o ne a rera mo nageng go na le go rera mo mafelong a kobamelo kgotsa mo metseng. Batho ba ne ba tswa kwa Jerusalema le kwa Judea go tla go mo reetsa. O ne a ba ruta gore ba ne ba tshwanetse go tlogela go dira dilo tse di bosula gore ba itumedisa Modimo. Batho ba le bantsi ba ne ba fetoga mme Johane a ba kolobetsa mo Nokeng ya Joredane.

Johane o ne a sa tshele botshelo jwa manobonobo. O ne a apara diaparo tse di dirilweng ka letlalo la kamela e bile a ja ditsie le mamepe. O ne a gakgamatsa batho ba le bantsi. Tota le Bafarasai le Basadukae ba ba ikgogomosang ba ne ba tla go mmona. Johane o ne a ba raya a re: ‘Lo tshwanetse go fetoga. Lo se ka lwa akanya gore lo botlhokwa fela ka gonne lo le bana ba ga Aborahame. Seo ga se reye gore lo bana ba Modimo.’

Batho ba le bantsi ba ne ba botsa Johane ba re: ‘Re tlhoka go dira eng gore re itumedise Modimo?’ Johane o ne a raya Bajuda a re: ‘Fa e le gore o na le dikobo tse pedi, tsaya e nngwe o e neye motho yo o e tlhokang.’ A o itse gore ke eng a ne a ba raya jalo? O ne a batla gore ba bone gore fa ba batla go itumedisa Modimo, ba tshwanetse go rata batho ba bangwe.

Johane o ne a raya batho ba ba tsayang lekgetho a re: ‘Lo se ka lwa tsietsa batho.’ O ne a raya masole a re: ‘Lo se ka lwa tsaya pipamolomo kgotsa lwa bua maaka.’

Baperesiti le Balefi ba ne ba tla kwa go Johane mme ba mmotsa ba re: ‘O mang? Batho botlhe ba batla go itse.’ Johane o ne a re: ‘Ke nna lentswe mo nageng, ke isa batho kwa go Jehofa fela jaaka Isaia a porofetile.’

Batho ba ne ba rata dilo tse Johane a neng a ba ruta tsone. Ba le bantsi ba ne ba ipotsa gore a Johane ga se ene Mesia. Mme o ne a ba raya a re: ‘Yo mogolo mo go nna o etla. Ga ke tshwanelege go bofolola bompaatšhane ba gagwe. Nna ke kolobetsa ka metsi mme ene o tla kolobetsa ka moya o o boitshepo.’

“Monna yono o ne a tla e le mosupi, gore a neye bosupi ka ga lesedi, e le gore batho ba mefuta yotlhe ba tle ba dumele ka ene.”—Johane 1:7