Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 1

Matseno a a Tsosang Kgatlhego

Matseno a a Tsosang Kgatlhego

Ditiro 17:22

KGANGKGOLO: Matseno a gago a tshwanetse go tsosa kgatlhego. Tlhomolola ntlha ya konokono mme o bontshe bareetsi lebaka la go bo e le botlhokwa mo go bone.

KAFA O KA DIRANG SEO KA GONE:

  • Dira gore bareetsi ba kgatlhegele se o se buang. Tlhopha potso, ntlha nngwe, maitemogelo kgotsa kgang nngwe ya mo dikgannyeng tsa bosheng e e tla kgatlhang bareetsi.

  • Tlhomolola ntlha ya konokono. Dira gore matseno a gago a thuse bareetsi go lemoga ntlha ya konokono le maikaelelo a puo ya gago.

  • Bontsha lebaka la go bo ntlha ya konokono e le botlhokwa. Dira gore puisano ya gago e tshwanele dilo tse bareetsi ba di tlhokang. Ba tshwanetse go tlhaloganya gore ntlha ya konokono e ka ba thusa jang.