Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 17

Dira Gore Bareetsi ba Tlhaloganye Se o Se Buang

Dira Gore Bareetsi ba Tlhaloganye Se o Se Buang

1 Bakorintha 14:9

KGANGKGOLO: Thusa bareetsi go tlhaloganya se o se buang.

KAFA O KA DIRANG SEO KA GONE:

  • Ithute dintlha tsa puo ya gago ka botlalo. Tlhaloganya dintlha tsa setlhogo sa gago sentle gore o kgone go di tlhalosa ka tsela e e motlhofo o bua ka mafoko a gago.

  • Bua ka bokhutshwane o dirisa mafoko a a motlhofo. Le fa go se phoso go dirisa diele tse di leele, fa o batla gore dintlha tsa konokono di utlwale, dirisa diele tse di khutshwane.

  • Tlhalosa mafoko a a sa tlwaelegang. Fa go kgonega, o se ka wa dirisa mafoko a bareetsi ba sa a tlwaelang. Tlhalosetsa bareetsi mo go oketsegileng fa e le gore o tlhoka go dirisa lefoko le le sa tlwaelegang kgotsa go bua ka mongwe wa mo Baebeleng yo bareetsi ba sa mo itseng, dingwao kgotsa dilo tse di neng di dirisiwa bogologolo.