Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Ruri go Dira Lefatshe Seoposengwe go ka Rarabolola Mathata a Rona?

A Ruri go Dira Lefatshe Seoposengwe go ka Rarabolola Mathata a Rona?

A Ruri go Dira Lefatshe Seoposengwe go ka Rarabolola Mathata a Rona?

“Boagisani jwa lefatshe lotlhe jo re nang le jone gompieno bo na le mathata fela jaaka boagisani jo bo tlwaelegileng. Baagi ba jone ga ba tshwarwe ka go tshwana; ga ba na ditshono tse di tshwanang. Dimilione tsa bone di tingwa ditshono thata jaana mo e bileng ba sa akanyeng gore ke karolo ya boagisani.”—“OUR GLOBAL NEIGHBOURHOOD.”

FATIMA yo o nnang kwa motseng mongwe o mogolo mo Afrika, o itsaya a le lesego. Ga go tshwane, o na le setsidifatsi. Le fa go ntse jalo, legae la lelapa la gagwe ke ntlonyana ya disenke e e agilweng go bapa le diphupu tse tharo tsa mmabole. O nna le baagi ba bangwe ba ka nna halofo ya milione mo setsheng se segolo sa mabitla. Tota le teng mo mabitleng moo batho ba a tlala. O ngongorega ka gore “batho ba le bantsi ba fudugela mo mabitleng ano.”

Dikilometara di ka nna 15 go tswa fa legaeng la ga Fatima, go na le matlo a manobonobo, a a nang le diresetšhurente tsa maratagolejwa le lebala le legolo la kolofo. Karolo e le nngwe fela ya motshameko wa kolofo e ja madi a a fetang a a amogelwang kgwedi le kgwedi ke bontsi jwa batho ba naga eo ya Afrika. Batho ba motse oo ga ba bolo go tshelela mo khumanegong, mme gone mabala a kolofo—a e leng fela a batho ba sekae ba maemo—ke selo se sesha le se se kgopisang. Mo boagisaning jwa rona jwa lefatshe lotlhe, khumo le lehuma di lala mmogo.

Mokgatsha wa Wadi Hadhramaut, o o tsamayang o itsoketsa o raletse naga e e lokgere ya Yemen kwa Botlhabagare, ke tsela ya kgale e ditlhopha tsa batsamai di tsamayang ka yone e e fetang ka metse ya bogologolo e e matoditodi. Fa o latlhela bofofu mo mokgatsheng ono o o kwa kgakala o ka bona go sa fetoga sepe mo go one. Mme gone tebego ya one e ka go tsietsa. Mo motseng o o fa gaufi wa Saywūn, moalogi mongwe wa yunibesithi o kopilwe ke musiamo wa teng go kwala matlotlo otlhe a motse mo Web site. Le fa moalogi yoo e le mosetsana wa mo motseng, o ithutile kwa Ohio, U.S.A. Mo malatsing ano batho le megopolo e mesha ba anama le lefatshe lotlhe go feta le fa e le leng pele.

Dikilometara di ka nna sekete go ela kwa bophirima, kwa Sahara, mokoloko wa dillori tse tharo o tsamaya ka iketlo go ya kwa borwa mo tseleng e e sa tlhanaseleng. Mashala, mongwe wa bakgweetsi, o tlhalosa gore o tshotse dithelebishene, ditshamekadikhasete tsa bidio le disathalaete tse dinnye. Ene ka boene o utlwalela ditiragalo tsa lefatshe ka go lebelela dikgang tsa thelebishene tsa Amerika. O tlhalosa jaana: ‘Rotlhe mo motseng wa rona re na le disathalaete tse dinnye.’ Mafelo a le mantsi mo lefatsheng a kgona go fitlhelela dikgang tsa lefatshe.

Go anama ga batho, megopolo, dikgang, madi, le boranyane, go dirile gore go nne le boagisani jo bosha jwa lefatshe lotlhe jo bo ka solegelang batho molemo. Go dira lefatshe seoposengwe go thusa batho go itse ka setso sa Yemen e bile go thusa Mashala go amogela madi a a ka tshwarang R35 000 mo mosepeleng oo wa dibeke tse tharo. Mme gone, madi ao ga a bonwe ke batho botlhe. Fatima le baagisani ba gagwe ba bona batho ba se kae fela ba ba itumelelang melemo ya go dirwa ga lefatshe seoposengwe, fa bone ba sa ntse ba tshelela mo lehumeng.

Le fa boagisani jwa rona jwa lefatshe lotlhe bo na le mathata, kgang eno ya go dira lefatshe selo se le sengwe ga go bonale e ka tlhola e busediwa morago. A batho ba tla tlogela go lebelela dithelebishene tsa bone, ba latlha difouno tsa bone tsa selula, ba thuba dikhomputara tsa bone kana go tlogela go tlhola ba etela dinaga tse dingwe? A dinaga di ka kgona go itomolola gotlhelele mo dinageng tse dingwe, mo go tsa dipolotiki le mo go tsa ikonomi? Ga go bonale go ka nna jalo. Ga go na ope yo o batlang go kgaogana le melemo ya go dirwa ga lefatshe seoposengwe. Mme go tweng ka mathata a gone? A dira gore batho ba tlhobaele thata e bile a ama matshelo a batho botlhe. Mma re sekaseke ka bokhutshwane mangwe a mathata a a masisi a go dirwa ga lefatshe seoposengwe.

Go se Lekalekane go go Ntseng go Oketsega

Ga go ise go ke go direge gore khumo ya lefatshe e abiwe ka go lekalekana, mme gone go dirwa ga lefatshe seoposengwe mo go tsa ikonomi go okeditse go sa lekalekaneng gareng ga bahumi le bahumanegi. Ke boammaaruri gore, go bonala dinaga dingwe tse di tlhabologang di solegetswe molemo ke go akarediwa mo ikonoming ya lefatshe lotlhe. Baitse ba bolela gore mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng, palo ya batho ba ba tsewang ba humanegile thata kwa India e fokotsegile go tloga go diperesente di le 39 go ya go diperesente di le 26 le gore dilo di ile tsa tokafala jalo mo Asia yotlhe. Patlisiso nngwe e bontsha gore ka 1998, ke diperesente di le 15 fela tsa baagi ba Asia Botlhaba ba ba neng ba itshelela ka $1 ka letsatsi, fa go bapisiwa le diperesente di le 27 dingwaga di le lesome pele ga foo. Le fa go ntse jalo, maemo ano ga a jalo mo lefatsheng lotlhe.

Mo dikgaolong tsa Afrika tsa Sahara le dikgaolo tse dingwe tse di iseng di tlhabologe, madi a batho ba a amogelang a fokotsegile mo dingwageng tse 30 tse di fetileng. Kofi Annan, yo e leng mokwaledimogolo wa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng a re: “Baagi ba lefatshe . . . ba letla gore batho ba ka nna dimilione di le dikete tse 3—ba e batlileng e le halofo ya baagi botlhe ba lefatshe—ba itshelele fela ka $2 kana madi a a kwa tlase ga ao ka letsatsi, mo lefatsheng leno le le nang le khumo e e boitshegang.” Sengwe sa dilo tse dikgolo tse di bakang go se lekalekaneng gono mo setšhabeng ke go se akanyetse batho ba bangwe mo go tsa madi. Larry Summers, yo e kileng ya nna mokwaledi wa ramatlotlo wa United States o tlhalosa gore, “ditheo tsa madi mo lefatsheng lotlhe di tlhokomologa batho ba ba humanegileng. Dibanka ga di batle go tlhoma dikgwebo tsa tsone mo metseng e e humanegileng—ka gonne di se kitla di bona madi a mantsi mo go yone.”

Pharologano e kgolo e e leng gone gareng ga madi a a amogelwang ke bahumi le bahumanegi e dira gore batho le dinaga ba katogane. Bosheng fela jaana madi a motho yo o humileng go gaisa botlhe kwa United States a ne a feta madi otlhe a Baamerika ba bangwe ba ba fetang dimilione di le 100 a kopantswe. Gape go dirwa ga lefatshe seoposengwe go solegetse dikhampani tse di gwebang mo dinageng tse dintsi molemo mme gone jaanong di laola dikgwebo dingwe mo lefatsheng lotlhe. Ka sekai, ka 1998 go ne go na le dikhampani di le lesome fela tse di laolang diperesente di le 86 tsa kgwebo ya difouno e e dirang diranta di le dibilione di le tharo. Gantsi taolo e dikgwebo tseno di nang le yone mo go tsa kgwebo e feta e dipuso di nang le yone, mme jaaka fa mokgatlho wa Amnesty International o bolela, “di tlhokomologa ditshwanelo tsa batho le ditshwanelo tsa badiri.”

Go a utlwala go bo mekgatlho ya ditshwanelo tsa batho e tshwenyegile ka kgang ya gore ke batho ba se kae fela ba ba solegelwang molemo ke khumo ya lefatshe. A o ne o ka rata go nna mo lefelong le diperesente di le 20 tsa bahumi ba lone ba nang le madi a a fetang a bahumanegi ka makgetlo a le 74? Ka ntlha ya thelebishene, diperesente tseo tse 20 tsa batho ba ba humanegileng ba itse sentle kafa beng ka bone ba ba humileng ba tshelang ka teng, le mororo ba ka se kgone go dira sepe go tokafatsa maemo ao a bone. Ga go pelaelo gore go sa lekalekaneng go go feteletseng jalo mo boagisaning jwa lefatshe lotlhe ke gone go go bakang go sa iketlang mo bathong le go ba bolaisa pelo.

Go Dirwa Seoposengwe mo go Tsa Setso

Selo se sengwe se se tshwenyang batho ke go se dumalaneng ga mekgwa ya ditso le go anama ga moya wa go rata dikhumo. Go refosana megopolo ke selo se se tsewang se le botlhokwa thata mo kgannyeng eno ya go dira lefatshe seoposengwe, mme ga go na selo se se rotloetsang seno go gaisa Internet. Ka maswabi, Internet ga e dirisediwe fela go anamisa tshedimosetso e e mosola, dilo tsa setso le tsa kgwebisano. Mafelo mangwe mo Internet a rotloetsa ditshwantsho tse di hepisang, go bolawa ga batho ba ditso tse dingwe, kana go betšha. A mangwe e bile a neela batho ditaelo tse di tlhamaletseng tsa kafa ba ka itirelang dibomo ka teng. Go ntse fela jaaka Thomas L. Friedman a ile a re “go motlhofo thata gore motho a ka kopana le tshedimosetso e e ka mo rotloetsang go dira ditiro tse di sa siamang mo Internet. Mo go yone o ka rakana le mafelo a a dirilweng gore a tshwane le diholo tsa go nwela bojalwa tsa Banasi tse ba neng ba kopana mo go tsone go rotloetsa dikhuduego kana o ka kopana le mekgobekgobe ya ditshwantsho tse di hepisang, . . . mme go se na ope yo o ka go kgalemang.”

Thelebishene le difilimi le tsone di na le tlhotlheletso e kgolo mo tseleng ya go akanya ya batho. Bontsi jwa difilimi bo dirwa kwa Hollywood, e e leng madirelo a magolo a difilimi. Gantsi dilo tse di tlhagisiwang ke madirelo ano a boitlosobodutu di rotloetsa go rata dikhumo, thubakanyo, kana boitsholo jo bo maswe. Dilo tseo di ka tswa di sa tlwaelega mo bathong ba dinaga tse dintsi. Le fa go ntse jalo, dipuso, barutisi le batsadi ga ba kgone go thibela dilo tseno.

Moagi mongwe wa kwa Havana, Cuba, o ile a raya mojanala mongwe wa Amerika Bokone a re: “Re rata setso sa Amerika. [Re] itse bagaka botlhe ba Hollywood.” Gape setso sa Sekgoa se rotloetsa dijo tsa diresetšhurente le dinotsididi tse di nang le gase. Rakgwebo mongwe wa kwa Malaysia o ne a re: “Batho ba mono ba rata sengwe le sengwe se e leng sa Sekgoa, segolobogolo se e leng sa Amerika. . . . Ba rata dijo tsa teng e bile ba batla go tshwana le batho ba teng. Mookamedi wa Kholetšhe ya Havana o ne a bolela jaana a hutsafetse: “Cuba ga e tlhole e le naga e e itlhaotseng. Ga go tlhole go na le dinaga tse di itlhaotseng. Jaanong lefatshe ke selo se le sengwe fela.”

Tlhotlheletso ya setso sa Sekgoa e ama dilo tse batho ba di solofetseng le dikeletso tsa bone. Human Development Report 1998 e ne ya bolela gore “tlwaelo ya gore batho ba batle go nna le dithoto tse dintsi fela jaaka baagisani ba bone e fetogile, jaanong ba batla go tshela botshelo jo bo tshwanang le jwa bahumi le batho ba ba tumileng ba ba ba bonang mo difiliming le mo dithelebisheneng.” Ga go pelaelo gore bontsi jwa batho ba ka se kgone go tshela botshelo jo bo ntseng jalo.

A go Dira Lefatshe Seoposengwe e ka Nna Tharabololo?

Fela jaaka bontsi jwa dilo tse batho ba di dirang, go dira lefatshe seoposengwe go itshupile go na le melemo le masula a gone. Go solegetse batho bangwe molemo mo go tsa ikonomi, e bile go dirile gore go nne le ditlhabologo mo go tsa tlhaeletsano mo lefatsheng lotlhe. Le fa go ntse jalo, go solegetse fela bahumi le batho ba maemo molemo go na le go solegela bahumanegi le batlhoki molemo. Mme megare ya malwetse le dikebekwa di dirisitse go dirwa ga lefatshe seoposengwe ka botlalo go feta kafa dipuso di go dirisitseng ka teng.—Bona mabokoso a a mo tsebeng ya 24 le 25.

Go dirwa ga lefatshe seoposengwe go okeditse mathata a a neng a ntse a le teng mo lefatsheng ka selekanyo se se rileng. Go na le gore go thuse go rarabolola mathata a lefatshe, go bakile mathata mangwe. Go okeditse go tlhaolana ga batho ka maemo mo setšhabeng e bile go gakaditse matshwenyego. Dipuso mo lefatsheng lotlhe di kgaratlhela go dirisa melemo ya go dirwa ga lefatshe seoposengwe mme kafa letlhakoreng le lengwe di leka go sireletsa baagi ba tsone mo mathateng a go a bakang. A di tla atlega? A go dirwa ga lefatshe seoposengwe ka tsela e e molemonyana e ka nna tharabololo? Setlhogo se se latelang se tla sekaseka dipotso tseno.

[Mabokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]

GO DIRA LEFATSHE SEOPOSENGWE KA BOKEBEKWA LE BORUKHUTLHI

Ka maswabi, didirisiwa tsa kgwebo le kgwebisano di ka fetolwa motlhofo fela go nna didirisiwa tsa bokebekwa. Human Development Report 1999 e tlhalosa jaana: “E re ka dikhampani tse di gwebang mo dinageng tse di farologaneng di etelela pele kgang ya go dirwa ga lefatshe seoposengwe mo go tsa ikonomi, le ‘dikebekwa tsa ditšhabatšhaba’—digongwana tsa bokebekwa—di nnile bonako go dirisa go dirwa ga lefatshe seoposengwe ka tsela e e sa siamang.” Bokebekwa jwa digongwana bo ile jwa solegelwa molemo jang ke go dirwa ga lefatshe seoposengwe?

Dikgwebo tse dikgolo tse di gwebang ka tsietso ka diokobatsi jaanong di na le ditshono tse dintsi tse disha tsa go fetisetsa dipoelo tsa tsone tsa dimilionemilione tsa diranta kwa dinageng tse dingwe. Go fedisiwa ga bontsi jwa melawana ya go romelwa ga dithoto le go oketsega ga go eta ga bajanala le gone go dira gore go nne motlhofo gore dikgwebo tseno di kgone go romela diokobatsi kwa dinageng kana kwa dikontinenteng tse dingwe. Selo se se gakgamatsang ke gore, selekanyo sa go dirwa ga khokheine se ile sa oketsega gabedi mme sa opium se ne sa oketsega gararo ka 1990. Bamafia le bone ba itiretse kgwebo e e dirang madi a mantsi ka go gweba ka diaka. Ngwaga le ngwaga ba romela basetsana le basadi ba ka nna 500 000 ka dikepe kwa Yuropa Bophirima go ya go nna diaka—bontsi jwa bone e le ka go patelediwa.

Fela jaaka dikgwebo tse di gwebang mo dinageng tse di farologaneng, mo dingwageng tsa bosheng jaana digongwana tsa bokebekwa di nonotshitse maatla a tsone. Bontsi jwa tsone di dira ditiro tsa tsone mo lefatsheng lotlhe mme di dira lotseno lo lo fopholediwang go diranta di le dibilione di le 17,5 ka ngwaga—lotseno lwa dikuno lo lo fetang lo lo dirwang ke naga ya Fora. *

Internet le yone ke selo se se dirisiwang motlhofo ke bomankge ba ba bolotsana ba dikhomputara. Ka 1995 senokwane sengwe sa dikhomputara se ne sa utswa tshedimosetso e go tweng ke ya boleng jwa mo e ka nnang diranta di le dimilione di le 12 a bo a utswa le dinomore di le 20 000 tsa di-credit card tsa batho. José Antonio Soler, yo e leng mogwebi wa dibanka wa kwa Spain o tlhalosa jaana: “Ga go motlhofo go tshwarwa fa o utswa ka boranyane jo bosha e bile go thusa motho go bona madi a mantsi.”

Dirukhutlhi le tsone di dirisa didirisiwa tsa go dira lefatshe seoposengwe. Ka ntlha ya go gasiwa ga dikgang tsa lefatshe lotlhe, go thopiwa ga bajanala ba le mmalwa ba dinaga tsa Sekgoa kwa dikarolong tse di kwa kgakala tsa lefatshe go ka dira gore maitlhomo a sepolotiki a dirukhutlhi a itsege ka ponyo ya leitlho lefatshe ka bophara.

“BAJANALA” BA BA SA BATLEGENG

Malwetse fela jaaka batho a ka anama le lefatshe lotlhe, mme mangwe a one a kotsi. Porofesa Jonathan M. Mann, yo e leng moitse wa malwetse a leroborobo, o tlhalosa gore “go oketsega thata ga bajanala, dilwana tse di romelwang le go anama ga megopolo e mesha ke gone go go dirang gore malwetse a aname mo lefatsheng lotlhe. Jaanong lefatshe le tlhaselwa thata ke malwetse a a tshelanwang a masha le a a sa bolong go nna teng mme selo se se masisi thata ke gore a a anama.”

Sekai se segolo sa bothata jono ke leroborobo la AIDS, le jaanong le bolayang batho ba ka nna dimilione tse tharo ngwaga mongwe le mongwe. Mo dinageng dingwe tsa Afrika badiri ba kalafi ba boifa gore kgabagare bolwetse jono bo tlile go bolaya peditharong ya makawana otlhe le makgarebe. Kokoano ya Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng Kaga HIV⁄AIDS e bolela jaana: “Le fa mo nakong e e fetileng go kile ga nna le maroborobo a le mantsi a malwetse, dintwa le tlala, ga go ise go ko go direge gore basha ba swe ka bontsi jaana.”

Megare le dibaerase ga se tsone fela “bajanala” ba ba sa batlegeng. Diphologolo, dimela le ditshenekegi dingwe di ile tsa thobela kwa dikontinenteng tse dingwe di tswa kwa mafelong a di tlholegang kwa go one. Gone jaanong mofuta mongwe wa noga e e botlhole ya kwa Australia o tlhasetse Ditlhaketlhake Tsa Pacific mme go ka direga gore e tlile e iphitlhile mo sefofaneng. E setse e batla e fetsa dinonyane tsa sekgwa sa Guam. Semela sa hyacinth se se tswang kwa Amerika Borwa se anametse kwa dinageng tse 50 tsa boboatsatsi, tse kwa go tsone se kabang mesele ya metsi le go senya megobe ya ditlhapi. International Herald Tribune e bega gore, “mefuta ya ‘ditshedi tse di tswang go sele’ e jela ikonomi ya lefatshe mo e ka nnang diranta di le dibilione ngwaga le ngwaga, e anamisa malwetse e bile e senya tikologo fela thata.”

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 26 Mafoko a a reng “lotseno lwa dikuno” a kaya madi otlhe a naga e a bonang ka ditirelo tsa yone le ka lotseno lwa dikuno tsa yone.

[Ditshwantsho]

GO GWEBA KA TSIETSO KA MADI

Mo ditshamekising tse di romelwang

GO GWEBA KA TSIETSO KA KHOKEINE

Khokeine ya boleng jwa R47 000 000 e e fitlhetsweng mo dikoloing tse dikgolo tse di neng di kgabaganya melelwane

DIRUKHUTLHI DI DIRISA MEGARE

Masole a batlana le megare ya bolwetse jwa lobete kwa Capitol Hill, Washington, D.C.

DIBOMO

Bomo ya koloi e thunya kwa Iseraele

GO ANAMA GA AIDS MO LEFATSHENG

Leroborobo la bolwetse jwa AIDS le aname thata jaana mo Afrika Borwa mo e leng gore dikokelo dingwe tsa puso di busa balwetse ba jone

GO ANAMA GA MEFUTA YA DITSHEDI

Noga e e tokwa ya ditlhare e setse e batla e fetsa dinonyane tsa sekgwa sa Guam

SEMELA SA METSI SA HYACINTH

Semela seno se kabatsa mesele ya metsi le dinoka mo dinageng di ka nnang 50

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Money and cocaine smuggling: James R. Tourtellotte and Todd Reeves/U.S. Customs Service; bioterrorism: AP Photo/Kenneth Lambert; burning bus: AP Photo/HO/Israeli Defense Forces; child: AP Photo/Themba Hadebe; snake: Photo by T. H. Fritts, USGS; water hyacinth: Staff CDFA, California Dept. of Food & Agriculture, Integrated Pest Control Branch

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Go dirwa seoposengwe ga lefatshe mo go tsa ikonomi go okeditse go sa lekalekaneng ga bahumi le bahumanegi

[Motswedi wa Setshwantsho]

UN PHOTO 148048/ J. P. Laffont - SYGMA

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Internet e dirisiwa go rotloetsa borukhutlhi