Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lobopo le Botshelo di Nnile Gone Jang?

Lobopo le Botshelo di Nnile Gone Jang?

Lobopo le Botshelo di Nnile Gone Jang?

“Saense e e se nang bodumedi e golafetse, bodumedi jo bo se nang saense bo foufetse.”—Albert Einstein.

RE TSHELA mo nakong e go diregang dilo tse di gakgamatsang ka selekanyo se se iseng se ko se nne gone pele. Dilo tse disha tse di ribololwang go tswa kwa lefaufaung di pateletsa baithutadinaledi go fetola dipono tsa bone kaga tsela e lobopo lo nnileng gone ka yone. Batho ba le bantsi ba kgatlhwa thata ke tsela e e maatlametlo e lobopo lo rulaganeng ka yone mo ba botsang dipotso tseno tse di sa bolong go bodiwa malebana le go nna gone ga rona mo go lone: Go tlile jang gore lobopo le botshelo di nne gone mme ke eng fa di ile tsa nna gone?

Tota le fa re iteba rona ka borona, go tlhaga dipotso tseno ka ntlha ya se se ribolotsweng bosheng jaana ka dijini tsa motho: Go tlile jang gore go nne le mefutafuta ya ditshedi? Fa e le gore di bopilwe, di bopilwe ke mang? Go raraana ga dijini tsa rona ka bogone fela go ne ga dira gore poresidente wa United States a re, “re ithuta malepa a Modimo a dirileng botshelo ka one.” Moitsesaense mongwe yo mogolo yo o nang le seabe mo go ithuteng ka marara a dijini o ne a bua jaana ka boikokobetso: “Re simolola go lemoga lemme fela la ditaelo tsa buka eno e re dirilweng ka yone, e pele e neng e itsiwe ke Modimo fela.” Mme gone go sa ntse go sala dipotso tsa gore botshelo bo nnile gone jang le gore ke eng fa bo ile jwa nna gone?

“Matlhabaphefo a Mabedi”

Baitsesaense bangwe ba bolela gore ditsela tsotlhe tse lobopo lo dirang ka tsone di ka tlhalosiwa ka mabaka a a utlwalang, ga ba dumele gore di amana ka tsela nngwe le maatla a bomodimo. Mme batho ba le bantsi, go akaretsa le baitsesaense, ga ba kgotsofadiwe ke pono eo. Ba leka go tlhaloganya dilo tse di leng gone ka go dirisa saense le bodumedi. Ba akanya gore saense e re thusa go tlhaloganya gore go tlile jang gore rona le lobopo re nne gone, fa bodumedi jone bo re thusa thata go itse mabaka a go bo re le gone.

Fa Freeman Dyson, yo e leng mankge wa fisikisi, a ne a tlhalosa ditsela tseno tse pedi o ne a re: “Saense le bodumedi ke matlhabaphefo a mabedi a batho ba lebang ka one go leka go tlhaloganya lobopo lo logolo lo lo kwa ntle.”

William Rees-Mogg, yo e leng mokwadi o ne a akantsha gore, “saense e tlhalosa dilo tse di ka lekanngwang, bodumedi jone bo tlhalosa dilo tse di ka se kang tsa lekanngwa.” O ne a re: “Saense ga e kgone go tlhagisa bosupi jwa gore go na le Modimo kana go tlhagisa bosupi jo bo ganetsang gore o gone fela jaaka e sa kgone go ntsha bosupi jo bo supang kana jo bo ganetsang gore maitsholo a a siameng ke afe kana gore selo se sentle ke sefe. Ga go na mabaka ape a saense a a laelang gore motho a rate moagisani wa gagwe kana go tlotla botshelo jwa motho . . . Go latola go nna gone ga selo sepe fela se se ka se kang sa tlhalosiwa ka mabaka a saense ke go dira phoso e e masisi, e e sa latoleng fela go nna gone ga Modimo le ga botlhale jwa motho, mme gape e latola le mo e batlang e le sengwe le sengwe fela se re se tsayang se le botlhokwa mo botshelong, go akaretsa le lorato, poko le mmino.”

Dilo Tse Saense e di “Dumelang”

Gantsi dithuto tsa saense di bonala di ikaegile ka dilo tse bone ba di dumelang. Ka sekai, malebana le tsela e botshelo bo simologileng ka yone, bontsi jwa batho ba ba dumelang mo thutotlhagelelong ba tshegetsa megopolo mengwe e e batlang gore motho a bo a dumela “dithuto” dingwe. Ba kopanya dintlha tsa mmatota le dikgopolo tse ba di kabakanyang. Mme fa baitsesaense ba dirisa taolo ya bone go dira gore batho ba dumele thuto e e se nang motheo ya gore dilo di itlhagetse, tota se ba se kayang ke gore: ‘Ga se wena yo o laolang boitshwaro jwa gago, bo laolwa ke kafa mmele wa gago o leng ka teng le kafa dikhemikale tsa mmele wa gago di dirang ka teng.’ Richard Dawkins, yo e leng moitsethutotshelo a re mo lobopong ‘ga go na dilo tse di tlhamilweng, ga go na boikaelelo, ga go na selo se se bosula le se se molemo, go na fela le dilo tse go itiragaletseng fela gore di nne gone.’

Baitsesaense bangwe ba tshegetsa dikgopolo tseo ka go tlhopha go itlhokomolosa dipatlisiso tse di tseneletseng tse di dirilweng ke baitsesaense ba bangwe ba ba sa dumalaneng le megopolo ya bone kaga go nna gone ga botshelo. Go bonala e le selo se se sa kgonegeng gore go itiragalele fela gore dimolekhule tse di raraaneng di ikopanye go bopa sele e le nngwe e e tshelang le fa go setse go fetile dingwaga di le dimilione di le dikete re letile. * Ka gone, dikgopolo tse di feteletseng malebana le tshimologo ya botshelo tse di tlhagang mo dibukeng tse dintsi di tshwanetse go tsewa di se boammaaruri.

Go dumela gore go itiragaletse fela ka tshoganyetso gore botshelo bo nne gone go tlhoka motho tumelo e e fetang ya go dumela mo popong. David Block, yo e leng moithutadinaledi o ne a re: “Motho yo o sa dumeleng gore go na le Mmopi o tshwanelwa ke go nna le tumelo e e fetang ya motho yo o dumelang gore o gone. Fa motho a re ga go na Modimo, o a bo a bua selo se a sa se tshegetseng ka mabaka.”

Dilo tse saense e di ribololang di ka dira gore baitsesaense bangwe ba nne le maikutlo mangwe a tlotlo e e boteng. Albert Einstein o ne a dumela jaana: “Mo baitsesaenseng ba ba botlhale ba ba gone, ga se gantsi o ka fitlhelang go na le yo o se nang maikutlo mangwe a bodumedi. . . . O bontsha maikutlo ao a bodumedi ka go kgatlhwa ke thulaganyo e e manontlhotlho ya melao ya tlholego e e bontshang gore go na le botlhale bongwe jwa maemo a a kwa godimo, jo botlhale jwa motho e seng sepe fa bo bapisiwa le jone.” Le fa go ntse jalo, seno ga se dire gore baitsesaense ba dumele gore go na le Mmopi, Modimo yo e leng wa mmatota.

Dilo Tse Saense e Tlhaelang mo go Tsone

Go a tshwanela gore re nne le tlotlo e e siameng ka kitso le katlego ya saense. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba tla dumela gore le fa gone saense e re thusa go nna le kitso, ga se yone fela motswedi wa kitso. Boikaelelo jwa saense ke go tlhalosa dilo tsa tlholego le go re thusa go tlhaloganya gore go tlile jang gore dilo tseno di nne gone.

Saense e re thusa go tlhaloganya sengwe le sengwe se re se bonang mo lobopong. Mme le fa saense e ka tswa e gatetse pele go le kana kang mo dipatlisisong tsa yone, ga e ka ke ya kgona go araba potso e e botlhokwatlhokwa ya gore ke eng fa lobopo lo ile lwa nna gone.

Tom Utley, yo e leng mokwadi o akgela jaana: “Go na le dipotso dingwe tse saense e ka se di arabeng. Go Thunya go Gogolo go go Tweng go Simolotse Lobopo go ka nna ga bo go diregile dingwaga di le dimilione di le dikete tse di fetileng. Mme gone ke eng fa go ile ga direga? . . . Go tlile jang gore dikarolwana tseo tsa teng di nne gone? Pele ga tsone go ne go na le eng?” Utley o konela jaana: “Go bonala . . . sentle gore saense e ka se ka ya kgona go araba dipotso tse batho ba nyoretsweng dikarabo tsa tsone ka tsela e e ba kgotsofatsang.”

Kitso ya saense e batho ba nnileng le yone ka ntlha ya go rata go itse ga e supe gore batho ga ba tlhoke Modimo, go na le moo tota e tlhomamisa gore re tshela mo lefatsheng le le raraaneng le le le gakgamatsang thata. Batho ba le bantsi ba akanya gore go a utlwala go dumela gore melao ya tlholego le tsela e dikhemikale di fetofetogang ka yone le e DNA e leng ka yone le mefutafuta ya ditshedi tse di leng gone, di bontsha gore go na le Mmopi. Ga go na mabaka a a utlwalang a a ka ganetsang kgang eno.

‘Tumelo e Dumela Dilo Tsa Mmatota’

Fa e le gore go na le Mmopi yo o bopileng lobopo, re ka se ka ra lebelela gore re ka mo itse kana ra itse maikaelelo a gagwe ka go dirisa dithelesekoupo, dimaekerosekoupo, kana didirisiwa tse dingwe tsa saense. Akanya ka mmopi wa letsopa le nkgo e a e bopileng. Tota le fa re ne re ka sekaseka nkgo ka kelotlhoko go le kana kang, e ne e ka se re thuse go itse lebaka la go bo a e dirile. Gore re itse lebaka, re tshwanetse go botsa mmopi wa yone ka boene.

Francis Collins, yo e leng moitsethutotshelo wa dimolekhule, o tlhalosa kafa tumelo le dilo tsa semoya di ka thusang go kaba phatlha e saense e sa kgoneng go e kaba: “Ke ne nka se lebelele gore bodumedi e nne jone jo bo tlhalosang dijini tsa batho, ka tsela e e tshwanang, ke ne nka se lebelele gore saense e nne yone e re tlhalosetsang dilo tsa semoya. Mme malebana le dipotso tse di botlhokwa thata tse di jaaka go re, ‘Ke eng fa re tshela?’ kana ‘Ke eng fa batho ba na le keletso ya dilo tsa semoya?,’ ke fitlhela saense e sa kgone go di araba sentle. Go ile ga tlhaga ditlhamane tse dintsi ka kgang eno mme go tswa foo tsa nyelela. Tumelo yone ga ya ka ya nyelela, e leng se se bontshang gore tumelo e dumela dilo tsa mmatota.”

Go Tlhalosa Lebaka

Fa bodumedi jwa boammaaruri bo araba gore ke eng fa botshelo bo le gone, bo tla bo neela batho melao ya boitshwaro le go ba naya maele a botshelo. Allan Sandage yo e leng moitsesaense o ne a tlhalosa kgang eno jaana: “Buka ya thutotshelo ga e kgone go nthuta tsela e e siameng ya go tshela.”

Dimilione tsa batho mo lefatsheng lotlhe di akanya gore di bone kwa di tshwanetseng go ya teng fa di batla go itse tsela e e siameng ya go tshela. Gape di akanya gore di bone dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tse di jaaka tseno: Ke eng fa re tshela? Mme gone, go tlile go direga eng ka rona mo isagweng? Go na le dikarabo. Mme di ka bonwa kae? Mo bukeng ya bogologolo e e boitshepo mme e le e e anamisitsweng ka bontsi go di gaisa tsotlhe, e leng Baebele.

Baebele e re bolelela gore Modimo o ne a dira gore e kwalwe gore e thuse batho. Isaia 45:18 e bua jaana ka lefatshe: ‘Modimo o ne a sa le bopela lefela, o le bopetse go nniwa.’ Mme o ne a dira lefatshe le na le sengwe le sengwe se batho ba neng ba tla se tlhoka gore ba itumelele botshelo ka botlalo, e seng fela gore ba tshele.

Batho ba ne ba abelwa go tlhokomela lefatshe, ‘gore ba le leme le go le tlhokomela.’ (Genesise 2:15) Gape Baebele e tlhalosa gore kitso le botlhale ke dimpho tse di tswang kwa Modimong le gore re tshwanetse go ratana le go dirisana ka tshiamo. (Jobe 28:20, 25, 27; Daniele 2:20-23) Ka gone, batho ba ka kgona go itse lebaka la go bo re tshela fa fela ba ka itse Modimo le go dumela dilo tse a ikaeletseng go ba direla tsone. *

Gompieno motho a ka baakanya jang pharologano e kgolo e e leng gone gareng ga tsela e saense e lebang dilo ka yone le e bodumedi bo di tlhalosang ka yone? Ke melaometheo efe e e ka thusang motho go dira jalo?

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 11 Bona buka ya Is There a Creator Who Cares About You?, kgaolo 3, “Botshelo bo Nnile Gone Jang?,” e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 26 Go bona dintlha ka botlalo, bona boroutšhara jwa Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe? O Ka Le Bona Jang?, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Se Baitsesaense Bangwe ba se Buang

Batho bangwe ba akanya gore bontsi jwa baitsesaense ba tila go bua ka dilo tsa semoya kana tsa bodumedi ka gonne bontsi jwa bone e se batho ba bodumedi kana ka go bo ba sa batle go nna le seabe mo dikganetsanong tsa batho ba saense le ba bodumedi. Baitsesaense bangwe ba ntse jalo, mme e seng botlhe. Ela tlhoko se baitsesaense bano ba neng ba tshwanelwa ke go se bua.

“Go na le nako e lobopo lo simologileng ka yone, mme baitsesaense ga ba kgone go tlhalosa gore ke eng fa lo le gone. Karabo ke go re, ke Modimo.” “Ke tsaya Baebele e le buka e e boammaaruri le e e tlhotlheleditsweng ke Modimo. Go tshwanetse ga bo go na le mongwe yo o botlhale yo o dirileng dilo tse di raraaneng tse di tshelang.”—Ken Tanaka, moitsijioloji ya dipolanete kwa U.S. Geological Survey.

“Go farologana ga kitso (ya saense le bodumedi) ke go go itiretsweng. . . . Kitso ka ga Mmopi le kitso ka ga popo di a amana.”—Enrique Hernández, mmatlisisi le porofesara kwa Lefapheng la Fisikisi le Khemiseteri, kwa Yunibesithing ya Boditšhaba e e Ikemetseng ya Mexico.

“Fa re ntse re godisa kitso ya rona [ka ga dijini tsa motho], e tla bontsha kafa di raraaneng ka teng, le ka moo di ikaegang ka tse dingwe ka gone. Seno se tla senola gore go na le mmopi yo o botlhale, mongwe yo o botlhale.”—Duane T. Gish, moitsesaense ya ditshedi.

“Saense le bodumedi ga di farologane. Ka bobedi di batla boammaaruri jo bo tshwanang. Saense e ntsha bosupi jwa gore go na le Modimo.”—D.H.R. Barton, porofesa wa khemiseteri, kwa Texas.

[Metswedi ya Ditshwantsho]

NASA/U.S. Geological Survey

Photo: www.comstock.com

NASA and The Hubble Heritage Team (STScI/AURA)

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

A dipatlisiso tsa saense di ka re thusa go itse lebaka la go bo re tshela?

[Motswedi wa Setshwantsho]

Courtesy Arecibo Observatory/David Parker/Science Photo Library

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 6]

Stars on pages 2, 3, 5, and top of page 7: National Optical Astronomy Observatories