Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mabaka a go Ikanya Baebele

1. Ditiragalo Tse e di Begang di Boammaaruri

1. Ditiragalo Tse e di Begang di Boammaaruri

Go ka nna thata go ikanya buka e e nang le diphoso tse dintsi. Akanya fela o bala buka nngwe ya hisitori ya segompieno e e tlhalosang gore ntwa ya lefatshe ya bobedi e nnile ka dingwaga tsa bo1800 kgotsa e re poresidente ya kwa United States ke kgosi. A diphoso tse di ntseng jalo di ka se ka tsa tsosa dipelaelo mo tlhaloganyong ya gago malebana le go ikanyega ga buka eo?

GA GO ope yo o kileng a ganetsa boammaaruri jwa ditiragalo tsa Baebele. E bua ka batho ba mmatota le ditiragalo tsa mmatota.

Batho.

Batshwayadiphoso ba Baebele ba belaela kgang ya gore Ponto Pilato, molaodi wa Moroma wa kwa Judea yo o neng a neela Jesu batho gore ba mmapole o kile a nna teng. (Mathaio 27:1-26) Bosupi jwa gore Pilato o kile a bo a le molaodi wa Judea bo gabilwe mo lejeng le le ileng la ribololwa kwa boemakepeng jwa Mediterranean jwa motse wa Kaesarea ka 1961.

Pele ga 1993, go ne go se na bosupi bope kwantle ga jo bo leng mo Baebeleng jwa gore tota Dafide, modisa yo mosha yo o pelokgale, yo moragonyana a ileng a nna kgosi ya Iseraele o kile a bo a le teng. Le fa go ntse jalo, ka one ngwaga oo, baithutamarope ba ile ba ribolola leje le lentsho kwa bokone jwa Iseraele, le le neng e le la lekgolo la borobongwe la dingwaga B.C.E., leje le bomankge ba reng le kwadilwe mafoko a a reng “Ntlo ya ga Dafide” le “kgosi ya Iseraele.”

Ditiragalo.

Ke gone bosheng jaana bakanoki ba le bantsi ba dumelang pego ya Baebele e e malebana le setšhaba sa Edoma se se ileng sa lwa le Iseraele ka nako ya ga Dafide. (2 Samuele 8:13, 14) Ba bolela gore Edoma, e ne e le lefelonyana fela la badisa ka nako eo mme ga ya ka ya nna lefelo le go nnang batho mo go lone kgotsa le le nang le maatla a a lekaneng go ka tshosetsa Iseraele go fitlha moragonyana thata. Le fa go ntse jalo, dilo tse di ribolotsweng bosheng jaana di bontsha gore “Edoma e ne e le lefelo le legolo makgolokgolo a dingwaga a a fetileng [go na le jaaka go ne go akanngwa pele], jaaka go bontshitswe mo Baebeleng,” go bolela jalo setlhogo sengwe mo lokwalopakeng lwa Biblical Archaeology Review.

Direto tse di tshwanelang.

Go ne go na le babusi ba le bantsi mo lefatsheng mo lekgolong la bo16 la dingwaga fa Baebele e ne e kwalwa. Fa Baebele e bua ka mmusi, ka metlha e dirisa sereto se se tshwanelang. Ka sekai, e bitsa Herode Antipase sentle e re ke “mmusi wa kgaolo” le Galio e re ke “molaodi wa kgaolo.” (Luke 3:1; Ditiro 18:12) Esera 5:6 e bua ka Tatenai, wa porofense ya Peresia e re ke molaodi “yo o ka kwa ga Noka,” Noka ya Euferatese. Ledi le le dirilweng ka lekgolo la bonè la dingwaga B.C.E. le lone le gabilwe mafoko a a tshwanang, a a tlhalosang molaodi wa Peresia e bong Mazaeus e le mmusi wa porofense “E e ka kwa ga Noka.”

Go tlhoka diphoso le mo ditlhalosong tse dinnye ke selo se se botlhokwa. Fa re ka kgona go ikanya bakwadi ba Baebele le mo dilong tse dinnye, seo se tshwanetse sa nonotsha tumelo ya rona mo dilong tse dingwe tse ba di kwadilweng.