Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Buka e e Tlhomologileng

Buka e e Tlhomologileng

“Baebele ke buka e e anamisitsweng thata mo hisitoring.”—The World Book Encyclopedia.

DINGWAGA tse di fetang 550 tse di fetileng, motlhami mongwe wa Mojeremane e bong Johannes Gutenberg o ne a simolola go dirisa motšhine o o gatisang. Buka ya ntlha e kgolo e a neng a e gatisa e ne e le Baebele. * Fa e sa le ka nako eo, go ile ga gatisiwa dibilione tsa dibuka tse di buang ka sengwe le sengwe se o ka akanyang ka sone. Le fa go ntse jalo, Baebele e tlhomologile thata go di gaisa tsotlhe.

  • Go fopholediwa gore go gatisitswe Dibaebele tse di fetang dibilione di le 4,7 (e feletse kgotsa bontlhanngwe jwa yone). Palo eo ke selekanyo sa dikhopi tsa kgatiso e nngwe e e anamisitsweng thata mo lefatsheng ya Quotations From Chairman Mao e menagane ka makgetlho a le matlhano.

  • Bosheng jaana, mo ngwageng o le mongwe fela, go ile ga anamisiwa dikhopi tse di fetang dimilione di le 50 tsa Baebele yotlhe e feletse kgotsa bontlhanngwe jwa yone. Makasine wa The New Yorker o ne wa bega jaana: “Mo ngwageng, Baebele e nna buka e e rekwang go gaisa tse dingwe tsotlhe, seo se direga ngwaga le ngwaga.”

  • Baebele e ile ya ranolwa yotlhe kgotsa bontlhanngwe jwa yone mo dipuong tse di fetang 2 400. Bobotlana karolo e e rileng ya Baebele e teng ka dipuo tse di buiwang ke diperesente tse di fetang 90.

  • Mo e ka nnang sephatlho sa bakwadi ba Baebele ba ile ba wetsa go e kwala pele ga go tsholwa ga ga Confucius, motlhalefi mongwe yo o itsegeng thata wa Mo-China, le Siddhārtha Gautama, yo e leng mosimolodi wa bodumedi jwa Bobuda.

  • Baebele e ile ya nna le tlhotlheletso e kgolo mo ditirong tsa botswerere tse di akaretsang ditshwantsho tse di takilweng tse di tumileng mo lefatsheng, mmino le dikgatiso.

  • Baebele e ile ya nna e ntse e le teng le fa e ile ya thibelwa ke mebuso, ya fisiwa ke baganetsi ba bodumedi le go tlhaselwa ke batshwayadiphoso. Ga go na buka epe e nngwe mo hisitoring e e ileng ya ganediwa thata jaana—mme ya nna e ntse e le teng.

Dintlha tse di umakilweng fa godimo di tlhomologile tota. Gone ke boammaaruri gore ditlhaloso tse di kgatlhang le dipalopalo tseno ka botsone fela ga di supe gore Baebele e a ikanyega. Mo ditlhogong tse di latelang, re tla sekaseka mabaka a le matlhano a go bo batho ba le dimilione ba ile ba tlhatswega pelo gore tota Baebele e ka ikanngwa.

^ ser. 3 Baebele e e gatisitsweng ke Gutenberg e ne e le thanolo ya Selatine mme e ile ya wediwa mo e ka nnang ka 1455.