Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Basupi ba ga Jehofa ba Dumela Eng?

Basupi ba ga Jehofa ba Dumela Eng?

Dilo tse Basupi ba ga Jehofa ba di dumelang ga se sephiri, ka gonne dikgatiso tsa bone di ka bonwa ka dipuo di le makgolokgolo. Fa tlase fano ke tshobokanyo ya dilo dingwe tse ba di dumelang.

1. Baebele

Basupi ba dumela gore “lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo.” (2 Timotheo 3:16) Jason D. BeDuhn, yo le ene e leng porofesa ya dithuto tsa bodumedi o ne a kwala jaana: “[Basupi ba ga Jehofa ba theile] dilo tse ba di dumelang le tse ba di dirang mo tshedimosetsong ya Baebele ba sa akanyetse kwa pele gore ba tla fitlhela eng mo go yone.” Ba dumalanya se ba se dumelang le Baebele; ga ba e tlhalose ka tsela ya gore e tsamaisane le se ba se dumelang. Ka tsela e e tshwanang, ba lemoga gore ga se sengwe le sengwe se se mo Baebeleng se se tshwanetseng go tsewa fela jaaka se ntse. Ka sekai, malatsi a le supa a popo, ke a tshwantshetso, a kaya sebaka se seleele sa nako.—Genesise 1:31; 2:4.

2. Mmopi

Modimo wa boammaaruri o ineile leina—Jehofa (kgotsa Yahweh, jaaka le dirisiwa mo Jerusalem Bible ya Katoliki ya Roma le jaaka bakanoki bangwe ba motlha wa rona ba batla gore le bidiwe)—le le mo tlhaolang mo medimong ya maaka. * (Pesalema 83:18) Leina la Modimo le le kwadilweng ka tsela ya Sehebera le tlhaga ka makgetlo a a ka nnang 7 000 mo mekwalong ya ntlhantlha ya Dikwalo. Fa Jesu a ne a gatelela botlhokwa jwa leina la Modimo, o ne a bolela jaana mo thapelong ya gagwe ya sekao: “A leina la gago le itshepisiwe.” (Mathaio 6:9) Go a tshwanela go bo Modimo a batla boineelo jo bo feletseng. Ka jalo, Basupi ga ba dirise mekgabiso ya ditshwantsho kgotsa ditshwantsho dipe mo kobamelong ya bone.—1 Johane 5:21.

3. Jesu Keresete

Ke Mmoloki, “Morwa Modimo,” le “leitibolo la popo yotlhe.” (Johane 1:34; Bakolosa 1:15; Ditiro 5:31) E re ka a bopilwe, ga se karolo ya Tharonngwe. Jesu o ne a re: “Rara o mogolo bogolo go nna.” (Johane 14:28) Jesu o ne a tshela kwa legodimong pele ga a tla mo lefatsheng mme morago ga loso lwa gagwe lwa go intsha setlhabelo le tsogo ya gagwe, o ne a boela kwa legodimong. “Ga go na ope yo o tlang kwa go Rara fa e se ka [ene].”—Johane 14:6.

4. Bogosi Jwa Modimo

Ke puso ya mmatota ya kwa legodimong e e nang le Kgosi—Jesu Keresete—le babusi mmogo le ene ba le 144 000, ba ba “rekilweng mo lefatsheng.” (Tshenolo 5:9, 10; 14:1, 3, 4; Daniele 2:44; 7:13, 14) Ba tla busa lefatshe, le go tla tlosiwang boikepo jotlhe mo go lone mme le nniwe ke dimilione di le dintsi tsa batho ba ba boifang Modimo.—Diane 2:21, 22.

5. Lefatshe

Moreri 1:4 ya re: “Lefatshe le nnetse ruri.” (Baebele e e Boitshepo) Fa baikepi ba sena go senngwa, lefatshe le tla dirwa paradaise mme batho ba ba siameng ba tla nna mo go lone ka bosakhutleng. (Pesalema 37:10, 11, 29) Ka gone, mafoko a a mo thapelong ya ga Jesu a a reng “go rata ga gago a go dirwe mo lefatsheng” a tla bo a diragaditswe.—Mathaio 6:10, Baebele e e Boitshepo.

6. Boporofeti jwa Baebele

‘Modimo a ka se ka a aka.’ (Tito 1:2) Ka jalo, se a se bolelelang pele ka metlha se a diragala, go akaretsa le boporofeti jwa Baebele jo bo kaga bokhutlo jwa lefatshe leno. (Isaia 55:11; Mathaio 24:3-14) Ke bomang ba ba tla falolang tshenyego e e tlang? 1 Johane 2:17 ya re: “Yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.”

7. Balaodi ba lefatshe

Jesu o ne a re: “Duelang Kaesara dilo tsa ga Kaesara, mme Modimo dilo tsa Modimo.” (Mareko 12:17) Ka jalo, Basupi ba ga Jehofa ba ikobela melao ya naga fa e sa thulane le melao ya Modimo.—Ditiro 5:29; Baroma 13:1-3.

8. Go rera

Jesu o ne a bolelela pele jaana: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi” di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe pele ga bokhutlo jwa lefatshe leno. (Mathaio 24:14) Basupi ba ga Jehofa ba go tsaya e le tlotla go nna le seabe mo tirong eno e e bolokang matshelo. Gone mme, batho ke bone ba itlhophelang go reetsa kgotsa go se reetse. Baebele ya re: “Le fa e le mang yo o eletsang, a a tseye metsi a botshelo mahala.”—Tshenolo 22:17.

9. Kolobetso

Basupi ba ga Jehofa ba kolobetsa fela batho ba ka ntlha ya go ithuta Baebele ka botlalo, ba batlang go direla Modimo e le Basupi ba gagwe. (Bahebera 12:1) Batho bano ba bontsha gore ba ineetse mo Modimong ka go kolobediwa mo metsing.—Mathaio 3:13, 16; 28:19.

10. Pharologano fa gare ga baruti le batho fela

Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Lona lotlhe lo bakaulengwe.” (Mathaio 23:8) Bakeresete ba bogologolo, go akaretsa le bakwadi ba Baebele, ba ne ba se na setlhopha sa baruti. Seno ke sone sekao sa Baebele se Basupi ba ga Jehofa ba se latelang.

^ ser. 4 Basupi ba ga Jehofa ga ba a itlhamela leina “Jehofa.” Makgolo a mantsi a dingwaga a a fetileng, leina la Modimo le ne le kwalwa e le “Jehofa” mo dipuong di le dintsi tse e seng tsa motlha wa Baebele, go akaretsa Seesemane le Sejeremane. Ka maswabi, baranodi ba Baebele ba motlha wa rona ba ile ba emisetsa leina la Modimo ka direto tse di jaaka “Modimo” le “Morena” mme ka go dira jalo ba bontsha fa ba tlontlolola Mokwadi wa Baebele ka tsela e e feteletseng.