Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O Itse Eng ka Basupi ba ga Jehofa?

O Itse Eng ka Basupi ba ga Jehofa?

Mmegi mongwe yo o sa ntseng a thapisiwa wa kwa Denmark o ne a kwala jaana: “Ke badile thata ka Basupi ba ga Jehofa mo Internet, ka utlwa magatwe mangwe mme ke ne ka reetsa dipuo tse dintsi tsa letlhoo tse di buiwang ka bone. Ka ntlha ya seo, ke ne ka nna le boikutlo jo bo sa siamang gotlhelele ka Basupi ba ga Jehofa”

MORAGO ga foo mmegi yoo o ne a botsolotsa lelapa lengwe la Basupi. Matswela e nnile eng? O ne a re: “Tsela e ke neng ke ba leba ka yone e ne ya fetoga fela fa ke ne ke tsena mo ntlong ya bone! Gongwe batho ga ba ba itse sentle, kgotsa gongwe rotlhe re itlhaganelela go ba atlhola. Ke a itse gore le nna ke ne ke dira jalo. Mme ke ne ka lemoga gore ke ne ke le phoso.”—Cecilie Feyling, wa Jydske Vestkysten.

Ka ntlha ya go dirisana le Basupi ba ga Jehofa mo tirong, mogakolodi mongwe wa badiri ba mabenkele a khampani e le nngwe kwa Yuropa o fitlhetse gore, ke babereki ba ba ikanyegang. Ka ntlha ya seo, o ne a thapa Basupi thata.

Gone ke boammaaruri gore Basupi ba ga Jehofa ba itsiwe thata ka tiro ya bone ya go rera phatlalatsa. Ba fitlhela gore batho bangwe ga ba batle go tlotla ka Baebele mme ba bangwe bone ba rata go tlotla ka yone. Tota e bile, batho ba ba fetang dimilione di le supa, mo e ka nnang mo nageng nngwe le nngwe, ba ithuta Baebele ka metlha le Basupi mme moragonyana bangwe ba baithuti bano le bone ba nna barutisi ba Baebele. Ka sekai, kwa United States, Lekgotla la Ditšhaba la Dikereke le bega gore mo madumeding a magolo thata a le 25, Basupi ba ga Jehofa ke nngwe ya madumedi a le manè fela a a itshupileng a gola.

Ke eng fa batho ba le dimilione ba ithuta Baebele le Basupi? Dithuto tseno di tshwarwa jang? A go lebeletswe gore baithuti le bone ba nne Basupi? Tota le fa o sa batle go nna Mosupi, o tshwanetse go bona dikarabo tse di boammaaruri. Ka jalo, o se ka wa reetsa magatwe a a anamisiwang ka ntlha ya letlhoo, go na le moo batla tshedimosetso e e boammaaruri. Mo go Diane 14:15 Baebele ya re: “Motho yo o sa tlhalefang o dumela lefoko lengwe le lengwe le a le utlwang; motho yo o botlhale o tlhaloganya gore o tlhoka bosupi.”—The New English Bible.

E kete kgatiso eno ya Tsogang! e ka go thusa go tlhaloganya Basupi ba ga Jehofa ka botlalo le ka tsela e e siameng. Ee ruri, lebaka la go bo o bala makasine ono le bontsha gore o amogela dikgopolo tse disha e bile o leba dilo ka tekatekano. Ka gone, ke eng o sa dire seno: Fa o ntse o bala ditlhogo tse nnè tse di latelang le mabokoso a tsone, lebelela ditemana tse di umakilweng mo Baebeleng ya gago. * Go dira jalo go botlhale e bile jaaka Baebele e bolela, ‘ke go nna le mogopolo o o bulegileng.’—Ditiro 17:11.

^ ser. 7 Fa e le gore ga o na Baebele mme o kgona go dirisa Internet, o ka nna wa sekaseka ditemana tseno mo atereseng eno ya Internet ya www.watchtower.org. O tla bona lebokoso le le nang le setlhogo se se reng Bala Baebele mo Internet.” Mo godimo ga moo, aterese eno ya Internet e na le dikgatiso tsa Baebele ka dipuo tse di fetang 380.