Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng fa Balatedi ba ga Jesu ba Boammaaruri ba Tlhoilwe?

Ke Eng fa Balatedi ba ga Jesu ba Boammaaruri ba Tlhoilwe?

Baebele ya Reng

Ke Eng fa Balatedi ba ga Jesu ba Boammaaruri ba Tlhoilwe?

“Batho ba tla lo isa kwa pitlaganong e bile ba tla lo bolaya, mme lo tla nna ba ba tlhoilweng ke ditšhaba tsotlhe ka ntlha ya leina la me.” —Mathaio 24:9.

JESU o ne a bua mafoko ao malatsi a sekae fela pele ga a bolawa ka tsela e e setlhogo. Mo bosigong jwa pele ga loso lwa gagwe, o ne a raya baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang a re: “Fa ba mpogisitse, ba tla lo bogisa le lona.” (Johane 15:20, 21) Mme gone, ke eng fa batho ba tlhoile batho ba ba ikobelang Jesu e bile ba leka go tshwana le ene? Tota e bile, Jesu o ne a thusa batho ba bangwe, a gomotsa bahumanegi e bile a naya ba ba gateletsweng tsholofelo.

Baebele e senola mabaka a a kgethegileng a go bo go ne go na le letlhoo le le ntseng jalo. Fa re sekaseka mabaka ano, re tla bona gore ke ka ntlha yang fa batho ba ba latelang Keresete ba lebana le dikganetso di le dintsi tse di tshwanang le tse a neng a lebana le tsone.

Baganetsi ba ka Tswa ba Dira Jalo ka Ntlha ya go Tlhoka Kitso

Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Nako e etla fa mongwe le mongwe yo o lo bolayang o tla ithayang a re o diretse Modimo tirelo e e boitshepo. Mme ba tla dira dilo tseno ka gonne ga ba ise ba bo ba itse Rara le fa e le nna.” (Johane 16:2, 3) Gone ke boammaaruri gore, babogisi ba le bantsi ba ne ba bolela gore ba direla ene Modimo yo Jesu a neng a mo direla, le fa go ntse jalo, ba ne ba tlhotlhelediwa ke ditumelo tsa maaka tsa bodumedi le dingwao. Ee, ba ne ba “na le tlhoafalo ka Modimo; mme e seng go ya ka kitso ya boammaaruri.” (Baroma 10:2) Moganetsi mongwe yo o ntseng jalo e ne e le Saulo wa kwa Tareso, yo moragonyana a ileng a nna moaposetoloi wa Mokeresete e bong Paulo.

Saulo e ne e le mongwe wa setlhopha se se itseweng e le sa Bafarasai, e leng lekoko lengwe la Sejuda le le neng le nonofile mo go tsa dipolotiki e bile le na le tlhotlheletso e kgolo, gape le le kgatlhanong le Bokeresete. Moragonyana Saulo o ne a dumela jaana: “Ke ne ke le motlhapatsi le mmogisi le motho yo o se nang maitseo.” O ne a bolela gape jaana: “Ke ne ke se na kitso e bile ke dira ka go tlhoka tumelo.” (1 Timotheo 1:12, 13) Le fa go ntse jalo, fa a sena go ithuta boammaaruri ka Modimo le Morwawe, o ne a fetola ditsela tsa gagwe ka bonako.

Go ile ga direga se se tshwanang gompieno le ka batho ba pele e neng e le babogisi. Mo godimo ga moo, bangwe ba batho bano, ba ba tshwanang le Saulo, le bone ba ile ba bogisiwa. Le fa go ntse jalo, ga ba a ka ba busetsa bosula ka bosula go na le moo, ba ile ba latela kgakololo eno ya ga Jesu: “Tswelelang lo rate baba ba lona lo bo lo rapelele ba ba lo bogisang.” (Mathaio 5:44) Basupi ba ga Jehofa ba leka go dirisa mafoko ano, ba solofetse gore bangwe ba baganetsi ba bone ba tla fetoga, fela jaaka Saulo a ile a dira.

Baganetsi Bangwe ba Lefufa

Batho ba le bantsi ba ba neng ba ganetsa Jesu ba ne ba dira jalo ka go bo ba ne ba mo fufegela. Ee, molaodi wa Moroma e bong Ponto Pilato “o ne a lemoga gore baperesiti ba bagolo ba ne ba neetse [Jesu] ka ntlha ya lefufa” gore a bapolwe. (Mareko 15:9, 10) Ke eng fa baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ne ba fufegela Keresete? Lebaka le lengwe ke ka go bo o ne a ratiwa ke batho ba ba tlwaelegileng, ba baeteledipele bano ba Bajuda ba neng ba ba tseela kwa tlase. Bafarasai ba ne ba ngongorega jaana: “Lefatshe le mo setse morago.” (Johane 12:19) Ka tsela e tshwanang, fa batho moragonyana ba ne ba tsibogela bodiredi jwa balatedi ba ga Keresete sentle, baganetsi ba bodumedi ba ne “ba tlala lefufa” mme gape ba tlhasela bareri ba Bakeresete.—Ditiro 13:45, 50.

Baba ba bangwe ba ne ba tenwa ke boitshwaro jo bontle jwa batlhanka ba Modimo. Moaposetoloi Petere o ne a bolelela Bakeresete mmogo le ene jaana: “Ka gonne lo sa tswelele lo siana le bone [batho ba ba boikepo] mo tseleng eno go ya kwa lekadibeng leno le le kwa tlase la botlhapelwa, ba akabetse e bile ba tswelela ba bua ka lona ka go lo kgoba.” (1 Petere 4:4) Le gompieno go na le boikutlo jo bo sa siamang jo bo tshwanang. Gone mme, le fa Bakeresete ba boammaaruri ba tila boitsholo jo bo sa siamang, ga ba na boikutlo jwa go ipona tshiamo le jwa gore ba botoka mo bathong ba bangwe. Tota e bile, go dira jalo ga se tsela ya Bokeresete, ka gonne batho botlhe ke baleofi mme ba tlhoka kutlwelobotlhoko ya Modimo.—Baroma 3:23.

Ba Tlhoiwa ka Gonne “e se Karolo ya Lefatshe”

Baebele ya re: “Lo se ka lwa bo lo rata lefatshe le fa e le dilo tse di mo lefatsheng.” (1 Johane 2:15) Moaposetoloi Johane o ne a bua ka lefatshe lefe? O ne a bua ka lefatshe la batho le le ikgaogantseng le Modimo mme le ineetse mo go Satane. Ke “modimo wa lefatshe leno.”—2 Bakorintha 4:4, Baebele e e Boitshepo; 1 Johane 5:19.

Ka maswabi, batho bangwe ba ba ratang lefatshe le ditsela tsa lone tse di bosula ba ganetsa batho ba ba lekang go tshela ka dithuto tsa Baebele. Ke ka moo Jesu a neng a raya baaposetoloi ba gagwe a re: “Fa lo ne lo le karolo ya lefatshe, lefatshe le ne le tla rata se e leng sa lone. Jaanong ka gonne ga lo karolo ya lefatshe, mme ke lo tlhophile mo lefatsheng, ka lebaka leno lefatshe le lo tlhoile.”—Johane 15:19.

Abo go utlwisa botlhoko thata jang ne go bo batho ba tlhoile batlhanka ba ga Jehofa ka gonne ba sa rate lefatshe le le tletseng bonweenwee, tshiamololo le thubakanyo e bile le busiwa ke Satane! Batho ba le bantsi ba ba peloephepa ba batla go dira gore lefatshe e nne lefelo le le botoka mme ba ka se kgone go fenya tlhotlheletso ya mmusi yo o sa bonaleng wa lone. Ke Jehofa Modimo fela yo o ka kgonang go fedisa Satane—mme o tla dira jalo ka go mo fedisetsa ruri, e kete o fisitswe ka molelo!—Tshenolo 20:10, 14.

Tsholofetso e e itumedisang eo ke selo sa konokono se go buiwang ka sone mo ‘dikgannyeng tse di molemo tsa bogosi’ tse di botlhokwatlhokwa tse Basupi ba ga Jehofa ba di rerang mo lefatsheng lotlhe. (Mathaio 24:14) Ee, Basupi ba tlhatswegile pelo gore ke Bogosi jwa Modimo fela, e leng puso ya gagwe e Keresete a tla busang mo go yone e e tla tlisang kagiso le boitumelo jo bo tla nnelang ruri mo lefatsheng. (Mathaio 6:9, 10) Ka jalo, ba tla tswelela ba rera ka Bogosi joo, ba tsaya go amogelwa ke Modimo go le botlhokwa thata go na le go amogelwa ke batho.

A O KILE WA IPOTSA GORE. . .

● Ke eng fa Saulo wa Tareso a ne a ganetsa balatedi ba ga Keresete?—1 Timotheo 1:12, 13.

● Ke boikutlo bofe jo bo sa siamang jo baba bangwe ba ga Jesu ba neng ba na le jone?—Mareko 15:9, 10.

● Bakeresete ba boammaaruri ba leba lefatshe jang?—1 Johane 2:15.

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Ka 1945, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tlhaselwa ke digopa kwa Quebec, Canada, ka ntlha ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo

[Motswedi wa Setshwantsho]

Courtesy Canada Wide