Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Buka E o Ka e Ikanyang—Karolo 7

Mmusomogolo wa Bosupa wa Lefatshe

Buka E o Ka e Ikanyang—Karolo 7

Setlhogo seno ke sa bofelo mo motseletseleng wa ditlhogo di le supa tse di tlhagang mo dikgatisong tse di latelanang tsa “Tsogang!” tse di buang ka mebusomegolo e supa ya hisitori ya Baebele. Boikaelelo jwa go bo ditlhogo tseno di kwadilwe ke go bontsha gore Baebele e ka ikanngwa le gore e tlhotlheleditswe ke Modimo e bile molaetsa wa yone o naya tsholofelo ya gore pogo e e bakilweng ke go sa buseng sentle go go setlhogo ga dipuso tsa batho e tla fela.

RE TSHELA mo nakong e e kgethegileng e bile e le ya botlhokwa—ya go tlhagelela ga mmusomogolo wa bosupa wa lefatshe mo hisitoring ya Baebele. Mo godimo ga moo, mmusomogolo ono ke one fela o o umakiwang mo Baebeleng e le wa boporofeti, ka gonne mebusomegolo e mengwe e le merataro e e tlileng pele ga ono, e ne e le karolo ya dipego tsa hisitori ya Baebele. Baebele e bolela jaana ka mebusomegolo e supa kgotsa “dikgosi”: “Go na le dikgosi di le supa: di le tlhano di ole, e le nngwe e gone, e nngwe ga e ise e goroge, mme fa e goroga e tla nna lobakanyana.” *Tshenolo 17:10.

Mo dingwageng tse di fetang 1 900 tse di fetileng fa mafoko ao a ne a kwalwa, go ne go setse go “ole” “dikgosi,” kgotsa mebusomegolo ya dipolotiki, e le metlhano mo go e le supa. E ne e le Egepeto, Asiria, Babelona, mmusomogolo wa Bameda le Baperesia le Gerika. Mafoko a a reng “e le nngwe e gone” a lebisitswe go Roma. Mme Roma e ne e ka se nnele ruri. Go ne go tla nna le mmusomogolo o mongwe gape wa bofelo mme gone boporofeti bo ile jwa bolela jaana: ‘Ga o ise o goroge.’ Go dumalana le boporofeti jwa Baebele, ‘kgosi’ ya bosupa e ile ya goroga mo lefatsheng! Mmusomogolo ono o ne wa itshupa e le ofe? A o tla busa ka bosakhutleng? Fa e le gore ga go a nna jalo, o tla tlogela go busa lefatshe jang? Baebele ga e re tlogele re akabetse.

Boporofeti Jo bo Ka Ikanngwang

Mmusomogolo wa bosupa o ne wa simolola go tlhagelela fa Engelane e ne e simolola go nna le maatla a a oketsegileng kwa karolong e e kwa bokonebophirima jwa Mmusomogolo wa Roma. Ka bo1760, setšhaba seno se se mo setlhaketlhakeng se ne sa nna Mmusomogolo o o maatla wa Boritane. Boritane e ne ya tswelela go oketsa khumo le maatla a yone mme ka lekgolo la bo19 la dingwaga, e ne ya nna naga e e humileng le e e maatla go gaisa mo lefatsheng. Buka nngwe ya tshupiso ya re: “Mmusomogolo wa Boritane e ne e le mmusomogolo o mogolo go gaisa mo lefatsheng. O ne o na le baagi ba le dimilione di le 372 mme naga ya yone e ne e atologile mo e ka nnang ka disekwere kilometara tse di fetang dimilione di le 28.”

Le fa go ntse jalo, ntwa ya ntlha ya lefatshe (1914-1918) e ne ya tlhotlheletsa Boritane gore e nne le kamano e e kgethegileng le United States, e pele e neng e le koloni ya yone. Go ile ga felela ka eng? Mmusomogolo wa Boritane o ne wa tseelwa boemo ke kgolagano ya Baesemane le Baamerika, e ka ditsela tse dintsi e leng mmusomogolo wa dinaga di le pedi tse di buang Seesemane tse di sa ntseng di le gone go fitlha jaanong.—Bona lebokose le le reng  “Kgolagano e e Botlhokwa.”

Boporofeti jo bo mo go Tshenolo 17:10 bo tshegetsa boporofeti jo bongwe jo bo mo bukeng ya Daniele. Daniele o ne a kwala ka ‘setshwantsho se segolo thata’ se Kgosi Nebukadenesare wa Babelona a neng a se bona mo ponatshegelong e a neng a e filwe ke Modimo. (Daniele 2:28, 31-43) Daniele o ne a senolela mmusaesi yono gore dikarolo tsa mmele wa setshwantsho seo di ne di emela go latelana ga mebusomegolo ya dipolotiki e e neng e simolola ka Babelona, e e neng e le mmusomogolo wa lefatshe ka nako eo. (Egepeto le Asiria di ne di setse di tlile mme di ne di sa tlhole di le teng ka nako eo.) Gone jaanong hisitori e tlhomamisa dintlha tse di latelang:

Tlhogo ya gouta e ne e emela Mmusomogolo wa Babelona.

Sehuba le mabogo a selefera a ne a emela mmusomogolo wa Bameda le Baperesia.

Mpa le dirope tsa kgotlho di ne di lebisitswe go Gerika wa bogologolo.

Maoto a tshipi a ne a tshwantshetsa Mmusomogolo wa Roma.

Dinao, motswako wa tshipi le letsopa, di tshwantshetsa kafa dipolotiki le ditšhaba di neng di tla bong di sa momagana ka gone ka nako ya mmusomogolo wa lefatshe wa Baesemane le Baamerika.

Go ya ka Tshenolo 17:10, mmusomogolo wa lefatshe wa bosupa o tshwanetse ‘go nna lobakanyana.’ E tla nna nako e kana kang? O tla nyelela jang mo lefatsheng? Mme go tla diragala eng morago ga foo? Daniele o re naya lesedinyana malebana le dipotso tseno.

Tsholofelo E o Ka e Ikanyang

Fa a sena go tlhalosa setshwantsho se se umakilweng fa godimo, Daniele o ne a kwala jaana: “Leje le ngatholwa [mo thabeng] e seng ka diatla, mme la itaya setshwantsho mo dinaong tsa sone tsa tshipi tse gape di bopilweng ka letsopa mme la di thubaganya.” (Daniele 2:34) Setshwantsho seno se se gakgamatsang se ne se emela eng?

Daniele o ne a tswelela jaana: “Mo metlheng ya dikgosi tseo [tsa bofelo] Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha. Mme bogosi joo ga bo kitla bo fetisediwa mo bathong bape ba bangwe. Bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe, [a lefatshe] mme bo tla ema ka bosakhutleng.” * (Daniele 2:44, 45) Ela tlhoko dintlha tseno tsa botlhokwa:

  1. Bogosi jo bo fenyang, jo bo emelwang ke leje le legolo, bo ‘tlhomiwa’ ke Modimo ka boene, e seng ka “diatla” tsa batho. Ka jalo, go a tshwanela go bo bo bidiwa Bogosi jwa Modimo.

  2. Bogosi jwa Modimo “bo tla thubaganya” mebuso yotlhe ya batho, go akaretsa le mmusomogolo wa lefatshe wa bosupa. Ka ntlha yang? Mebuso eno yotlhe e tla gana go tlogela go busa mme e tla lwantshana le Modimo mo ntweng e kgolo kwa lefelong la tshwantshetso le le bidiwang Haramagedona. Baebele e bontsha sentle gore ntwa eno e tla akaretsa ‘dikgosi tsa lefatshe lotlhe le le nang le banni.’—Tshenolo 16:13, 14, 16.

  3. Go farologana le mebuso eno ya batho ya nakwana, go akaretsa le mebusomegolo ya lefatshe e le supa, Bogosi jwa Modimo ‘ga bo kitla bo senngwa le ka motlha.’ Mme gape bo tla busa mo lefatsheng lotlhe.—Daniele 2:35, 44.

Go senngwa ga makgaolakgang ga baganetsi ba Modimo e tla nna go diragadiwa go go gakgamatsang ga boporofeti jo bo mo go Genesise 3:15, jo bo umakilweng mo setlhogong sa ntlha sa motseletsele ono wa ditlhogo. Losika lwa mosadi, e bong Jesu Keresete, lo tla fedisa noga ya tshwantshetso, e leng Satane le losika lwa gagwe. (Bagalatia 3:16) Losika lwa ga Satane lo akaretsa batho botlhe ba ba amogelang ditsela tsa gagwe tse di boikepo le ba ba rotloetsang go ipusa ga batho ba ba ganang go busiwa ke Modimo le Keresete.—Pesalema 2:7-12.

Seno se re tlisa mo potsong eno e e botlhokwa thata: Tshenyego eo ya bofelo e tla direga leng? Ee, “leje” leo—Bogosi jwa Modimo—le tla fedisa leng motlhalanyana ope fela wa puso ya batho? Baebele e araba potso eo ka “sesupo” se se supang metlha ya bofelo.—Mathaio 24:3.

Lemoga “Sesupo”!

Sesupo sa bokhutlo se akaretsa ntwa mo lefatsheng lotlhe, “dithoromo tsa lefatshe tse dikgolo,” “malwetse a leroborobo” le ‘ditlhaelo tse dikgolo tsa dijo.’ (Luke 21:10, 11; Mathaio 24:7, 8; Mareko 13:8) Selo se sengwe se se tla tshwayang ‘metlha ya bofelo’ e tla nna go palelwa ga batho ke go nna le boitsholo jo bo siameng le go tshela ka melao ya Modimo. (2 Timotheo 3:1-5) A dilo tseno tsotlhe” di diragetse? (Mathaio 24:8) Ee—mo e leng gore batho ba le bantsi ba boifa isagwe. Lokwalodikgang lwa The Globe and Mail lo ile lwa bolela jaana: “Batho bangwe ba ba tlotliwang thata mo go tsa saense le mo setšhabeng ba bolelela pele dilo tse di tshosang malebana le go fela ga batho.”

Le fa go ntse jalo, dipolelopele tseo di phoso mo ntlheng e le nngwe e e botlhokwa thata—batho ba ka se ka ba fela. Tota e bile, lebaka la go bo Bogosi jwa Modimo bo tla tsaya kgato le tlhomamisa seo! Fa Jesu Keresete a ne a neela sesupo sa bokhutlo, o ne a bolela jaana: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.” (Mathaio 24:14) Boporofeti jono bo ile jwa diragadiwa jang?

Mo dinageng tse di fetang 230, Basupi ba ga Jehofa ba rera ka Bogosi jwa Modimo. Ee, setlhogo sa lokwalopaka lwa bone lo ba lo dirisang thata sa re, Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—Jehofa ke leina la Modimo. (Pesalema 83:18) Thulaganyo ya Basupi ya go ruta Baebele e thusa batho ba le bantsi le malapa a le mantsi go tlogela mekgwa ya botshelo e e kotsi le gore ba nne le boitsholo jo bo phepa le jwa kagiso jo bo tsamaisanang le melao ya Modimo. (1 Bakorintha 6:9-11) Ka ntlha ya seo, batho ba le dimilione go ralala lefatshe ba tlhomamisega gore Modimo o tla ba sireletsa fa Bogosi jwa gagwe bo tsaya kgato mo dikgannyeng tsa batho.

Ee ruri, ba tla bona ka matlho a bone go diragadiwa ga thapelo ya sekao ya ga Keresete, e ka dinako tse dingwe e bidiwang Thapelo ya Morena, e bontlhanngwe jwa yone e bolelang jaana: “Bogosi jwa gago a bo tle. Go rata ga gago a go dirwe mo lefatsheng jaaka kwa legodimong.” (Mathaio 6:10, Baebele e e Boitshepo) A o kile wa ipotsa gore botshelo mo lefatsheng bo tla nna jang fa batho botlhe ba rata Modimo le go mo ikobela? Ditemana tse di latelang tsa Baebele di ka go thusa go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa mafoko a a reng “dikgang tse di molemo” a tshwanela.

Fa Thato ya Modimo e Diragadiwa mo Lefatsheng . . .

  • Go tla bo go na le kagiso ya mmatota, e seng fela gore ntwa e tla bo e seyo. “Jehofa . . . o dira gore dintwa di kgaotse go ya kwa ntlheng ya lefatshe. O roba bora gape o robaganya lerumo; o fisa dikoloi mo molelong.” (Pesalema 46:8, 9) “Ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”—Pesalema 37:11.

  • Batho botlhe ba tla nna le dijo tse dintsi. “Go tla nna le dijo tsa ditlhaka di le dintsi mo lefatsheng, go tla penologa mo godimo ga dithaba.”—Pesalema 72:16.

  • Mongwe le mongwe o tla nna le botsogo jo bo itekanetseng. “Ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’”—Isaia 33:24.

  • Mongwe le mongwe o tla nna le legae le le siameng. “Ruri ba tla aga matlo ba nne mo go one; ruri ba tla jala masimo a mofine ba je maungo a one. Ga ba kitla ba aga mme go nne o sele; ga ba kitla ba jala mme go je o sele.”—Isaia 65:21, 22.

  • Mefuta yotlhe ya pogo e tla fela. “Mogope wa Modimo o mo bathong, . . . mme o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.”—Tshenolo 21:3, 4.

A ditsholofetso tseo di a go kgatlha? Fa e le gore go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ba go kgothaletsa gore o tswelele pele o sekaseka Baebele. Ee, ka go dira jalo, o tla bona bosupi jo bo oketsegileng jwa gore go busa batho ba bangwe ka bosetlhogo go tla tloga go fela. Mme gape o tla bona gore o tshwanetse go ikanya Baebele ka botlalo, gore eleruri e tlhotlheleditswe ke Modimo.—2 Timotheo 3:16. *

^ ser. 4 E re ka mebusomegolo e go buiwang ka yone mo Baebeleng gantsi e ne e busiwa ke kgosi, mebusomegolo eno gangwe le gape e bidiwa “dikgosi,” “magosi” kgotsa ka bobedi.—Daniele 8:20-22.

^ ser. 18 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka Bogosi jwa Modimo jwa kwa legodimong, bona kgaolo 8 le 9 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 35 Fa o batla go ithuta mo go oketsegileng ka Baebele, ikutlwe o gololesegile go ikgolaganya le Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong la lona, kwalela kwa atereseng e e tshwanetseng mo lenaaneng le le mo tsebe 5 kgotsa o ye kwa atereseng ya rona ya Internet ya www.watchtower.org.