Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Buka E o Ka e Ikanyang—Karolo 4

Bameda le Baperesia mo Hisitoring ya Baebele

Buka E o Ka e Ikanyang—Karolo 4

Setlhogo seno ke sa bonè mo motseletseleng wa ditlhogo di le supa tse di tlhagang mo dikgatisong tse di latelanang tsa “Tsogang!” tse di buang ka mebusomegolo e supa ya hisitori ya Baebele. Boikaelelo jwa go bo ditlhogo tseno di kwadilwe ke go bontsha gore Baebele e ka ikanngwa le gore e tlhotlheleditswe ke Modimo e bile molaetsa wa yone o naya tsholofelo ya gore pogo e e bakilweng ke go sa buseng sentle go go setlhogo ga dipuso tsa batho e tla fela.

MATLOTLA a matlo a segosi le mabitla a segosi a dira gore re bone go sekaenyana fela gore bontle, maatla le dikhumo tsa mmusomogolo wa bogologolo wa maphata a le mabedi wa Bameda le Baperesia o ne o ntse jang. Pele ga mebuso eno e mebedi e kopana, Media e ne e le mmuso o o maatla. Mme ka 550 B.C.E., Bameda ba ne ba nna ka fa tlase ga taolo ya Kgosi ya Peresia e bong Kurose II, yo moragonyana a ileng a busa mo pusong ya Bameda le Baperesia. Mmusomogolo ono o mogolo o o neng o le kwa kgaolong ya bokone jwa Kgogometso ya Peresia kgabagare o ne wa anama go tswa kwa Lewatleng la Aegean go ya kwa Egepeto le go ela kwa bokonebophirima jwa India go akaretsa le Judea.

Bameda le Baperesia ba ne ba busa setšhaba sa Bajuda ka dingwaga tse di fetang 200—go tloga ka nako ya fa ba ne ba fenya Babelona ka ngwaga wa 539 B.C.E., go fitlha ka nako ya fa Bameda le Baperesia ka bobone ba fenngwa ke Bagerika ka 331 B.C.E. Dibuka di le mmalwa tsa Baebele di akgela ka ditiragalo tse di botlhokwa tse di neng tsa diragala ka nako eo.

Hisitori E e Ka Ikanngwang

Baebele e re bolelela gore Kgosi Kurose II o ne a golola Bajuda ba ba neng ba le kwa botshwarwa kwa Babelona mme a ba letlelela gore ba boele Jerusalema go ya go aga tempele ya Modimo sesha e Bababelona ba neng ba e senya ka 607 B.C.E. (Esera 1:1-7; 6:3-5) Sengwe se se tlhomamisang pego eno ke mokwalo wa letsopa o o itsegeng e le Cyrus Cylinder e e bonweng ka 1879 mo matlotleng a Babelona wa bogologolo. Mokwalo oo o tlhalosa Kurose ka leina mme o tlhalosa maitlhomo a gagwe a go busetsa dilo tsa batho tsa bodumedi tse di neng di le kwa botshwarwa le batho ba ba neng ba tshwerwe kwa nagagaeng ya bone. Mokwadi wa Baebele e bong Isaia o ne a kwala mafoko ano a ga Jehofa a boporofeti malebana le Kurose: “‘Sotlhe se ke se ratang o tla se diragatsa ka botlalo’; le fa ke bua ka Jerusalema ke re, ‘O tla agiwa sesha,’ le ka tempele ke re, ‘Motheo wa gago o tla thewa.’”—Isaia 44:28.

Tota e bile, Esera 6:3, 4 e bolela gore Kurose o ne a laela gore madi a a tla dirisediwang go agiwa sesha ga tempele a “tswe mo ntlong ya kgosi.” Mafoko ano a a gakgamatsang a dumalana le hisitori ya lefatshe. Buka ya Persia and the Bible ya re: “E ne e le mokgwa o o sa fetogeng wa dikgosi tsa Peresia gore di thuse go aga sesha mafelo a a boitshepo a mebusomegolo ya tsone.”

Baebele e re bolelela gore moragonyana baganetsi ba Bajuda ba ne ba kwalela Dario yo Mogolo (yo gape a neng a bidiwa Dario I) ba ganetsa maiphako a Bajuda a gore Kurose o laetse gore tempele e agiwe sesha. Dario o ne a laela gore go batliwe molao o o kwadilweng wa kwa tshimologong. Go ile ga felela ka eng? Go ne ga bonwa momeno o o nang le molao wa ga Kurose kwa motsemoshateng wa Ekabatana. Fa a araba, Dario o ne a kwala jaana: “Nna Dario, ke ntsha taelo. A [tiro ya go aga tempele sesha] e dirwe ka potlako.” Morago ga foo tiro e ile ya se ka ya tlhola e thibelwa. *Esera 6:2, 7, 12, 13.

Hisitori ya lefatshe e tshegetsa tshedimosetso eno. Sa ntlha, Ekabatana e ne e le lefelo le Kurose a neng a nna kwa go lone ka nako ya selemo mme a ka tswa a ile a ntsha taelo ya gagwe a le koo. Mme gape dilo tse di ribolotsweng ke baithutamarope di bontsha gore dikgosi tsa Bameda le Baperesia di ne di kgatlhegela thata dikgang tsa bodumedi tse di neng di ama puso ya bone mme ba ne ba kwala makwalo go rarabolola mathata a a neng a nna teng.

Boporofeti Jo bo Ka Ikanngwang

Mo torong e e tlhotlheleditsweng ke Modimo, moporofeti Daniele o ne a bona dibatana di le nnè di tswa mo lewatleng, nngwe le nngwe e emela mmusomogolo wa lefatshe o o tla latelang. Sebatana sa ntlha, tau e e nang le diphuka, se ne se emela Babelona. Sa bobedi, se ne “se tshwana le bera.” Pego e tswelela pele jaana: “Mme ba se raya ba re: ‘Nanoga, ja nama e ntsi.’” (Daniele 7:5) Bera e e tshosang eno e ne e tshwantshetsa Bameda le Baperesia.

Go dumalana le boporofeti jwa ga Daniele, Bameda le Baperesia ba ne ba itshupa ba na le keletso e kgolo ya go fenya. Ka bonakonyana morago ga gore Daniele a bone ponatshegelo ya gagwe, Kurose o ne a fenya Bameda mme a bolotsa ntwa kgatlhanong le dinaga tse di gaufi tsa Lidia le Babelona. Morwawe e bong Cambyses II o ne a fenya Egepeto. Moragonyana babusi ba Bameda le Baperesia ba ne ba atolosa mmusomogolo wa bone le go feta.

Re ka tlhomamisega jang ka tlhaloso eno? Mo ponatshegelong e nngwe e e amanang le eno, Daniele o ne a bona phelefu “e kgomogela kafa bophirima le kafa bokone le kafa borwa.” Boporofeti jono bo ne jwa diragadiwa fa Bameda le Baperesia ba ne ba “kgomogela” ditšhaba tse dingwe, go akaretsa le Babelona e e maatla. Moengele wa Modimo o ne a tlhalosa ponatshegelo eno ka go bolelela Daniele jaana: “Phelefu e o e boneng e na le dinaka tse pedi e emela dikgosi tsa Media le Peresia.”Daniele 8:3, 4, 20.

Mo godimo ga moo, makgolo a mabedi a dingwaga pele ga gore Babelona e fenngwe, moporofeti Isaia o ne a bolelela pele leina la kgosi e e tla fenyang ya Peresia—yo o neng a ise a tsholwe—a bo a bolelela pele mokgwa o a neng a tla o dirisa go fenya Babelona. Isaia o ne a kwala jaana: “Jehofa o reile motlodiwa wa gagwe jaana, e leng Kurose, yo ke tshwereng seatla sa gagwe sa moja, gore ke fenye ditšhaba fa pele ga gagwe, . . . ke mmulele dikgoro tse di mefama mebedi, gore le dikgoro di se ka tsa tswalega.” (Isaia 45:1) Isaia le Jeremia ka bobedi ba ile ba bolelela pele gore “dinoka” tsa Babelona kgotsa mesele ya yone e e neng e sireletsa motse, e e neng e bona metsi go tswa kwa Nokeng ya Euferatese e ne e tla kgala. (Isaia 44:27; Jeremia 50:38) Borahisitori ba Bagerika e bong Herodotus le Xenophon ba tlhomamisa go nepa ga boporofeti jono jwa Baebele go akaretsa le ntlha ya gore Bababelona ba ne ba na le moletlo mo bosigong jo Kurose a neng a gapa motse ka jone. (Isaia 21:5, 9; Daniele 5:1-4, 30) E re ka masole a ga Kurose a ne a fapositse metsi a Noka ya Euferatese, a ne a tsena ka dikgoro tse di neng di butswe go bapa le noka mme go se na ope yo o ba thibelang. Mo bosigong bo le bongwe fela Babelona yo maatla o ne a wa!

Mme tiragalo eno e ne ya dira gore go diragadiwe boporofeti jo bongwe gape ka tsela e e gakgamatsang. Pelenyana moporofeti Jeremia o ne a boleletse pele gore batho ba Modimo ba ne ba tla isiwa botshwarwa kwa Babelona ka dingwaga di le 70. (Jeremia 25:11, 12; 29:10) Boporofeti joo bo ile jwa diragadiwa ka nako e e tshwanetseng mme batshwarwa ba ne ba letlelelwa go boela kwa nagagaeng ya bone.

Tsholofelo E o Ka e Ikanyang

Ka bonako fela morago ga gore Bameda le Baperesia ba fenye Babelona, Daniele o ne a kwala boporofeti jo bo re thusang go tlhaloganya tiragalo e e botlhokwa thata mo go diragadiweng ga maikaelelo a Modimo ka batho. Moengele Gabariele o ne a itsise Daniele nako e tlhomameng e Mesia—“losika” lo lo solofeditsweng mo go Genesise 3:15—a tla tlhagang ka yone! Moengele wa Modimo o ne a re: “Go simolola ka nako e lefoko le tswang ka yone la go tsosolosa le go aga Jerusalema sesha go fitlha Mesia, Moeteledipele a goroga, e tla nna dibeke di supa, le dibeke di le masome a marataro le bobedi,” palogotlhe ya dibeke di le 69. (Daniele 9:25) Nako eno ya boporofeti e ne ya simologa leng?

Le fa Kurose a ne a letlelela Bajuda go boela kwa nageng ya bone ka bonako morago ga go wa ga Babelona, go ne ga feta dingwaga di le dintsi Jerusalema le mabota a yone a ise a baakanngwe. Ka 455 B.C.E., Kgosi Aretaserese o ne a naya motsholasenwelo wa gagwe wa Mojuda e bong Nehemia tetla ya go boela Jerusalema le go etelela pele mo tirong ya go e aga sesha. (Nehemia 2:1-6) Seo se ne sa supa tshimologo ya dibeke di le 69.

Le fa go ntse jalo, dibeke di le 69 e ne e se dibeke tsa mmatota tsa malatsi a le supa mme e ne e le dibeke tsa dingwaga. Tota e bile, dithanolo dingwe tsa Baebele di ranola lefoko “dibeke” e le “dibeke tsa dingwaga.” * (Daniele 9:24, 25) Mesia o ne a tla tlhaga morago ga nako ya “dibeke” di le 69 tse beke nngwe le nngwe e leng dingwaga di le supa—palogotlhe ya dingwaga di le 483. Boporofeti jono bo ile jwa diragadiwa ka 29 C.E. fa Jesu a ne a kolobediwa, dingwaga di le 483 go tloga ka 455 B.C.E. *

Go diragadiwa ka tsela e e tlhomameng ga boporofeti jwa ga Daniele go oketsa bosupi jo bontsi jo bo re tlhomamisetsang gore Jesu ke mang. Bosupi jono gape bo tlhomamisa tsholofelo ya rona ka isagwe. Jesu, yo e leng Kgosi ya Bogosi jwa Modimo jwa kwa legodimong, o tla fedisa puso e e setlhogo ya batho. Morago ga foo, o tla diragatsa boporofeti jo bontsi jo bongwe jwa Baebele, go akaretsa le jo bo buang ka go tsosiwa ga baswi gore ba tshelele ruri mo lefatsheng la Paradaise.—Daniele 12:2; Johane 5:28, 29; Tshenolo 21:3-5.

^ ser. 9 Leina Dario le dirisiwa bobotlana mo dikgosing di le tharo.

^ ser. 20 Dingwe tsa dithanolo tsa Baebele tse di dirisang polelwana ya “dibeke tsa dingwaga” ke tse di latelang: Tanakh—A New Translation of the Holy Scriptures, The Complete Bible—An American Translation, le The Bible—Containing the Old and New Testaments, ya ga James Moffatt.

^ ser. 20 Go bona tlhaloso e e feletseng ya boporofeti jono, go akaretsa le tšhate e e bontshang dibeke di le 69 tsa dingwaga, bona tsebe 197-199 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng?