Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng Fa Batsadi Ba Me Ba sa Batle Gore ke Ijese Monate?

Ke Eng Fa Batsadi Ba Me Ba sa Batle Gore ke Ijese Monate?

Basha Ba Botsa Jaana

Ke Eng Fa Batsadi Ba Me Ba sa Batle Gore ke Ijese Monate?

Mo go Allison, * mosha mongwe wa kwa Australia, letsatsi la Mantaga mo mosong le mo ngomola pelo thata mme seno se direga ka metlha.

A re: “Mongwe le mongwe o bua ka se a neng a se dira mo mafelobekeng. Ba bua ka dilo tse di utlwalang di kgatlha, jaaka gore ba ile ba ya kwa diphathing di le kae le gore ba atlile basimane ba le kae—le gore ba ile ba tshabela mapodisi . . . Go utlwala go tshosa mme gape go utlwala go le monate! Ba fitlha kwa gae ka ura ya botlhano mo mosong mme batsadi ba bone ga ba na sepe ka gone. Nna ke tshwanetse ka bo ke robetse pele ga nako e ba simololang bosigo jwa bone ka yone!

“Le fa go ntse jalo, fa bana ba ke tsenang le bone mo tlelaseng ba sena go mpolelela se ba se dirileng mo mafelobekeng, ba mpotsa gore nna ke ne ke dira eng. Mme gone ke ne ke dira eng? Ke ne ke ile kwa dipokanong tsa Bokeresete. Ka ya bodireding. Tota ke ikutlwa ke fetilwe ke monate. Ka jalo, gantsi ke ba bolelela fela gore ga ke a dira sepe. Mme ba tla bo ba mpotsa gore ke eng fa ke ne ke sa tsamaya le bone.

“Fa Mantaga e setse e fetile, o ka nna wa akanya gore go tla nna botoka. Mme ga go nne botoka. Ka Labobedi, mongwe le mongwe o setse a bua ka mafelobeke a a tlang! Gantsi ke nna fela ke ba reetsa fa ba ntse ba bua. Ke ikutlwa ke fetwa ke dilo!”

A LE wena o ikutlwa jalo ka Mantaga mo mosong kwa sekolong? O ka nna wa ikutlwa e kete kwantle ga lebati la gaeno go na le menate mme batsadi ba gago ba lotletse lebati leo—kgotsa wa ikutlwa e kete o kwa lefelong la go palama ditshamekisi mme ga o a letlelelwa go palama epe ya ditshamekisi tseo. Ga se gore o batla go dira sengwe le sengwe se balekane ba gago ba se dirang. O ka rata fela gore ka dinako dingwe o ijese monate! Ka sekai, ke mofuta ofe wa boitapoloso o wena o ka ratang thata go o dira mo mafelobekeng ano a a tlang?

◯ tantshe

◯ khonsata ya mmino

◯ filimi

◯ phathi

◯ tse dingwe ․․․․․

O tlhoka boitapoloso. (Moreri 3:1, 4) Tota e bile, Mmopi wa gago o batla gore o itumelele bosha jwa gago. (Moreri 11:9) Mme le fa o ka tswa o belaela ka dinako tse dingwe, batsadi ba gago le bone ba batla gore o ijese monate. Le fa go ntse jalo, go ka direga gore batsadi ba gago ba tshwenyegile ka dilo di le pedi tse di utlwalang: (1) o ya go dira eng le gore (2) o tla bo o tsamaya le bomang.

Mme go tweng fa e le gore o laleditswe go ikentsha le ditsala mme ga o tlhomamisege gore batsadi ba gago ba tla reng? Fa o tshwanelwa ke go dira tshwetso, Baebele e go kgothaletsa gore o akanyetse ditshwetso tse o ka di dirang, tse di siameng le tse di sa siamang le gore o akanyetse ditlamorago tsa tsone. (Duteronome 32:29; Diane 7:6-23) Ke eng se o ka se tlhophang malebana le taletso eno e o e amogetseng mo ditsaleng tsa gago?

TLHOPHO A: O SE KA WA BA KOPA —TSAMAYA FELA.

Lebaka la go bo o ka akanyetsa tlhopho eno: O batla go kgatlha ditsala tsa gago ka go ba bontsha gore o itaola go le kana kang. O akanya gore o itse botoka go na le batsadi ba gago kgotsa ga o tlotle tsela e ba lebang dilo ka yone.—Diane 15:5.

Ditlamorago: Ditsala tsa gago di tla ithuta sengwe ka wena—gore o kgona go tsietsa. Fa o kgona go tsietsa batsadi ba gago, le bone o ka kgona go ba tsietsa. Fa batsadi ba gago ba ka lemoga, ba ka nna ba utlwa botlhoko e bile ba ka nna ba ikutlwa gore o ba tsieditse mme ba ka nna ba se go letle go dira dilo dingwe! Go sa ikobele batsadi ba gago le go tsamaya fela ke tshwetso ya boeleele.—Diane 12:15.

TLHOPHO B: O SE KA WA BA KOPA —O SE KA WA TSAMAYA.

Lebaka la go bo o ka akanyetsa tlhopho eno: O akanya ka taletso eo mme o swetsa ka gore se se ileng go dirwa ga se tsamaisane le melao e o e latelang kgotsa batho ba ba go laleditseng e ka se nne ditsala tse di siameng. (1 Bakorintha 15:33; Bafilipi 4:8) Kafa letlhakoreng le lengwe, o ka nna wa batla go tsamaya mme o tshaba go kopa batsadi ba gago.

Ditlamorago: Fa o sa tsamaye ka go bo o itse gore ga go a siama, o tla nna le bopelokgale jwa go araba ditsala tsa gago. Mme fa o sa tsamaye fela ka go bo o tshaba go kopa batsadi ba gago, o ka nna wa feleletsa o dutse kwa gae o tenegile, o ikutlwa gore ke wena fela yo o sa ijeseng monate.

TLHOPHO C: BA KOPE—MME O BONE GORE BA TLA RENG.

Lebaka la go bo o ka akanyetsa tlhopho eno: O tlotla taolo e batsadi ba gago ba nang le yone mo go wena e bile o tlotla le tsela e ba lebang dilo ka yone. (Bakolosa 3:20) O rata batsadi ba gago mme ga o batle go ba utlwisa botlhoko ka go tsamaya ka bokukuntshwane. (Diane 10:1) Mme gape o na le tshono ya go ba tlhalosetsa mabaka a gago.

Ditlamorago: Batsadi ba gago ba tla bona gore o a ba rata e bile o a ba tlotla. Mme fa ba bona gore se o se kopang se a utlwala, ba ka nna ba re ee.

Lebaka La go Bo Batsadi ba ka Gana

Mme go tweng fa e le gore batsadi ba gago ba ka re nnyaa? Seo se ka nna sa go betisa pelo. Le fa go ntse jalo, go tlhaloganya kafa ba lebang dilo ka teng go ka nna ga go thusa gore o amogele dithibelo tse ba go beelang tsone. Ka sekai, ba ka nna ba re nnyaa ka ntlha ya lengwe la mabaka a a latelang.

Ba na le kitso le maitemogelo a a oketsegileng. Fa o ne o ka kgona go itlhophela, gongwe o ne o ka tlhopha go thuma mo lewatleng le le nang le batho ba ba falotsang batho ba ba nwelang. Ka ntlha yang? Ka gonne, fa o ntse o le mo metsing o ja monate, ga o kgone go lemoga kotsi sentle. Mme batho ba ba falotsang batho ba ba nwelang ba mo lefelong le le botoka le mo go lone ba ka kgonang go bona dikotsi.

Ka tsela e e tshwanang, e re ka batsadi ba gago ba na le kitso le maitemogelo a a oketsegileng, ba kgona go lemoga dikotsi tse wena o sa di boneng. Fela jaaka batho ba ba falotsang batho ba ba nwelang kwa lewatleng, boikaelelo jwa batsadi ba gago ga se go go tima monate mme ba batla go go thusa go tila dikotsi tse di ka dirang gore o se ka wa itumelela botshelo.

Ba a go rata. Batsadi ba gago ba eletsa thata go go sireletsa. Lorato lo dira gore ba re ee fa ba kgona go dira jalo le gore ba re nnyaa fa ba tshwanetse. Fa o ba kopa tetla ya go dira sengwe, ba ipotsa gore a ba ka go letla go dira se o se kopang mme ba bo ba amogela ditlamorago tsa gone. Ba tla dumela—le wena ba bo ba go naya tetla—fa ba tlhatswegile pelo tota gore o ka se tlhagelwe ke kotsi epe.

Go sa itse. Batsadi ba ba lorato ba tla leka go nna kelotlhoko. Fa ba sa tlhaloganye gore o ba kopa eng kgotsa fa ba akanya gore ga o ba bolelele dintlha tsa botlhokwa ka se o se kopang, go ka direga gore ba tla re nnyaa.

Se o Ka se Dirang Gore Batsadi ba Gago ba Dumele

Go na le dilo di le nnè tse di botlhokwa.

Go ikanyega: Sa ntlha, o tshwanetse go ipotsa jaana ka boikanyegi: ‘Ke eng tota fa ke batla go tsamaya? A ke ka gonne ke itumelela thata selo se se dirwang kgotsa ke ka gonne ke batla go amogelwa ke balekane ba me? A ke ka gonne mongwe yo ke mo kgatlhegelang o tla bo a le teng koo?’ Fa go ntse jalo, bolelela batsadi ba gago boammaaruri. Ba kile ba bo ba le basha mme gape ba go itse sentle. Ka jalo, ba ka nna ba lemoga gore tota maitlhomo a gago ke afe. Ba tla anaanela boikanyego jwa gago mme botlhale jwa bone bo tla go solegela molemo. (Diane 7:1, 2) Kafa letlhakoreng le lengwe, fa o sa ikanyege, o ka nna wa dira gore o se ka wa tlhola o lebiwa jaaka motho yo o ikanyegang mme wa dira gore go nne thata gore ba dumele.

Nako e e siameng: O se ka wa tshwenya batsadi ba gago ka dilo tse o di kopang fa ba sa tswa go goroga go tswa tirong kgotsa fa ba tlhomile mogopolo mo dilong tse dingwe. Bua le bone fa ba iketlile. Mme o se ka wa leta go fitlha motsotso wa bofelo mme o bo o leka go ba pateletsa gore ba go arabe. Batsadi ba gago ba ka se ka ba itumelela go dira tshwetso ka lepotlapotla. Ba kope go sa ntse go na le nako mme batsadi ba gago ba tla anaanela tsela e o ba akanyetsang ka yone.

Se o tla se dirang: O se ka wa tlogela dintlha tse ba tlhokang go di itse. Tlhalosa gore tota o batla go dira eng. Batsadi ga ba rate karabo ya “Ga ke itse,” segolobogolo fa ba go botsa gore: “Go tla bo go na le bomang koo?” “A go tla bo go na le motho yo mogolo yo o nang le maikarabelo?” kgotsa “Tiragalo eo e tla fela leng?”

Boikutlo jwa gago: O se ka wa leba batsadi ba gago jaaka baba ba gago. Ba lebe e le batho ba ba batlang go go thusa—ka gonne fa re bua boammaaruri, tota ke se ba se batlang. Fa o leba batsadi ba gago jaaka batho ba ba batlang go go thusa, ga se gantsi o tla batlang go iphemela mme ba tla dirisana le wena. Fa ba re nnyaa, ba botse ka maitseo gore ke ka ntlha yang fa ba rialo. Ka sekai, fa ba re nnyaa o ka se ka wa ya khonsateng, leka go bona lebaka la go bo ba tshwenyegile. A ba tshwenyegile ka motho yo o tla bong a opela? Lefelo la khonsata? batho ba o tla bong o na le bone? madi a o tla a duelang? Tila mafoko a a jaaka “Ga lo ntshepe,” “Mongwe le mongwe o a ya” kgotsa “Batsadi ba ditsala tsa me ba ba letlelela go ya!” Bontsha batsadi ba gago gore o godile sentle go ka amogela tshwetso e ba e dirileng le go e tlotla. Fa o dira jalo, ba tla go tlotla. Mme ka nako e nngwe, ba ka nna ba leka go bona ditsela tsa go re ee.

O ka bona ditlhogo tse di oketsegileng tsa “Basha ba Botsa Jaana” tse di tshwanang le tseno mo atereseng eno ya Internet www.watchtower.org/ype

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Leina le fetotswe.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 11]

“Batsadi ba me ba a ntshepa ka gonne ke na le rekoto e e siameng ya go itshwara sentle. Ga ke ba fitlhele sepe ka ditsala tsa me. Mme e bile ga ke tshabe go tsamaya kwa kokoanong nngwe fa ke sa rate se se diregang koo.”

[Setshwantsho]

Kimberly

[Lebokoso mo go tsebe 12]

KE ENG O SA BOTSE BATSADI BA GAGO?

A o batla go itse gore batsadi ba gago ba ikutlwa jang ka se go builweng ka sone mo setlhogong seno? Tsela e le nngwe ya go ka itse gore ba ikutlwa jang ke ka go ba botsa! Fa nako e tshwanela, simolola motlotlo o o malebana le dilo tse ba tshwenyegileng ka tsone ka go ijesa monate ga gago. Akanya ka potso e o ka ratang go ba botsa yone mme o e kwale fa tlase fano.

․․․․․

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Jaaka batho ba ba falotsang batho ba ba nwelang kwa lewatleng, batsadi ba gago ba mo seemong se se botoka sa gore ba kgone go go tlhagisa fa go na le kotsi